bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 29
1 Samuel 29
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 30 →
1
Jaana Bafilisitia ba phuthela dintwa tsotlhe tsa bone kwa Afeke; Baiseraele ba thibelela fa motsweding o o mo Jesereele.
2
Barena ba Bafilisitia ba feta ka ba makgolo, le ka ba makgolo a masome; Dafite le banna ba gagwe ba feta ba le mo tshimegeng ba na le Akiše.
3
Foo dikgosana tsa Bafilisitia tsa re: “Ana Bahebere ba, ba dirang fano?” Akiše a raya dikgosana tsa Bafilisitia a re: “A yo ga se Dafite, motlhanka wa ga Saule kgosi ya Iseraele, yo ke ntseng ke na nae malatsi a, kgotsa dinyaga tse, mme e sa le jaaka a thobela kwa go nna le gompieno, ga ke ise ke bone molato ope mo go ene.”
4
Mme dikgosana tsa Bafilisitia tsa nna bogale thata nae; dikgosana tsa Bafilisitia tsa mo raya tsa re: “Busa monna yo, gore a boele kwa felong ga gagwe, kwa o mo laoletseng gone, a se ka a ya le rona tlhabanong, e ka tla ya re mo tlhabanong a nna mmaba wa rona; gonne seapu se se tlaa itetlanya le morena wa sone ka eng? A ga e tlaa bo e le ka ditlhogo tsa batho ba?
5
A yo ga se Dafite yo ba ne ba opelelana ka ga gagwe mo dipineng ba re: “ ‘Saule o bolaile ba makgolo a masome ba gagwe, Dafite o bolaile ba makgolo a makgolo ba gagwe’?”
6
Foo Akiše a bitsa Dafite, a mo raya a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, o ntse o le tshiamo, go tswa ga gago le go tsena ga gago le nna mo ntweng go molemo mo matlhong a me; gonne e sa le ka o tla mo go nna nako ke eno, ga ke ise ke bone bosula mo go wena; le fa go ntse jalo barena ga ba go lebe sentle.
7
Ke gone jaana boa o tsamaye ka kagiso, gore o se itumolole barena ba Bafilisitia.”
8
Dafite a raya Akiše a re: “Ke dirileng? O bonye eng mo motlhankeng wa gago ka lobaka lotlhe lo ke ntseng fa pele ga gago ka lone, nako e sa le eno, fa e tlaa bo ne ne fano ke sa ye go tlhabana le baba ba kgosi morena wa me?”
9
Akiše a fetola a raya Dafite a re: “Ke a itse fa o le molemo mo matlhong a me, o ntse jaaka moengele mongwe wa Modimo; le fa go ntse jalo dikgosana tsa Bafilisitia di rile: ‘Ga a ye le rona tlhabanong.’
10
Ke gone o tle o tsoge ka maphakela le batlhanka ba morena wa gago ba o tsileng nabo; mme e tlaa re lo sena go tsoga ka maphakela, bosa bo sele, lo tsamaye.”
11
Jalo Dafite a tsoga ka maphakela, ene le banna ba gagwe, go tla ba tsamaya mo mosong, go boela kwa lefatsheng la Bafilisitia. Bafilisitia ba tlhatlogela kwa Jesereele.
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 30 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31