bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 7
Job 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 8 →
1
“A ga se go re motho o na le lobaka lwa tirelo mo lefatsheng? A malatsi a gagwe ga a tshwane le malatsi a yo o thapilweng ka tuelo?
2
Jaaka motlhanka yo o eletsang thata go bona moriti go feta, le jaaka mothapiwa yo o lebeletseng tuelo ya gagwe;
3
jalo le nna ke ruisiwa dikgwedi tsa boithamako, ke laoletswe masigo a a tlhobaedisang.
4
E tle e re ke itelega, ke a tle ke re: ‘Ke tlaa tsoga leng?’ Mme bosigo bo nne boleele; ke tlale diphethekgano go tsamaye bosigo bo se.
5
Nama ya me e apesitswe diboko le lorole lo lo makote; letlalo la me le tle le kopane mme le itse go phanyega seša.
6
Malatsi a me a bofefo bogolo go selogi sa monyedi, a feta fela a se na tsholofelo.
7
“A ko o gakologelwe go re botshelo jwa me ke phefo fela, leitlho la me ga le ketla le tlhola le bona molemo.
8
Leitlho la yo o mponang ga le ketla le tlhola le nteba; matlho a gago a tlaa nna mo go nna, mme ke tlaa bo ke seyo.
9
Jaka leru le tle le nyelele, mme le kaologele koo, go ntse jalo, le ene yo o fologelang mo Bobipong ga a ketla a tlhola a tlhatloga.
10
Ga a ketla a tlhola a boela kwa ntlong ya gagwe, le gone felo ga gagwe ga go ketla go tlhola go mo itse.
11
“Ke gone ga nketla ke kganela molomo wa me; ke tlaa bua mo tlalelong e e mahehe ya mowa wa me; ke tlaa itoka mo botlhokong jwa botshelo jwa me.
12
A ke lewatle, kgotsa leruarua la lewatle, fa e bo ne ne o mpeela tebelo jaana?
13
Ya re fa ke re: ‘Bolao jwa me bo tlaa nkgomotsa, sesekamelo sa me se tlaa fefofatsa boitoko jwa me;’
14
foo o tle o ntshose ka ditoro, mme o ntheregise ka diponatshegelo.
15
Jalo mowa wa me o bo o tle o rate go betwa, o eteletse loso, bogolo go marapo a, a me.
16
Botshelo jwa me bo mpherosa sebete; ga ke rate ka tshelela ruri; ntesa, gonne malatsi a me ke boithamako fela.
17
Motho e a bo e le eng, fa e bo ne ne o mo godisa, o ba o tlhoma pelo ya gago mo go ene,
18
o mo tlhola ka meso yotlhe, o mo leka ka nako nngwe le nngwe?
19
Ana o tlaa gana ka lobaka lo lokae go faposa matlho mo go nna, le go ntesa ke tle ke metse mathe a me.
20
Fa ke leofile, ke go direlang, wena molebedi wa batho? Ana o ipeela sekonopiwa ka nna ka ntlha yang? Ke ba ke tla ke imelwa ke sebele sa me nna ka nosi.
21
Ga o itshwareleleng tlolo ya me, wa tlosa boikepo jwa me? Gonne ke tloga ke itelega mo loroleng; o tlaa mpatla ka tlhoafalo, mme ke tla bo ke seyo.”
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42