bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 19
1 Samuel 19
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 20 →
1
Saule a raya Jonathane morwawe le batlhanka ba gagwe botlhe a re, ba bolaye Dafite.
2
Jonathane morwa Saule o ne a natefelwa thata ke Dafite. Mme Jonathane a bolelela Dafite a re: “Saule rre, o batla go go bolaya; ke gone, ke a go rapela, o itise ka moso, o nne felo gongwe fa go sa itsiweng, mme o iphitlhe.
3
Ke tlaa tswa ke ema fa go rre mo nageng e o mo go yone, ke tlaa seba le rre ka ga gago; fa ke lemoga sengwe ke tlaa se go bolelela.”
4
Jonathane a bolela molemo ka ga Dafite mo go Saule rraagwe, a mo raya a re: “A kgosi e se leofele motlhanka wa yone, e bong Dafite; gonne ga a a go leofela, le ka ntlha ya gonne ditiro tsa gagwe di ntse di le molemo thata mo go wena.
5
Gonne o ne a baya botshelo jwa gagwe mo seatleng sa gagwe, a bolaya Mofilisitia, mme Jehofa a direla Baiseraele botlhe phenyo e kgolo; o ne wa go bona, wa itumela; mme ka re o tlaa bo o leofelang madi a a se nang molato, fa o bolaya Dafite ka bomo fela?”
6
Saule a reetsa lentswe la ga Jonathane; Saule a ba a ikana a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, ga a ketla a bolawa.”
7
Jonathane a bitsa Dafite, mme Jonathane a mo supetsa dilo tse tsotlhe. Jonathane a isa Dafite kwa go Saule, mme a nna fa pele ga gagwe jaaka gale.
8
Ga nna ntwa gape; Dafite a bolola, a tlhabana le Bafilisitia, a ba bolaya ka polao e kgolo; ba tshaba fa pele ga gagwe.
9
Mowa mongwe o o bosula o o tswang mo go Jehofa o ne o le mo go Saule, a dutse mo ntlong ya gagwe a tshotse lerumo la gagwe, Dafite a bo a letsa ka seatla sa gagwe.
10
Saule a leka go phololeletsa Dafite fa lomoteng ka lerumo; mme a tila a tswa fa pele ga Saule, a tlhaba lomota ka lerumo; Dafite ene a tshaba, a falola 'sigo joo.
11
Saule a roma batho kwa ntlong ya ga Dafite gore ba mo lalele, ba mmolaye mo mosong; mme Mikale mosadi wa ga Dafite a mmolelela a re: “Fa o sa iphedise 'sigo jono, ka moso o tlaa bolawa.”
12
Jalo Mikale a folosa Dafite ka fa fensetereng; a tsamaya, a tshaba, a falola.
13
Mikale a tsaya moreo a o baya mo bolaong, a ba a baya mosamo wa bobowa jwa dipodi fa tlhogong ya one, a o khurumetsa ka dikobo.
14
E rile Saule a roma batho ba tla go tshwara Dafite, mosadi a re: “O a bobola.”
15
Saule a roma batho ba ya go bona Dafite, a re: “Mo lereng kwano go nna a le mo bolaong, gore ke mmolaye.”
16
Ya re barongwa ba tsena, bonang, moreo wa bo o le mo bolaong, o na le mosamo wa bobowa jwa dipodi fa tlhogong ya one.
17
Saule a raya Mikale a re: “Ana o ntsieleditseng jaana, wa lesa mmaba wa me, mme o falotse?” Mikale a fetola Saule a re: “O ntheile a re: ‘Ntesa ke tsamaye; nka bo ke go bolaelang?’ ”
18
Jaana Dafite a tshaba, a falola, a tla kwa go Samuele kwa Rama, a mmolelela tsotlhe tse Saule o di mo diretseng. Ene le Samuele ba ya ba aga mo Naiothe.
19
Ga bolelelwa Saule ga twe: “Bona, Dafite o mo Naiothe kwa Rama.”
20
Saule a roma batho ba ya go tshwara Dafite; e rile ba bona lesomo la baperofeti ba duduetsa, le Samuele a eme e le tlhogo ya bone, mowa wa Modimo wa tla mo barongweng ba ga Saule, le bone ba duduetsa.
21
Ya re go bolelelwa Saule, a roma batho ba bangwe, mme le bone ba duduetsa. Saule a fela a roma batho lwa boraro, le bone ba duduetsa.
22
Foo le ene a ya kwa Rama a fitlha fa sedibeng se segolo se se mo Seku; a botsa a re: “BoSamuele le Dafite ba kae?” Mongwe a re: “Bona, ba kwa Naiothe kwa Rama.”
23
A ya gone kwa Naiothe kwa Rama; mme mowa wa Modimo wa tla le mo go ene, a tswelela pele a ntse a duduetsa, ga tsamaya a fitlha mo Naiothe kwa Rama.
24
Le gone a apola diaparo, le gone a duduetsa fa pele ga Samuele, a namalala fa fatshe a sa ikatega ka tsatsi leo lotlhe le bosigo joo jotlhe. Ke gone ka moo ba tla ba re: “A Saule le ene o mo baperofeting?”
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31