bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 38
Job 38
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 37
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 39 →
1
Foo Jehofa a le mo sefefong a fetola Jobe, a re:
2
“E mang yo o fifatsang kgakololo ka mafoko a a se nang kitso?
3
A ko o ikokwaele lotheka jaaka monna; gonne ke tlaa go botsa, mme o nkakanyetse.
4
E rile ke thaya metheo ya lefatshe, wa bo o le fa kae? Kakanya, fa o na le tlhaloganyo.
5
E mang yo o tlhomileng dilekanyo tsa lone, fa o itse? E mang yo o ne a le namalaletsa thapo?
6
Metheo ya lone e nitamisitswe mo go eng? Kgotsa: Yo o beileng lentswe la kgokgotsho la lone e mang?
7
Jale ka dinaledi tsa moso di opela mmogo le bomorwa Modimo botlhe ba thela lošalaba lwa boitumelo?
8
“Kgotsa e mang yo o tswaletseng lewatle ka ditswalo, jale ka le thoba, jaaka ekete le tswa mo sebopelong;
9
jale ka ke dira leru seaparo sa lone, le lefifi le lentsho go nna letsela la phapo mo go lone.
10
Ka le beela molelwane wa me, ka ba ka tlhoma mephakalego le ditswalo.
11
Ka le raya, ka re: ‘O ka fitlha fa, mme o se ka wa go feta; dintelo tsa gago tse di mabela di tlaa kganelelwa fa?’
12
“A e sa le ka malatsi a gago a simologa a o kile wa laola moso, wa itsise mahube felo ga one;
13
gore a ye go tshwara dikhutlo tsa lefatshe, le gore baikepi ba udubadiwe mo go lone?
14
Le tle le fetoge jaaka mmopa fa tlase ga sekano; mme dilo tsotlhe di kwetoge jaaka mo seaparong.
15
Mo baikeping lesedi la tsone le tle le kganelwe, letsogo le le tsholetsegileng le rojwe.
16
“A o kile wa tsena kwa metsweding ya lewatle, kgotsa a o kile wa tsamaya mo dikunyaneng tsa boteng?
17
A o kile wa senolelwa dikgoro tsa loso, kgotsa a o kile wa bona dikgoro tsa moriti wa loso?
18
A o tlhalogantse boatlhamo jwa lefatshe? Kakanya fa o go itse gotlhe.
19
“Tsela e kae e e yang kwa boagong jwa lesedi, mme ka ga lefifi felo ga lone ke kae?
20
Gore o tle o le ise kwa borakanelong jwa lone, mme o lemoge ditselana tse di yang kwa ntlong ya lone.
21
Le gale, o tlaa bo o itse, gonne go jale o ne o tsetswe, palo ya malatsi a gago e kgolo!
22
“A o kile wa tsena mo mabolokelong a kapoko, kgotsa a o kile wa bona mabolokelo a sefako,
23
tse ke di boloketseng motlha wa phuduego le letsatsi la dira le ntwa?
24
Lesedi le kgaoganngwa ka tsela efe, le phefo ya botlhabatsatsi e iphalatsa mo lefatsheng ka efe tsela?
25
“E mang yo o fatoletseng morwalela wa metsi tsela, kgotsa a fatola tsela ya logadima lwa maru;
26
go nesa pula mo lefatsheng le go se nang motho mo go lone; mo nageng e go se nang motho mo go yone;
27
go kgorisa mmu wa tshwafalo le wa kgakgabalo; le go tlhogisa loreme gone?
28
“A pula e na le rra yone, kgotsa mang yo o tsetseng dithothi tsa monyo?
29
Dikgapetla tsa metsi di tswa sebopelong sa ga mang le kgogotshwane ya legodimo e mang yo o e tsetseng?
30
“Metsi a tle a bipiwe jaaka ekete ka letlapa, mme mo godimo ga boteng go gatsele.
31
“A o ka bofa lesetlha la Selemela, kgotsa o ka funolola dithapo tsa dinaledi tse go tweng Dikolobe.
32
A o ka gogela ntle masomo a naledi tsa Masarotha mo metlheng ya tsone, kgotsa a o ka tsamaisa naledi tsa Kgogabosigo le popelelo ya yone?
33
A o itse melao ya magodimo? A o ka tlhoma puso ya yone mo lefatsheng?
34
A o ka tsholeletsa lentswe la gago kwa marung, gore letlotlo la metsi le go khurumetse?
35
A o ka roma dikgadima gore di tsamaye, mme tsa go raya tsa re: ‘Re fano’?
36
E mang yo o tsentseng botlhale mo matennyeng, kgotsa e mang yo o neileng pelo tlhaloganyo?
37
E mang yo o ka balang maru ka botlhale, kgotsa mang yo o ka tshololang dinkgwana tsa legodimo,
38
fa lorole lo golokega le makote a ngaparelana?
39
A o tlaa tsomela tau e namagadi phologolo, kgotsa wa kgorisa ditawana,
40
fa di namaletse mo dikutleng tsa tsone, di ntse mo setswatsweng di laletse?
41
E mang yo o baakanyetsang mohukubu dijo tsa one, ka mamphorwana a one a lelela Modimo, a kgarakgatshega fela ka go tlhoka dijo?
← Chapter 37
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 39 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42