bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 3
1 Samuel 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 4 →
1
Ngwana Samuele a direla Jehofa fa pele ga Eli. Lefoko la ga Jehofa la bo le tlhokega thata mo metlheng eo; go ne go se na ponatshegelo e e senogileng.
2
Ga dirala ka lobaka loo e rile Eli a robetse mo bonnong jwa gagwe, (jaanong matlho a gagwe one a setse a simologile go nna lotobo, a ba a sa ka ke a bona),
3
Le lobone lwa Modimo lo ise lo time, Samuele ene a le fa fatshe a robetse, mo tempeleng ya ga Jehofa, kwa letlole la Modimo le neng le le gone;
4
ga re, Jehofa a bitsa Samuele, mme a re: “Ke fano.”
5
A tabogela kwa go Eli, a re: “Ke fano; gonne o mpiditse.” Mme a re: “Ga ke a go bitsa; robala gape.” Mme a ya a robala.
6
Jehofa a ba a bitsa gape a re: “Samuele.” Samuele a tsoga, a ya kwa go Eli, a re: “Ke fano; gonne o mpiditse.” Mme a mo fetola a re: “Ga ke a go bitsa morwaaka, baa o robale.”
7
Jaana Samuele o ne a ise a itse Jehofa, le gone lefoko la ga Jehofa le ne le ise le mo senolelwe.
8
Jehofa a bitsa Samuele gape lwa boraro. Mme a tsoga a ya kwa go Eli a re: “Ke fano; gonne o mpiditse.” Eli a lemoga fa Jehofa a biditse ngwana.
9
Ke gone Eli a raya Samuele a re: “Ya o robale; e re fa a go bitsa o re: ‘Bua, Jehofa; gonne motlhanka wa gago o a utlwa.’ ” Jalo Samuele a ya a robala mo bonnong jwa gagwe.
10
Jehofa a tla a ema a bitsa jaaka ka metlha e mengwe a re: “Samuele, Samuele.” Foo Samuele a re: “Bua; gonne motlhanka wa gago o a utlwa.”
11
Jehofa a raya Samuele a re: “Bona, ke tlaa dira sengwe mo Iseraele, se ditsebe tsoo pedi tsa mongwe le mongwe yo o utlwang di tlaa sumang ka sone.
12
Ke tlaa re mo tsatsing leo ke direle Eli gotlhe mo ke go buileng ka ga ntlo ya gagwe, go tswa kwa tshimologong go ya fela kwa bokhutlong.
13
Gonne ke mmoleletse fa ke tlaa sekisa ntlo ya gagwe ka bosakhutleng ka ga boikepo jo o bo itsileng, gonne bomorwawe ba iteretse phutso, mme ene a se ka a ba kganela.
14
Ke gone ka moo ke ikanetseng ntlo ya ga Eli ka re: Boikepo jwa ntlo ya ga Eli ga bo ketla bo tlhapisiwa ka setlhabelo le fa e le ka tshupelo ka bosakhutleng.”
15
Samuele a robala, jwa ba jwa sa; a bula ntlo ya ga Jehofa. Mme Samuele a boifa go kakanyetsa Eli ponatshegelo.
16
Foo Eli a bitsa Samuele a re: “Samuele, morwaaka.” Mme a re: “Ke fano.”
17
A re: “Ke eng se Jehofa o se buileng nao? Ke a go rapela, o se ka wa se ntobela; a Modimo o go direle jalo, o bo o fetise, fa o ka ntobela sengwe sa dilo tsotlhe tse o di buileng nao.”
18
Samuele a mmolelela gotlhe fela, a se ka a mo lobela sepe. Mme Eli a re: “Ke Jehofa; a a dire se o se bonang se le molemo.”
19
Samuele a gola, Jehofa a nna nae, a se ka a leseletsa mafoko ape a gagwe go wela fa fatshe.
20
Baiseraele botlhe, go tswa go Dane, go ya fela kwa Beerešeba ba itse fa Samuele a tlhomilwe go nna moperofeti wa ga Jehofa.
21
Mme Jehofa a bonala gape mo Shilo; gonne Jehofa o ne a tle a itshenolele Samuele mo Shilo ka lefoko la ga Jehofa.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31