bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 10
1 Samuel 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 11 →
1
Foo Samuele a tsaya kurwana ya lookwane, a lo tshela mo tlhgong ya ga Saule, a mo atla, a mo raya a re: “A ga se go re, Jehfa o go tloditse, gore o nne kgosana ya boswa jwa gagwe?
2
E tlaa re o sena go tswa mo go nna gompieno o fitlhele banna ba le babedi fa phupung ya ga Ragele, mo molelwaneng wa Benjamine kwa Selesa; ba tlaa go raya ba re: ‘Diesela tse o ne o ile go di batla di bonywe, mme rraago o lesitse go tlhokomela diesela, o gopotse wena, a re: Ana ke tlaa dirang ka ga morwaake?’
3
O tlaa tswelela pele o tswa foo, o fitlhe mo mookeng wa Tabore, o tlaa kopana le banna ba le bararo gone ba ba yang Modimong kwa Bethele, mongwe a rwele dipotsane di le tharo, yo mongwe a rwele dinkgwe di le tharo, yo mongwe a rwele mofalo wa bojalwa jwa mofine.
4
Ba tlaa go dumedisa, ba go naya dinkgwe di le pedi; tsone o di amogele mo seatleng sa bone.
5
Morago ga moo o tlaa fitlha mo thoteng ya Modimo, kwa go ntseng setlhopha sa masole a Bafilisitia gone; go tlaa dirala gore, e tlaa re o sena go fitlha koo kwa motseng, o kopane le lesomo la baperofeti le fologa kwa felong fa go tlotlometseng ba na le seletare, le moropana, le lotlhaka, le harepa fa pele ga bone; ba tlaa bo ba duduetsa ka difela.
6
Mowa wa ga Jehofa o tlaa tla ka thata mo go wena, mme o tlaa duduetsa nabo, mme o tlaa fetolwa o nna motho o sele.
7
A go dirale go re, e re fa ditshupo tse di tsile mo go wena, o dire ka fa o tlaa bonang lobaka ka gone; gonne Modimo o na nao.
8
O nketelele pele o fologele kwa Gilegale; mme ke tlaa fologela kwa go wena, ke ya go isa ditshupelo tse di fisiwang, le go tlhaba ditlhabelo tsa ditshupelo tsa kagiso. O tlaa tlhola malatsi a supa go tsamaye ke tle koo go wena ke go supetse se o tlaa se dirang.”
9
Ga nna fela jalo, ka ya re a sena go hularela Samuele, Modimo wa mo naya pelo e sele; le gone ditshupo tseo tsotlhe fela tsa dirafala ka tsatsi leo.
10
E rile ba fitlha koo kwa thoteng, lesomo la baperofeti la kopana nae; mme mowa wa tla ka thata mo go ene, mme a duduetsa mo go bone.
11
Ga dirala e rile botlhe ba ba mo itseleng gale ba bona moo, ba mmona fa a duduetsa le baperofeti, foo batho ba raana ba re: “Seo se, se se tletseng morwa Kiše ke eng? A Saule le ene o mo baperofeting?”
12
Mongwe wa felo foo a fetola a re: “Rraabo e be e le mang?” Ke gone ka moo go tlogileng ga tlhajwa seane sa go re: “A Saule le ene o mo baperofeting?”
13
E rile a sena go khutla go duduetsa, a tla felong fa go tlotlometseng.
14
Rangwanaagwe Saule a raya ene le motlhanka wa gagwe a re: “Lo ne lo ile kae?” A re: “Re ne re ile go batla diesela; mme e rile re bona fa di sa bonale ra ya kwa go Samuele.”
15
Rangwanaagwe Saule a re: “A ko o mpolelele se Samuele o se buileng le lona.”
16
Saule a raya rangwanaagwe a re: “A re tlhaloganyetsa sentle fa diesela di bonywe.” Mme ka ga mafoko a bogosi a Samuele o ne a a buile, ga a ka a mmolelela.
17
Samuele a biletsa batho mmogo kwa go Jehofa kwa Misepa;
18
a raya bana ba Iseraele a re: “Go bua jaana Jehofa, Modimo wa Iseraele a re: ‘Ke ntshitse Iseraele mo Egepeto, ka lo golola mo seatleng sa Baegepeto, le mo seatleng sa magosi otlhe a a ne a lo patika.’
19
Mme gompieno lo ganne Modimo wa lona, o o lo gololang ka osi mo ditshenyegelong tsotlhe tsa lona, le mo dipitlaganong tsa lona; lo o reile lwa re: ‘Nnyaa, re tlhomele kgosi.’ Mme jaana, ikemiseng fa pele ga Jehofa ka fa ditsong tsa lona, le ka fa masomosomong a lona.”
20
Jalo Samuele a atametsa ditso tsotlhe, mme lotso lwa Benjamine lwa tlhaolwa.
21
A atametsa lotso lwa Benjamine ka ditshika tsa lona, ga tlhaolwa losika lwa Bamateri; ga tlhaolwa Saule morwa Kiše; mme e rile ba mo senka, o ne a sa ka ke a bonwa.
22
Ke gone ba fela ba botsa Jehofa gape ba re: “A monna yo o setsa a tsile?” Jehfa a ba fetola a re: “Bonang, o iphitlhile mo dithotong.”
23
Ba siana ba ya go mo ntsha gone; e rile a ema mo gare ga batho, a bo a feta batho botlhe ka boleele go tswa maruding go ya kwa godimo.
24
Samuele a raya batho botlhe a re: “A lo a bona ene yo Jehofa o mo itshenketseng, fa go se na ope yo o tshwanang nae mo bathong botlhe ba?” Batho botlhe ba thela lošalaba ba re: “A kgosi e tshele!”
25
Foo Samuele a bolelela batho mokgwa wa bogosi, a ba a go kwala mo lokwalong, a lo baya mo polokong fa pele ga Jehofa. Mme Samuele a naya batho botlhe tsela, mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe.
26
Saule le ene a ya kwa ga gagwe kwa Gibea; mme ga ya nae lesomo la banna ba ba pelokgale, ba Modimo o amileng dipelo tsa bone.
27
Mme banna bangwe ba ba diramatla ba re: “Monna yo, o tlaa re boloka jang?” Ba mo nyatsa, ba se ka ba mo leretse mpho epe. Mme ene a didimala fela.
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31