bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 21
1 Samuel 21
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 22 →
1
Foo Dafite a ya kwa Nobe go Ahimeleke moperesiti; Ahimeleke a ya go kgatlhantsha Dafite a roroma, a mo raya, a re: “Ana ke ka ntlha yang o le wesi, go se na motho ope nao?”
2
Dafite a raya Ahimeleke moperesiti a re: “Kgosi e ntaoletse tiro nngwe, e ntheile ya re: ‘Go se ka ga itse motlho ope ka ga tiro e ke e go romang, le se ke se go laoletseng;’ mme makau ke a kaeletse kwa bolebe.
3
Jaana ka re, go na le eng koo go wena? Nnaya dinkgwe di le tlhano, le fa e le sengwe fela se se gone.”
4
Moperesiti a fetola Dafite a re: “Ga go na se e leng senkgwe fela mo go nna, go na le senkgwe se se itshepileng; ke raya fa makau ruri a ithibile mo basading.”
5
Dafite a fetola moperesiti, a mo raya a re: “Ruri basadi ba sa le ba kgaoganngwa le rona e ka ne e le ka malatsi a le mararo; e rile ke bolola dilo tsa makau tsa bo di itshepile, le fa e ka bo e ne e le loeto fela; bogolo jang gompieno dilo tsa bone di tlaa bo di le boitshepo.”
6
Jalo moperesiti a mo naya senkgwe se se itshepileng; gonne go ne go se na sengwe fa e se senkgwe sa tshupo, se se tlosiwang fa pele ga Jehofa, go tlaa ba baya senkgwe se se molelo ka letsatsi le seo se tlosiwang ka lone.
7
Monna mongwe wa batlhanka ba ga Saule a bo a le gone ka tsatsi leo, a diilwe fa pele ga Jehofa; leina la gagwe e ne e le Doege, wa Moetome, mogolo wa banna ba ga Saule ba ba disang.
8
Dafite a raya Ahimeleke a re: “Mo go wena a ga go na lerumo le fa e le tšhaka? Gonne nna ga ke a tla le tšhaka ya me le fa e le dibolao tsa me, gonne tiro ya kgosi e ne e lopa potlako.”
9
Moperesiti a re: “Tšhaka ya ga Goliathe Mofilisitia, yo o ne wa mmolaya mo molapong wa Ela, bona, e mono e fapilwe ka letsela fa morago ga sekhutlana; fa o rata go tsaya yone o ka e tsaya; gonne ga go na epe e sele fano fa e se yone.” Dafite a re: “Ga go na epe e e tshwanang le yone; e nneye.”
10
Dafite a nanoga a tshaba ka tsatsi leo ka go boifa Saule, a ya kwa go Akiše kgosi ya Gathe.
11
Batlhanka ba ga Akiše ba mo raya ba re: “A yo ga se Dafite kgosi ya lefatshe? A ga ba a dudueletsana ka ga gagwe mo dipineng tsa bone ba re: ‘Saule o bolaile ba makgolo a masome ba gagwe, mme Dafite o bolaile ba makgolo a makgolo ba gagwe?’ ”
12
Dafite a boloka mafoko ao mo pelong ya gagwe, mme a boifa Akiše kgosi ya Gathe thata.
13
A iphetola mokgwa fa pele ga bone, a ipaya botsenwa a le mo diatleng tsa bone, a kwalakwala mo ditswalong tsa mojako, a lepeletsa mathe mo ditedung tsa gagwe.
14
Foo Akiše a raya batlhanka ba gagwe a re: “Lo a bona fa monna yo a tsenwa; ka re lo mo lerile kwa go nna go reng?
15
A ke tlhoka ditsenwa fa e tlaa bo ne ne fano lo lerile seapu se go tla go dira botsenwa fa pele ga me? A seapu se se tlaa tsena mo ntlong ya me?”
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 22 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31