bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 29
Job 29
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 30 →
1
Mme Jobe a fela a tlhaba seane sa gagwe, a re:
2
“A bo ke ka bo ke ntse jaaka mo dikgweding tsa bogologolo, jaaka mo malatsing a Modimo o ntisitseng ka one;
3
ka lampa ya one wa mphatsimela mo tlhogong, mme ka tsamaya ka lesedi la one;
4
jaaka ke ne ke le mo nonofong ya malatsi a me, jaaka ka tsalano ya Modimo e le mo mogopeng wa me;
5
ka Mothatayotlhe a sa ntse a na le nna, le bana ba me ba le tikologong ya me;
6
ka dikgato tsa me di ne di tlhapisiwa ka madila a maši, mme lefika la nthelela dinoka tsa lookwane!
7
E ne e tle e re ke tswela kwa kgotleng kwa motseng, e re ke baakanya setulo sa me mo mmileng,
8
makau a ne a tle a re a mpona a iphitlhe, le banna bagolo ba nanoge ba eme ka dinao;
9
dikgosana di khutle go bua, di ipeye seatla mo molomong;
10
lentswe la bagolwane le tuulale, le loleme lwa bone lo ngaparele magalapa a bone.
11
Gonne e ne e tle e re tsebe e nkutlwa, foo e ntshegofatse; e re leitlho le mpona, le supe ga me;
12
gonne ke ne ke pholosa mohumanegi yo o goelelang, le lesiela le le se nang ope yo o le thusang.
13
Tshegofatso ya yo o batlileng go nyelela ya tla mo go nna; pelo ya mosadi wa motlholagadi ka e ipedisa ka boitumelo.
14
Ka apara tshiamo, mme ya nkapesa; tekatekanyo ya me e ne e ntse jaaka kobo le tlhoro ya bogosi.
15
Ke ne ke le matlho a difofu, ke le dinao tsa batlhotsi.
16
Ke ne ke le rra batlhoki; ka ba ka tlhotlhomisa mafoko a tsheko a yo ke sa mo itseng.
17
Ka roba ditlhaya tsa mosiamolodi, ka phamola thopo mo menong a gagwe.
18
Foo ka re ke tlaa swela mo setlhageng sa me, ke tlaa ntsifatsa malatsi a me a nna jaaka mošawa.
19
Modi wa me o anametse kwa metsing, monyo o lala o le mo kaleng ya me bosigo jotlhe.
20
Borena jwa me bo ntse boša mo go nna, bora jwa me bo šafetse mo seatleng sa me.
21
Batho ba ne ba tle ba ntshekegele tsebe, ba lebelele, ba didimalele kgakololo ya me.
22
E re morago ga mafoko a me ba se ke ba tlhole ba bua; mme puo ya me ya ba rothela.
23
Ba ne ba ntebelela jaaka go lebelelwa pula; ba atlhamolosa legano thata jaaka ekete go na pula ya kgogolammoko.
24
Fa ke ne ke ba tshega ba se ke ba go dumele; le go sa ga matlho a me ba se ke ba go tlhontshe.
25
Ka ba senkela tsela ya bone, mme ka nna tlhogo, ka ba ka aga jaaka kgosi mo ntweng, jaaka mongwe yo o gomotsang bahutsafadi.”
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 30 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42