bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 5
Job 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 6 →
1
“A ko o bitse jaana; a go na le mongwe yo o tlaa go arabang? O tlaa retologela kwa go ofe wa baitshepi?
2
Gonne tshwenyego e tle e bolaye motho yoo bonyana, le lefufa le bolaye seeleele.
3
Ke bonye ba ba dieleele ba mela metswe, ka hutsa boago jwa gagwe ka tshoganetso.
4
Bana ba gagwe ba kgakala le polokego, ba tle ba pitlwe mo kgorong, le gone go se na ope yo o ba gololang.
5
Ba ba bolawang ke tlala ba je thobo ya bone, ba ba ba e ntshe le mo teng ga mitlwa; e bile seru se atlhametse thoto tsa bone.
6
Gonne patiko ga e tswe mo loroleng le khuduego ga e tlhoge mo mmung;
7
motho o tsaletswe khuduego jaaka ditlhase tsa molelo di tle di thunyetse kwa godimo.
8
Mme ka ga me, ke rata go batlela kwa Modimong; ke rata go neela Modimo mafoko a me a tsheko;
9
o o dirang dilo tse dikgolo le tse di se nang bokankabetso, dilo tse di gakgamatsang, tse di se nang palo.
10
O o nesang pula mo lefatsheng, o tlise metsi mo nageng,
11
jalo o beye kwa godimo bone ba ba kwa tlase; ba ba hutsafalang ba golelediwe mo polokegong.
12
O tle o tsupuetse ditogamaano tsa maferefere, jalo diatla tsa bone di retelelwe ke go dirafatsa maikaelelo a bone.
13
O tle o tshware matlhale mo boferefereng jwa bone; le kgakololo ya ba ba lesoko e goromelediwe koo.
14
Ba tle ba kgatlhane le lefifi go le motshegare, ba apaape go le motshegare jaaka mo bosigong.
15
O tle o golole mo tšhakeng ya molomo wa bone, e bong motlhoki mo seatleng sa mothati.
16
Jalo mohumanegi a nne le tsholofelo, boikepo bo ithibe molomo.
17
Bona, go sego motho yo Modimo o mo omanyang; ke gone o se ka wa nyatsa kwatlhao ya Mothatayotlhe.
18
Gonne o a tle a tlhokofatse, mme a itse go fapa; a ntshe ntho, mme diatla tsa gagwe di fodise.
19
O tlaa go golola mo dikhuduegong di le thataro; ee, mo go di supa, ga go bosula bope jo bo tlaa go amang.
20
E tlaa re mo mosweleng a go golole mo losung; le mo ntweng a go golole mo thateng ya tšhaka.
21
O tlaa subelwa go betsa ga loleme; le gone ga o ketla o boifa tshenyego mogang e tlang.
22
O tlaa tshega tshenyego le borole; le gone ga o ketla o boifa dibatana tsa lefatshe.
23
Gonne o tlaa bo o na le kgolagano le maje a naga; le dibatana tsa naga di tlaa nna kagiso nao.
24
O tlaa itse fa mogope wa gago o le mo kagisong; o tlaa ya go tlhola lesaka la gago, mme ga o ketla o tlhoka sepe.
25
O tlaa ba o itse fa losika lwa gago lo tlaa nna logolo, le go re lotsalo lwa gago lo tlaa nna jaaka bojang jwa lefatshe.
26
O tlaa fitlha mo phupung ya gago o le botsofe jo bo tletseng jaaka mokoa wa mabele o tle o fitlhe ka o e leng motlha wa one.
27
Bona se, re se kheleisitse, mme se ntse jalo; o se utlwe, o bo o se itse, gore se nne molemo mo go wena.”
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42