bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 23
1 Samuel 23
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 24 →
1
Ba bolelela Dafite ba re: “Bona, Bafilisitia ba tlhasela Keila, mme ba thopa dibopi tsa pholelo.”
2
Ke gone ka moo Dafite a botsa mo go Jehofa a re: “A ke ke ye go kgemetha Bafilisitia bao?” Jehofa a raya Dafite a re: “Ya o kgemethe Bafilisitia, o golole Keila.”
3
Banna ba Dafite o ne a nna nabo ba mo raya ba re: “Bona, re a boifa re le mono Juta; bogolo jang fa re ka ya kwa Keila ra ya go tlhabana le dintwa tsa Bafilisitia.”
4
Foo Dafite a fela a botsa mo go Jehofa gape. Jehofa a mo fetola a re: “Nanoga o fologele kwa Keila; gonne ke tlaa tsenya Bafilisitia mo seatleng sa gago.”
5
Dafite le banna ba gagwe ba ya kwa Keila, ba tlhabana le Bafilisitia, ba gapa dikgomo tsa bone ba tsamaya natso, ba ba bolaya ka polao e kgolo. Mme Dafite a golola banni ba Keila.
6
Ga dirala, e rile Abiathare morwa Ahimeleke a tshabela kwa go Dafite kwa Keila, a bo a tla a tshotse sekutlana sa leloba.
7
Ga bolelelwa Saule fa Dafite a tsile mo Keila. Saule a ithaya, a re: “Modimo o mo tsentse mo seatleng sa me; gonne o tswaletswe, ka a tsenye mo motseng o o nang le ditswalo le mephakalego.”
8
Saule a biletsa batho botlhe ntweng go tla ba fologela kwa Keila ba ya go tlhasela Dafite le batho ba gagwe.
9
Dafite o ne a itse fa Saule a mo logela maano a go mo senya; mme a raya Abiathare moperesiti a re: “Lere kwano sekutlana.”
10
Foo Dafite a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele, motlhanka wa gago o utlwile ka mmaanete fa Saule a senka go tla kwano Keila, a tla go senya motse ka ntlha ya me.
11
A batho ba Keila ba tlaa ntsenya mo atleng sa gagwe? A Saule o tlaa tla, jaaka motlhanka wa gago a utlwile? Jehofa Modimo wa Iseraele, ke a go rapela, bolelela motlhanka wa gago.” Jehofa a re: “O tlaa tla.”
12
Foo Dafite a re: “A batho ba Keila ba tlaa ntsenya le batho ba me mo seatleng sa ga Saule?” Jehofa a re: “Ba tlaa lo tsenya.”
13
Foo Dafite le banna ba gagwe, e ka ne e le makgolo a le marataro, ba nanoga ba tloga mo Keila, ba nna ba ya fela kwa ba ka yang gone. Ga bolelelwa Saule fa Dafite a falotse mo Keila; mme a se ka a bolola.
14
Dafite a nna mo nageng mo mafelong a a thata, a sala mo lefatsheng la makgabana mo nageng ya Sife. Saule a mmatla ka malatsi otlhe, mme Modimo wa se ka wa mo tsenya mo seatleng sa gagwe.
15
Dafite a bona fa Saule a tsile go mmolaya. Dafite a bo a le mo nageng ya Sife mo sekgweng.
16
Jonathane morwa Saule, a nanoga, a ya kwa go Dafite mo sekgweng, a thatafatsa seatla sa gagwe mo Modimong.
17
A mo raya a re: “O se ka wa boifa; gonne seatla sa ga rre Saule ga se ketla se go tshwara; o tlaa nna kgosi ya Iseraele, mme ke tlaa bo ke rulaganye nao; mo, rre Saule o a go itse.”
18
Ka bobedi jwa bone ba dira kgolagano fa pele ga Jehofa; Dafite a nna mo sekgweng, mme Jonathane ene a ya kwa ntlong ya gagwe.
19
Foo ga tla Basife kwa go Saule kwa Gibea ba re: “A Dafite ga a a iphitlha kwa go rona mo mafelong a a thata mo sekgweng, mo thabeng ya Hakila, ntlheng ya borwa ya naga?
20
Ke gone jaana, a kgosi e tle ka fa keletsong yotlhe ya mowa wa gago ya go tla, mme tiro ya rona e tlaa nna go mo tsenya mo seatleng sa kgosi.”
21
Saule a re: “Lo segofadiwe ke Jehofa; gone lo nkutlwetse botlhoko.
22
Ke a lo rapela, yang lo tlhotlhomise thatathata, lo itse, lo bo lo bone felo ga gagwe kwa o tlhomameng gone, le yo o mmonyeng gone; gonne ke boleletswe fa a dira ka bonokopela thata.
23
Ka re, lo bone lo itse mafelo otlhe a gagwe kwa o iphitlhang gone, mme lo tle gape kwa go nna lo tlhotlhomisitse, mme ke tlaa ya le lona; go tlaa dirala fa a le mo lefatsheng ke mo senke fela mo gare ga ba makgolokgolo botlhe ba Juta.”
24
Ba nanoga ba ya kwa Sife fa pele ga Saule. Dafite le banna ba gagwe ba bo ba le mo nageng ya Maone, mo Araba, go pota naga ntlheng ya borwa.
25
Saule le banna ba gagwe ba ya go mo senka. Mme batho ba bolelela Dafite; ke gone ka moo a fologela kwa letlapeng, a nna mo nageng ya Maone. E rile Saule a utlwa, a tsoma Dafite mo nageng ya Maone.
26
Saule a pota thaba kwano, Dafite le banna ba gagwe ba pota thaba ka ntlha e nngwe; Dafite a itlhaganela go tsamaya ka ntlha ya go boifa Saule; gonne Saule le banna ba gagwe ba ne ba dika Dafite le banna ba gagwe go tla ba ba tshwara.
27
Ga tla morongwa mongwe kwa go Saule a re: “Itlhaganele o tle; gonne Bafilisitia ba tlhasetse lefatshe.”
28
Jalo Saule a boa kwa go tsomeng Dafite, a thologela Bafilisitia, ke gone ka moo ba reileng felo foo leina ba re, Sela-hamalekothe.
29
Dafite a tlhatloga gone a nna mo mafelong a a thata a Enegedi.
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 24 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31