bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 4
1 Samuel 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 5 →
1
Lefoko la ga Samuele la tla mo go Baiseraele botlhe. Jaana Baiseraele ba bololela Bafilisitia go tlhabana nabo, ba thibelela go bapa le Ebenesere; Bafilisitia ba thibelela mo Afeke.
2
Bafilisitia ba ikaba go tlhabana le Baiseraele; e rile ba tshwaragana, Iseraele a kgemethwa fa pele ga Bafilisitia, mme ba ba bolaela mo nageng, e ka ne e le banna ba le 4 000 ba ntwa.
3
E rile batho ba tla mo bothibelelong, bagolwane ba Iseraele ba re: “Ana Jehofa o re kgemethetseng gompieno fa pele ga Bafilisitia? A re yeng go itseela letlole la kgolagano ya ga Jehofa kwa Shilo gore le tle mo go rona, le re golole mo seatleng sa baba ba rona.”
4
Jalo ga rongwa batho kwa Shilo, ba ya ba tsaya gone letlole la kgolagano ya ga Jehofa wa masomosomo, yo o dutseng mo godimo ga ditšheruba; mme bomorwa Eli boo babedi, Hofeni le Finease ba bo ba le gone, ba na le letlole la kgolagano ya Modimo.
5
E rile letlole la kgolagano ya ga Jehofa le tla mo bothibelelong, Baiseraele botlhe ba thela lošalaba lo logolo, lefatshe la ba la tla la tutuma.
6
Ya re Bafilisitia ba utlwa modumo wa lošalaba ba re: “Ana modumo wa lošalaba lo logolo lo, mo bothibelelong jwa Bahebere ke goreng?” Mme ba tlhaloganya fa letlole la ga Jehofa le tsile mo bothibelelong.
7
Bafilisitia ba boifa, gonne ba re: “Modimo o tsile mo bothibelelong.” Ba re: “Jo we! Re latlhegile; gonne gale ga go ise go ko go nne sepe se se ntseng jalo.
8
Jo we! Re latlhegile; e mang yo o tlaa re gololang mo seatleng sa medimo e e thatathata e? Medimo e ke yone e e itaakileng Baegepeto ka dipetso tsotlhetsotlhe fela mo nageng.
9
Nonofang, lo dire jaaka banna, lona Bafilisitia, gore lo tle lo se ka lwa nna batlhanka ba Bahebere, jaaka bone ba ntse ba le batlhanka ba lona; lo dire jaaka banna, lo tlhabaneng.”
10
Bafilisitia ba tlhabana, mme Iseraele a kgemethwa, mongwe le mongwe a tshabela kwa mogopeng wa gagwe; ga nna polao e kgolo; gonne ga wa Baiseraele ba le 30 000, e le ba dinao.
11
Le letlole la Modimo la gapiwa; le bomorwa Eli ba babedi, Hofeni le Finease, ba bolawa.
12
Ga taboga monna mongwe wa Benjamine a tswa mo ntweng, a tla mo Shilo ka tsatsi leo, diaparo tsa gagwe di gagogile, a le mmu mo tlhogong.
13
E rile a tla, bonang, Eli a bo a dutse mo setulong sa gagwe fa tseleng a lebeletse, gonne pelo ya gagwe e kotlomanetse letlole la Modimo. Monna yo, o rile a tsena mo motseng, a bolela, motse otlhe wa goeleletsa godimo.
14
Eli a re a utlwa modumo wa mogoo a re: “Modumo wa pheretlho e ke go reng?” Monna yo a akofa a tla a bolelela Eli.
15
Jaana Eli a bo a le botsofe jwa dinyaga di le 98, matlho a gagwe a bo a tlhomame fela a sa bone.
16
Monna yo a raya Eli a re: “Ke nna yo ke tswang ntweng, ke tshabile gompieno kwa ntweng.” Mme a re: “Go ile ga nna jang, morwaaka?”
17
Ene yo o lerileng mafoko a mo fetola a re: “Iseraele o tshabile fa pele ga Bafilisitia, e bile gape ga nna polao e kgolo mo bathong, le bone bomorwao boo babedi, Hofeni le Finease, ba sule, letlole la Modimo le lone le gapilwe.”
18
Ga dirala ya re a umaka letlole la Modimo, a wa mo setulong sa gagwe, a wela kwa morago fa mojakong, mme thamo ya gagwe ya komoga, mme a swa, ka gobo a le monnamogolo, a bile a le bokete. O ne a atlhotse Iseraele ka dinyaga di le 40.
19
Ngwetsi wa gagwe, mosadi wa ga Finease, o ne a le moimana, a le gaufi le go belega, ya re a utlwa mafoko a go re, letlole la Modimo le gapilwe, le gore, matsalaagwe le monna wa gagwe ba sule, a khubama, a belega; gonne o ne a le mo ditlhabing tsa pelegi.
20
Ya bo e le fa a tloga a swa, basadi ba ba emeng fa go ene ba mo raya ba re: “O se ka wa boifa; gonne o belege ngwana wa mosimane.” Mme ga a ka a araba, le gone ga a ka a tlhokomela.
21
A raya ngwana leina a re, Ikabote; a re: “Kgalalelo e tlogetse Iseraele;” gonne letlole la Modimo le ne le gapilwe, le ka ntlha ya matsalaagwe le monna wa gagwe.
22
A re: “Kgalalelo e tlogile mo go Iseraele; ka letlole la Modimo le gapilwe.”
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31