bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 16
Job 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 17 →
1
Foo Jobe a fetola a re:
2
“Ke utlwile dilo di le dintsi tse di ntseng jalo; lo bagomotsi ba lo lapisang lotlhe fela.
3
A mafoko a boithamako a ka dirana le bokhutlo? Kgotsa ke eng se se go gakatsang fa e bo ne ne o fetola jaana?
4
Le nna ke ne ke ka bua jaaka lona; fa mowa wa lona o ka bo o le mo boemong jwa mowa wa me, ke ne ke ka lo gololela mafoko a a lo nyatsang, ke lo thukhuthela tlhogo.
5
Mme nna, ke ne ke tlaa lo nonotsha ka molomo wa me, le kgomotso ya dipounama tsa me e ne e tlaa kokobetsa bohutsana jwa lona.
6
Le fa ke bua, bohutsana jwa me ga bo a kokobela; le fa ke ithiba ke a bo ke imologile eng?
7
Mme jaanong o ntapisitse, o swafaditse lesomo la me lotlhe fela.
8
O nkudupantse, e le tshupo e e nnyatsang; borole jwa me bo a ntsogologela, bo ntsha tshupo fa pele ga sefatlhogo sa me.
9
O nkgagotse mo bogaleng jwa one, o mpogisitse; o ntšhenetse meno; moganetsi wa me o šadikanya matlho a gagwe ka nna.
10
Ba nkatlhamoloseditse melomo; ba ntiteile lesama ka kgobo, ba nkgobokanetse go tlhabana le nna.
11
Modimo o ntsenya mo seatleng sa ba ba sa reng Modimo sepe, o ntatlhela mo diatleng tsa baikepi.
12
Ke ne ke le mo boiketlong, mme wa nthobaganya ka bogare, ee, o ntshwere ka thamo a nthubaganya; o bile o ntlhomile, gore ke nne sekonopiwa sa one.
13
Bahudi ba one ba ntikanyeditse, o fatola diphilo tsa me, a sa rekegele; o tshololela santlhokwe wa me fa fatshe.
14
O mphatlakanya ka go nthubaka, o ntshotlhomelela jaaka seganka.
15
Ke rokeletse letlalo la me letsela la kgetse, ke beile lonaka lwa me mo loroleng.
16
Sefatlhogo sa me se kganatheditswe ke go lela, moriti wa loso o mo dintshing tsa matlho a me;
17
le fa go se na thubakanyo mo diatleng tsa me, le morapelo wa me o le boitsheko.
18
“Lefatshe wee, o se ka wa bipa madi a me, a kgajajego ya me e se bone felo ga boikhutso.
19
Le jaana, bona, mosupi wa me o kwa legodimong, le yo o nkemelang o kwa godimong.
20
Ditsala tsa me di a ntshotla, leitlho la me le thelela Modimo dikeledi;
21
gore o tle o emele tshiamo ya motho mo Modimong, le ya morwa motho mo go wa ga gabo!
22
Gonne e tlaa re dinyaganyana di sena go feta, ke be ke ya tseleng e ke se ketlang ke bowa mo go yone.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42