bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 24
Job 24
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 25 →
1
“Ana ke go reng, ka dipaka di sa fitlhegela Mothatayotlhe, bone ba ba mo itseng ga ba boneleng metlha ya gagwe?
2
Go na le ba ba sutisang melelwane; ba gape matsomane ka thata, ba a hudise.
3
Ba gapele koo esela ya lesiela, ba tseye kgomo ya mosadi wa motlholagadi ba e ntshe peelo.
4
Ba fapose batlhoki mo tseleng; bahumanegi ba lefatshe ba iphitlhe mmogo.
5
Bonang, bone ba tswele kwa tirong ya bone jaaka diesela tsa naga, ba batlhe kotlo ka tlhoafalo; naga e ba ntshetse dijo tsa bana ba bone.
6
Ba ikgele morogo mo nageng; ba ronope tshimo ya mofine ya moikepi.
7
Ba lale fela ba sa ikatega, ba se na dikobo, ba bile ba se na seaparo mo serameng.
8
Ba kolobe ka marothodi a kwa dithabeng, ba tlamparele lefika ka go tlhoka boitshubelo.
9
Go na le ba ba phamolang lesiela mo letseleng, mme ba tseye peelo mo bahumaneging;
10
ba bo ba tle ba tsamaye ba sa ikatega ba se na diaparo, mme e re ka ba le tlala, ba rore dingata tsa mabele;
11
ba dire lookwane mo teng ga dithako tsa batho ba; ba gate dikgatisetso tsa bone tsa bojalwa jwa mofine, mme ba bolawe ke lenyora.
12
Batho ba dumadume ba le mo motseng o montsi, mowa wa ba ba ntshitsweng dintho o kgajajege; le fa go ntse jalo Modimo ga o go ba kaele go re ke boatla.
13
Ba ke ba bone ba ba tsuololelang lesedi; ga ba itse ditsela tsa lone, le gone ga ba nne mo ditselaneng tsa lone.
14
Mmolai wa batho o tsoga boo sa, a bolaye bahumanegi le batlhoki; bosigo a nne jaaka legodu.
15
Le leitlho la mogokafadi le tle le lebelele lotlatlana, a re: ‘Ga go leitlho lepe le le tlaa mponang;’ mme a ikgakise sefatlhogo.
16
E re go le lefifi ba phunye mantlo; mme motshegare ba itswalele; ga ba itse lesedi.
17
Gonne mo go bone botlhe moso o ntse jaaka moriti wa loso; gonne ba itse ditherego tsa moriti wa loso.”
18
“A fefogele koo mo godimo ga metsi; kabelo ya bone e hutsegile mo lefatsheng; ga a menoge ka tsela ya masimo a mafine.
19
Letsatsi le mogote di fedisa metsi a kapoko; Bobipo o direla jalo ba ba leofileng.
20
Sebopelo se tlaa mo lebala; seboko se tlaa mo ja botshe; ga a ketla a tlhola a gakologelwa; mme tshiamololo e tlaa rojwa jaaka setlhare.
21
O a tle a je a swetse moopa yo o sa tsaleng; ga a direle mosadi wa motlholagadi molemo.
22
Diganka le tsone a di gogele koo ka thata ya gagwe; a nanoge mme go bo go se na ope yo o itlhomamisetsang botshelo.
23
Modimo o ba neye go nna thagamong, mme ba ikaega gone. Mme matlho a one a mo ditseleng tsa bone.
24
Ba goletsegile, le fa go ntse jalo, e re kgantele ba bo ba bile ba ile; ee, ba kokobeditswe, ba tlositswe mo tseleng jaaka ba bangwe botlhe fela, mme ba kgaolwe jaaka dintlha tsa diako tsa mabele.
25
Fa go sa nna jalo jaanong, e mang yo o tlaa ntlhomamisang go re ke moaki, mme a dire puo ya me go re e nne e seng sepe?”
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42