bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 13
Job 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 14 →
1
“Bona, leitlho la me le bonye gotlhe fela mo, tsebe ya me e go utlwile, e go tlhalogantse.
2
Se lo se itseng, ke sone se le nna ke se itseng; ga ke kwa tlase ga lona.
3
Ruri ke rata ka bua le Mothatayotlhe, ke eletsa go ganetsanya le Modimo.
4
Lona lo balogi ba maaka lotlhe fela, lo dingaka tse di se nang tiro.
5
Lo a bo lo ka ka lwa didimala! Mme e ne e tlaa bo e le botlhale mo go lona.
6
Utlwang jaana kganetsanyo ya me, lo reetse kganelelo tsa dipounama tsa me.
7
A lo tlaa buelela Modimo ka fa go sa siamang, a lo tlaa buelela one ka tsietso?
8
A lo tlaa tlhokomela bomangmang jwa one? A lo tlaa ganelela Modimo?
9
A go ka nna molemo fa o lo keleka? Kgotsa jaaka motho a tle a tsietse motho, a lona lo tlaa tsietsa one jalo?
10
Ruri o ka tla wa lo omanya, fa lo tlhokomela bomangmang jwa batho ka bosaitsiweng.
11
A tlotlomalo ya one ga e ketla e lo boifisa, le poitsho ya one ga e ketla e lo wela?
12
Dipolelo tsa lona tse di itsegeng ke diane tsa melora; dikago tsa phemelo tsa lona ke diphemelo tsa seretse fela.
13
“Didimalang, lo nte ke bue, go ntlele se se ntlelang fela.
14
Nkoo ke tseelang nama ya me ka meno, ka itsenya botshelo jwa me mo seatleng sa me go reng?
15
Le fa o mpolaya, ke tlaa nna ke o lebelela fela; le fa go ntse jalo ke tlaa gantshetsa ditsela tsa me fa pele ga one.
16
Se le sone e tlaa nna poloko ya me; gonne motho yo o sa reng Modimo sepe ga a ketla a tla fa pele ga one.
17
Utlwang puo ya tlhoafalo, mme a go kakanya ga me go nne mo tsebeng tsa lona.
18
Bonang jaana, ke rulagantse mafoko a me a a sekwang; ke a itse fa ke tlaa siamisiwa.
19
Ene yo o tlaa ganelang le nna e mang? Gonne jaanong fa ke ka didimala fela ke tlaa swa.
20
Fa e se dilo di le pedi, o se ka wa di ntirela, foo ga nketla ke iphitlhela sefatlhogo sa gago.
21
Tlosetsa seatla sa gago kgakala le nna; a theregiso ya gago e se ka ya mpoifisa.
22
Foo o bitse, mme ke tlaa go araba; kgotsa o mme ke bue, mme o mphetole.
23
Maikepo a me le maleo a me a kae? Nkitsise tlolo ya me le boleo jwa me.
24
O subelang sefatlhogo sa gago, o ba o nkaya go re ke mmaba wa gago?
25
A o tlaa gabea lekakaba le le tsubutlwang, a o tlaa alola phufe ya soma?
26
Gonne o kwala dilo tse di galakang ka ga me, o njesa boswa jwa maikepo a bokau jwa me;
27
le maoto a me o a tsenya mo disaneng, o tlhokometse ditselana tsotlhe tsa me; o ithalela moralo mo tikologong ya dipato tsa dinao tsa me.
28
Le fa ke tshwana le selo se se bodileng se se felang, se se tshwanang le kobo e e jelweng ke motoutwane.”
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42