bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 22
1 Samuel 22
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 23 →
1
Ka ntlha ya moo Dafite a tloga gone a falolela kwa logageng lwa Adulame; mme e rile bomogolowe le botlhe ba ntlo ya ga rraagwe ba utlwa mo, ba fologela kwa go ene gone.
2
Mongwe le mongwe yo o mo pitlaganong, le mongwe le mongwe yo go batlwang molato mo go ene, le mongwe le mongwe yo o ngongoregang, ba phuthegela kwa go ene; a nna molaodi wa bone; ga nna nae batho e ka ne e le makgolo a le mane.
3
Dafite a tswa gone a ya Misepa wa Moabe; mme a raya kgosi ya Moabe a re: “Ke a go rapela, o mme rre le mme ba huduge, ba tle go nna le lona go tle go tsamaye ke itse se Modimo o tlaa se ntirelang.”
4
A ba lere fa pele ga kgosi ya Moabe; ba aga nae ka lobaka lotlhe lo Dafite o ne a nna mo kagong ya phemelo ka lone.
5
Gate moperofeti a a raya Dafite a re: “O se ka wa nna mo kagong ya phemelo; tloga o ye lefatsheng la Juta.” Foo Dafite a tloga a tla mo sekgweng sa Herethe.
6
Saule a utlwa fa Dafite a bonywe, le banna ba o nang nabo; Saule a bo a dutse mo Gibea, fa tlase ga setlhare sa motamariseka mo Rama, a tshotse lerumo la gagwe, le batlhanka botlhe ba gagwe ba bo ba emeeme tikologong ya gagwe.
7
Saule a raya batlhanka ba gagwe ba ba emeemeng tikologong ya gagwe a re: “Utlwang jaana lona Babenjamine; a morwa Jese o tlaa naya mongwe le mongwe wa lona matlhagare le masimo a mafine, a o tlaa lo dira lotlhe balaodi ba makgolo a masome, le balaodi ba makgolo?
8
Ka e le fa lotlhe lo nkgolaganetse, go se na ope yo o ntshebetsang fa morwaake a dira kgolagano le morwa Jese, go bile go se na ope wa lona yo o ntlhomogelang pelo, le fa e le go ntshebetsa fa morwaake a ntlhotlheleditse motlhanka wa me, gore a tle a ntalele jaaka gompieno?”
9
Foo ga fetola Doege wa Moetome, yo o emeng fa batlhankeng ba ga Saule a re: “Ke bonye morwa Jese a tla kwa Nobe mo go Ahimeleke morwa Ahitube.
10
Mme a mmoletsa mo go Jehofa, a mo naya dijo, a ba a mo naya tšhaka ya ga Goliathe wa Mofilisitia.”
11
Foo kgosi ya roma ya ya go bitsa Ahimeleke moperesiti, morwa Ahitube, le botlhe ba ntlo ya ga rraagwe, baperesiti ba ba mo Nobe; mme ba tla botlhe kwa kgosing.
12
Saule a re: “Utlwa jaana, wena morwa Ahitube.” A fetola, a re: “Ke fano morena wa me.”
13
Saule a mo raya a re: “Ana lo nkgolaganetse ka ntlha yang, wena le morwa Jese, ka o mo neile senkgwe, le tšhaka, wa ba wa mmoletsa mo Modimong, gore a tle a tlhabane le nna, a ntalele, jaaka gompieno?”
14
Foo Ahimeleke a fetola kgosi a re: “E mang mo batlhankeng ba gago botlhe yo o boikanngo jaaka Dafite, yo e leng mogwe wa kgosi, a na le go gakololana nao, a bile a le tlotlego mo ntlong ya gago?
15
A ke gore ke simolotse gompieno fela go mmoletsa mo Modimong? A go nne kgakala le nna; a kgosi e se kae motlhanka wa gagwe molato ope, le fa e le botlhe ba ntlo ya ga rre; gonne motlhanka wa gago ga a itse sepe sa dilo tsotlhe tse, bonnye, le fa e le bogolo.”
16
Kgosi ya re: “Ruri o tlaa swa, wena Ahimeleke le botlhe ba ntlo ya ga rraago.”
17
Kgosi ya raya basimane ba yone ba ba emeng tikologong ya yone ya re: “Menogang lo bolaye baperesiti ba ga Jehofa; gonne seatla sa bone le sone se na le Dafite, le ka gonne ba ne ba itse fa a ne a tshaba, mme ba se ka ba ntshebetsa.” Mme batlhanka ba kgosi ba gana go ntsha letsogo la bone go wela baperesiti ba ga Jehofa.
18
Kgosi ya raya Doege ya re: “A go menoge wena, o wele baperesiti.” Mme Doege wa Moetome a menoga, a wela baperesiti, mme a bolaya ka tsatsi leo ba le 85, ba ba apereng sekutlana sa leloba.
19
Nobe motse wa baperesiti, a o kgemetha ka bogale jwa tšhaka, banna le basadi, bana le ba ba anyang, le dikgomo le diesela le dinku, ka bogale jwa tšhaka.
20
Mongwe wa bomorwa Ahimeleke morwa Ahitube, yo leina la gagwe e ne e le Abiathare, a falola, a tshaba a latela Dafite.
21
Abiathare a bolelela Dafite fa Saule a bolaile baperesiti ba ga Jehofa.
22
Dafite a raya Abiathare a re: “Ke itsile ka tsatsi leo, ka Doege wa Moetome a le gone, fa ruri a tlaa bolelela Saule; ke nna ke bolaileng batho botlhe ba ntlo ya ga rraago.
23
Nnela ruri le nna, o se ka wa boifa, gonne yo o senkang go mpolaya o senka go bolaya wena; gonne o tlaa nna mo polokegong fa o ntse le nna.”
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 23 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31