bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 8
1 Samuel 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 9 →
1
Ga dirala, e rile Samuele a tsofetse, a baya bomorwawe baatlhodi ba Iseraele.
2
Leina la motsalwapele wa gagwe e ne e le Joele, leina la wa bobedi Abia; ba bo ba le baatlhodi mo Beerešeba.
3
Mme bomorwawe ga ba a ka ba sepela mo ditseleng tsa gagwe, ba fapogela papading, ba amogela dituelelo tsa phaposo, ba sokamisa katlholo.
4
Foo bagolwane botlhe ba Iseraele ba phuthega, ba tla kwa go Samuele kwa Rama.
5
Ba mo raya ba re: “Bona, o tsofetse, bomorwao ga ba sepele mo ditseleng tsa gago; jaana ra re: Re direle kgosi, gore e re atlhole jaaka merafe yotlhe.”
6
Mme lefoko leo la hutsafatsa Samuele, ka ba re: “Re neye kgosi go re atlhola.” Mme Samuele a rapela Jehofa.
7
Jehofa a raya Samuele a re: “Reetsa lentswe la batho mo go tsotlhe tse ba di buang nao; gonne ga ba a gana wena, ba ganne nna, gore ke se ka ka nna kgosi ya bone.
8
Fela ka fa ditirong tsotlhe tse ba ntseng ba di dira, e sa le ka tsatsi le ke ba ntshitseng mo Egepeto ka lone nako ke eno, jaaka ba ntatlhile, ba direla medimo e sele, le wena ba go direla jalo.
9
Ke gone, reetsa lentswe la bone; le fa go ntse jalo o tlaa bua nabo ka go ganela ka mo go masisi, o ba kaela mokgwa wa kgosi e e tlaa ba busang, ka fa o tlaa nnang ka gone.”
10
Samuele a bolelela batho botlhe ba ba mo lopileng kgosi, mafoko otlhe a ga Jehofa.
11
A re: “Mokgwa wa kgosi e e tlaa lo busang o tlaa nna jaana, e tlaa tsaya bomorwaa lona, e ba itaolela, e ba neela dikara tsa yone, le go nna bapalama dipitse ba yone; ba tlaa siana fa pele ga dikara tsa yone.
12
E tlaa ba itaolela e ba dira balaodi ba sekete, le balaodi ba 50; bangwe ba tlaa e lemela masotla, ba tlaa e robela mabele, ba tlaa e thulela dibolao tsa ntwa, le dibolao tsa dikara tsa yone tsa tlhabano.
13
E tlaa tsaya bomorwadia lona go nna badira dinkgisa monate, le go nna baapei, le babesi ba dijo.
14
E tlaa tsaya matlhagare a lona, le masimo a lona a mafine, le masimo a lona a matlhware, e bong one a a molemo bogolo, e a neye batlhanka ba yone.
15
E tlaa kgaoganya peo ya lona e tsaya sa bosome, le sa masimo a mafine, e se naya maotlana a yone le batlhanka ba yone.
16
E tlaa tsaya batlhanka ba lona, le malata a lona, le makau a lona a mantlentle, le diesela tsa lona, e di tsenya mo tirong ya yone.
17
E tlaa tsaya sa bosome sa matsomane a lona; mme lo tlaa nna batlhanka ba yone.
18
Lo tlaa lela mo tsatsing leo ka ntlha ya kgosi ya lona e lo tlaa bong lo e itshenketse; mme Jehofa ga a ketla a lo araba mo tsatsing leo.”
19
Mme batho ba gana go reetsa lentswe la ga Samuele, ba re: “Nnyaa, re rata ra nna le kgosi;
20
gore le rona re tshwane le merafe yotlhe, le gore kgosi ya rona e re atlhole, e tswe e re etelele pele e re tlhabanele dintwa tsa rona.”
21
Samuele a utlwa mafoko otlhe a batho, mme a a kakanya mo ditsebeng tsa ga Jehofa.
22
Jehofa a raya Samuele a re: “Reetsa lentswe la bone, o ba direle kgosi.” Samuele a raya banna ba Iseraele a re: “A monna mongwe le mongwe wa lona a ye motseng wa ga gabo.”
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31