bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 31
1 Samuel 31
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
1
Bafilisitia ba tlhabana le Baiseraele; mme banna ba Iseraele ba tshaba fa pele ga Bafilisitia, ba wa mo thabeng ya Gileboa ba bolailwe.
2
Bafilisitia ba konatelela Saule thata le bomorwawe; mme Bafilisitia ba bolaya Jonathane, le Abinatabe, le Melekišue, bomorwa Saule.
3
Tlhabano ya pitlaganya Saule thata, bahudi ka mara ba mo atamela; mme a tlhabakwa thata ke bahudi ka mara.
4
Foo Saule a raya motshola dibolao tsa gagwe a re: “Somola tšhaka ya gago, o mphololetse ka yone; batho ba ba sa rupang ba, ba ka tla ba mphololetsa, mme ba ntshotla.” Mme motshola dibolao tsa gagwe a gana; gonne o ne a boifa thata. Ke gone Saule a tshwara tšhaka ya gagwe, a wela mo go yone.
5
E rile motshola dibolao tsa gagwe a bona fa Saule a sule, le ene a wela mo tšhakeng ya gagwe, a swa nae.
6
Jalo Saule a swa le bomorwawe ba bararo, le motshola dibolao tsa gagwe, le banna botlhe ba gagwe mmogo, ka tsatsi leo fela.
7
Banna ba Iseraele ba ba kwa moseja ga molapo le ba ba kwa moseja ga Joretane, ba rile ba bona fa banna ba Iseraele ba tshaba, le go re Saule le bomorwawe ba sule, ba tlogela metse ya bone, ba tshaba; mme Bafilisitia ba tla go aga mo go yone.
8
Ga dirala ka moso, e rile Bafilisitia ba tla go apola ba ba bolailweng, ba fitlhela Saule le bomorwawe ba bararo ba ole mo thabeng ya Gileboa.
9
Ba mo kgaola tlhogo, ba mo apola dibolao, ba roma mo lefatsheng la Bafilisitia mo tikologong, ba isa mafoko kwa ntlong ya medimo ya bone ya disetwa, le mo bathong.
10
Ba tsenya dibolao tsa gagwe mo ntlong ya boAšetarothe; ba kokothela mmele wa gagwe mo lorakong lwa Bethešane.
11
Mme e rile banni ba Jabeše-gileate ba utlwa ka ga gagwe se Bafilisitia ba se diretseng Saule,
12
banna ba ba pelokgale botlhe ba nanoga, ba lala ba tsamaya bosigo jotlhe, ba ya ba tlosa mmele wa ga Saule le mebele ya bomorwawe mo lorakong lwa Bethešane; ba tla mo Jabeše, ba e fisa gone.
13
Ba tsaya marapo a bone, ba a fitlha fa tlase ga setlhare sa motamariseka mo Jabeše, mme ba ikitsa go ja ka malatsi a supa.
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
Recommended Reading
Commentary
1 Samuel Commentaries
→
Devotional
1 Samuel Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→