bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 18
1 Samuel 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 19 →
1
Ga dirala, e rile a sena go khutla go bua le Saule, mowa wa ga Jonathane wa logakana le mowa wa ga Dafite, Jonathane a mo rata jaaka a ithata.
2
Saule a mo tsaya ka tsatsi leo, mme a se ka a tlhola a mo leseletsa go ya ga gabo kwa ntlong ya ga rraagwe.
3
Foo Jonathane le Dafite ba dira kgolagano ka a mo rata jaaka a ithata.
4
Jonathane a ikapola kobo e e mo go ene, a e naya Dafite, le diaparo tsa gagwe, le e leng yone tšhaka ya gagwe, le bora jwa gagwe, le moitlamo wa gagwe.
5
Dafite a nna a ya gongwe le gongwe kwa Saule o mo romang gone, a dira ka tlhaloganyo; Saule a mo laodisa banna ba ntwa, mme ga nna molemo mo matlhong a batho botlhe, le mo matlhong a batlhanka ba ga Saule.
6
Ya re ba tla, ka Dafite a boa kwa go bolayeng Mofilisitia, basadi ba tswa mo metseng yotlhe ya Iseraele, ba duduetsa, ba bina, ka boitumelo ba tla go kgatlhantsha kgosi Saule ka meropana le ka diletso.
7
Basadi ya re ba letsa ba fetolana ka dipina ba re: “Saule o bolaile ba makgolo a masome ba gagwe, mme Dafite o bolaile ba makgolo a makgolo ba gagwe.”
8
Saule a nna bogale thata, polelo eo ya mo itumolola; mme a re: “Ba neile Dafite ba makgolo a makgolo, nna ba nnaya ba makgolo a masome fela; mme o ka ba a bonang gape fa e se bogosi fela?”
9
Saule a dilola Dafite ka matlho go simolola ka tsatsi leo go ya kwa pele.
10
Ga dirala ya re ka moso, mowa mongwe o o busula o o tswang Modimong wa tla ka thata mo go Saule, a phokelela mo teng ga ntlo; Dafite a letsa ka letsogo jaaka a tle a dire ka malatsi otlhe, Saule a bo a tshotse lerumo la gagwe.
11
Saule a mo konopa ka lerumo; gonne a re: “Dafite ke tlaa mo phololeletsa fela fa lomoteng.” Dafite a tila a tswa fa pele ga gagwe gabedi.
12
Saule a boifa Dafite, ka Jehofa a ne a nna nae, mme mo go Saule Jehofa a tlogile.
13
Ka ntlha ya gone moo Saule a mo tlosa fa go ene, a mo dira kgosana ya gagwe, a laola ba makgolo a some; a nna a tswa a tsena fa pele ga batho.
14
Dafite a dira ka tlhaloganyo mo ditseleng tsa gagwe tsotlhe fela; Jehofa a nna nae.
15
E rile Saule a bona fa a dira ka tlhaloganyo e kgolo fela, a mmoifa a tlhabegile.
16
Botlhe ba Iseraele le Juta ba bo ba rata Dafite; gonne a nna a tswa a tsena fa pele ga bone.
17
Saule a raya Dafite a re: “Bona, morwadiake yo mogolo Merabe, ke tlaa mo go naya go nna mosadi wa gago; o nne pelokgale fela ntlheng ya me go tlhabana ditlhabano tsa ga Jehofa.” Gonne Saule a ithaya, a re: “A seatla sa me ke se ka ka se baya mo go ene, mme a seatla sa Bafilisitia se nne mo go ene.”
18
Dafite a raya Saule, a re: “Ke mang, le botshelo jwa me ke eng, kgotsa losika lwa ga rre mo Iseraele, fa e ka bo ne ne fano ke ka nna mogwe wa kgosi?”
19
Mme e rile ka lobaka lo Merabe morwadia Saule o ka bong a neilwe Dafite ka lone, a newa Ateriele wa Momehola go nna mosadi.
20
Mikale morwadia Saule a bo a rata Dafite; mme ba bolelela Saule, mme selo seo sa mo kgatlha.
21
Saule a re: “Ke tlaa mo mo naya, gore a tle a nne serai mo go ene, le gore, seatla sa Bafilisitia se tlhabane nae.” Ke gone ka moo Saule a raya Dafite a re: “Gompieno o tlaa nna mogwe wa me lwa bobedi.”
22
Saule a laola batlhanka ba gagwe a re: “Sebetsang Dafite lo re: ‘Bona, kgosi e kgatlhega mo go wena le batlhanka ba gagwe botlhe ba a go rata; mme ra re o nne mogwe wa kgosi.’ ”
23
Batlhanka ba ga Saule ba sebela Dafite mafoko a. Dafite a re: “Mo matlhong a lona a ke sengwe se se motlhofo go nna mogwe wa kgosi, ka ke le motho wa sehumanegi, mme ke kaiwa selo fela?”
24
Batlhanka ba ga Saule ba mmolelela ba re: “Dafite o ne a bua ka go re, ka go re.”
25
Saule a re: “Lo reye Dafite jaana lo re: ‘Kgosi ga e batle bogadi fa e se nama ya ditlhong ya Bafilisitia ba le lekgolo fela, go tla a itefetsa mo babeng ba kgosi.’ ” Saule a bo a gopotse go bolaya Dafite ka diatla tsa Bafilisitia.
26
E rile batlhanka ba gagwe ba bolelela Dafite mafoko ao, ga kgatlha Dafite thata go nna mogwe wa kgosi. Mme malatsi a bo a ise a fele,
27
Dafite a tloga a tsamaya, ene le banna ba gagwe, mme ba bolaya Bafilisitia e le banna ba le 200; Dafite a lere nama ya bone ya ditlhong, ba di naya kgosi ka palo e e tletseng, gore a tle a nne mogwe wa kgosi. Saule a mo naya Mikale morwadie go nna mosadi wa gagwe.
28
Saule a bona a ba a itse fa Jehofa a nna le Dafite; Mikale morwadia Saule a mo rata.
29
Saule a fela a boifa Dafite bogolo; Saule a nna mmaba wa ga Dafita ka metlha yotlhe.
30
Foo dikgosana tsa Bafilisitia tsa bolola; mme gongwe le gongwe fa di bolola, Dafita a dire ka tlhaloganyo bogolo go batlhanka botlhe ba ga Saule; leina la gagwe la ba la tla la tlotlwa thata.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
Recommended Reading
Commentary
1 Samuel Commentaries
→
Devotional
1 Samuel Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→