bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 4
Job 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 5 →
1
Foo ga fetola Elifase wa Motemane, a re:
2
“Fa motho a leka go bua nao, a o tlaa nna pelo e botlhoko? Mme e mang yo o ka ithibang mo go bueng?
3
Bona, o rutile batho ba le bantsi, o thatafaditse diatla tse di bokoa.
4
Mafoko a gago a emisitse yo o ne a kgokgweetsega, le mangole a a obegang o a nonotshitse.
5
Mme jaanong se tsile mo go wena, mme o a idibala; se a go ama, mme o a huduega.
6
A go boifa Modimo ga gago ga se gone boikanyo jwa gago, le bosenang molato jwa ditsela tsa gago, a ga se jone tsholofelo ya gago?
7
“Ke a go rapela, o tle o gakologelwe gore e mang yo o kileng a nyelela a se na molato? Kgotsa bathokgami ba kile ba kgaolwa kae?
8
Ka fa nna ke bonyeng ka teng, ke go re: ba ba lemang boikepo, ba jala bosenyi, ba tle ba robe jone fela.
9
Ba tle ba nyelediwe ke go hema ga Modimo, ba lailwe ke tsubutlo ya bogale jwa one.
10
Go duma ga tau, le kodu ya tau e e bogale, le meno a ditawana, go robegile.
11
Tau e kgolo e tle e bopame ka go tlhoka phologolo, le bana ba tau e namagadi ba phatlalale.
12
“Jaana ka sebediwa sengwe, ka longwa tsebe ka ga sone.
13
E rile mo megopolong e e tswang mo diponatshegelong tsa bosigo, motlhang boroko jo bogolo bo tshwereng batho,
14
poifo ya nkwela, le thoromo, e e neng ya roromisa marapo a me otlhe fela.
15
Foo sedimo sengwe sa feta fa pele ga sefatlhogo sa me, nama ya me ya tlhonya bobowa.
16
Sa ema, mme ke se ka ka lemoga ponalo ya sone; ga bo go le sebopego fa pele ga matlho a me, go tuuletse fela, mme ka utlwa lentswe le re:
17
‘A motho yo o swang o ka nna tshiamo bogolo go Modimo? A monna o ka itsheka bogolo go Modiri wa gagwe?
18
Bona, ga o ikanye batlhanka ba one; le baengele ba one o tle o ba neye molato wa boeleele.
19
Bogolo jang bone ba ba agileng mo matlong a seretse, a motheo wa one o leng mo loroleng, a phatlakanngwa jaaka serurubele.
20
Gare ga moso le maitsebowa ba tle ba senngwe, ba swele ruri, ba sa tlhokomelwe ke ope.
21
A megala ya megope ya bone ga e tlhomolwe mo teng ga bone? Ba swe, e bile e le mo go se nang botlhale.’
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42