bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 42
Job 42
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
1
Foo Jobe a fetola Jehofa, a re:
2
“Ke a itse fa o ka dira dilo tsotlhe, le go re, ga go na boikaelelo bope jwa gago jo bo ka kganelwang.
3
‘E mang yo o subang kgakololo a se na kitso?’ Ke gone ka moo ke buileng se ke se kang ka se tlhaloganya, dilo tse e leng kgakgamatso e kgolo mo go nna, tse ke ne ke sa di itse.
4
‘Ke a go rapela, a ko o utlwe, mme ke tlaa bua; ke tlaa go botsa, mme o mpolelele.’
5
Ke ne ke utlwile ka ga gago ka kutlo ya tsebe; jaanong matlho a me a a go bona.
6
Ke gone ka moo ke ipherogelang sebete, ke a ikwatlhaya ke le mo loroleng le molora.”
7
Mme ga nna fela jaana, e rile Jehofa a sena go bua mafoko ao le Jobe, Jehofa a raya Elifase wa Motemane, a re: “Botšarara jwa me bo go tuketse, le ditsala tsa gago tse pedi, gonne ga lo a bua se se siameng ka ga me, jaaka Jobe motlhanka wa me a buile.
8
Ke gone jaana, tsayang dikgomo di supa, le diphelefu di supa, lo ye kwa go Jobe motlhanka wa me, lo ikisetse tshupelo e e fisiwang; mme Jobe motlhanka wa me o tlaa lo rapelela, gonne ene ke tlaa mo amogela gore ke se ka ka lo direla jaaka boeleele jwa lona; gonne ga lo a bua sone se se siameng ka ge me, jaaka Jobe motlhanka wa me a buile.”
9
Jalo Elifase wa Motemane, le Biletate wa Mošuha le Sofare wa Monaamathe, ba ya, ba dira ka fa Jehofa a ba laoletseng ka gone; mme Jehofa a amogela Jobe.
10
E rile Jobe a rapelela ditsala tsa gagwe, Jehofa a busa botshwaro jwa gagwe; Jehofa a ba okeletsa Jobe ka sebedi bogolo go tse o kileng a bo a na natso gale.
11
Foo ga tla kwa go ene bomorwa rraagwe botlhe, le bokgaitsadie botlhe, le botlhe ba o ne a itsanye nabo gale, ba ja dijo nae mo ntlong ya gagwe; ba mo tla matshediso, ba mo gomotsa ka ga bosula jotlhe jo Jehofa o ne a bo lerile mo go ene; le gone mongwe le mongwe a mo naya ledi, le mongwe le mongwe lenyena la gouta.
12
Jalo Morena a segofatsa Jobe go ya kwa bokhutlong jwa gagwe bogolo go tshimologo ya gagwe; a nna le dinku di le 14 000, dikamela di le 6 000, dikgomo tsa bojokwe ba le 1 000, le diesela tse dinamagadi di le 1 000.
13
O ne a bile a na le bana ba basimane ba supa le ba basetsana ba le bararo.
14
Mosetsana wa ntlha a mo raya leina a re, Jemima; leina la wa bobedi Kesia; leina la wa boraro Kerene-hapuke.
15
Mo lefatsheng lotlhe go ne go se na basadi bape ba bantle jaaka bomorwadia Jobe; rraabo a ba naya boswa mo go bokgaitsadia bone.
16
Morago ga moo Jobe a tshela ka dinyaga di le 140, mme a bona bomorwawe le bomorwa bomorwawe, e bong dikokomana di le nne.
17
Jalo Jobe a swa, a tsofetse a le malatsi a a tletseng.
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42