bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 12
1 Samuel 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 13 →
1
Samuele a raya Baiserale botlhe a re: “Bonang, ke reeditse lentswe la lona mo go tsotlhe tse lo di buileng le nna, mme ke lo diretse kgosi.
2
Jaana, bonang, kgosi e fa pele go lona; nna ke tsofetse, ke thuntse; bomorwaake ba na le lona; nna ke ntse ka sepela fa pele ga lona, go tswa bokaung jwa me nako e sa le eno.
3
Ke nna yono; supang ka ga me fa pele ga Jehofa le fa pele ga Motlodiwa wa gagwe; ke gapetse mang kgomo? Kgotsa ke gapetse mang esela? Kgotsa ke tsieditse mang? Kgotsa ke patikile mang? Kgotsa ke tshotse mo go mang tuelo ya gore ke iphoufatse ka yone? Mme ke tlaa e busetsa kwa go lona.”
4
Ba re: “Ga o a re tsietsa le fa e le go re patika, le gone ga o a tsaya sepe mo seatleng sa ope.”
5
A ba raya a re: “Jehofa ke mosupi ka ga lona, motlodiwa wa gagwe le ene ke mosupi monomotlha, fa lo sa bone sepe mo seatleng sa me.” Mme ba re: “Ee, o mosupi.”
6
Samuele a raya batho a re: “Ke Jehofa yo o ne a tlhoma Moše le Arone, a ntsha borraa lona mo lefatsheng la Egepeto.
7
Ke gone jaana, emang fela, gore ke ganetsanye le lona fa pele ga Jehofa ka ga ditiro tsotlhe tsa tshiamo tsa Jehofa, tse o di diretseng lona le borraa lona.
8
E rile Jakobe a sena go fitlha mo Egepeto, borraa lona ba goela kwa go Jehofa, foo Jehofa a roma Moše le Arone, ba ba ntshitseng borraa lona mo Egepeto ba ba agisa mo felong fa.
9
Mme ba tloga ba lebala Jehofa Modimo wa bone, a ba rekisetsa mo seatleng sa ga Sisera, molaodi wa ntwa ya ga Hasore, le mo seatleng sa Bafilisitia, le mo seatleng sa kgosi ya Moabe, ba tlhabana nabo.
10
Mme ba goela kwa go Jehofa ba re: ‘Re leofile ka re latlhile Jehofa, re bile re diretse boBaale le boAšetarothe. Re golole mo seatleng sa baba ba rona, mme re tlaa go direla.’
11
Mme Jehofa a roma Jerubaale, le Betane, le Jefetha, le Samuele, a lo golola mo seatleng sa baba ba lona mo ntlheng tsotlhe, lwa aga ka thagamo.
12
E rile lo bona fa Nahaše kgosi ya bana ba ga Amone a lo bololetse lwa nthaya lwa re: ‘Nnyaa, mma re busiwe ke kgosi;’ le mororo Jehofa Modimo wa lona e ne e le ene kgosi ya lona.
13
“Mme jaana bonang kgosi e lo e itshenketseng, e lo e lopileng; bonang, Jehofa o lo tlhometse kgosi.
14
E tlaa re fa lo boifa Jehofa, lo mo direla, lo reetsa lentswe la gagwe, lo sa tsuololele taolo ya ga Jehofa, fa lona le kgosi e e lo busang lo sala Jehofa Modimo wa lona morago, go tlaa nna molemo.
15
Mme fa lo gana go reetsa lentswe la ga Jehofa, lo tsuololela taolo ya ga Jehofa, foo seatla sa Jehofa se tlaa tlhabana le lona, jaaka se tlhabana le borraa lona.
16
Ke gone jaana emang fela, lo bone selo se segolo se, se Jehofa o tlaa se dirang fa pele ga matlho a lona.
17
A ga se thobo ya mabele a masesane gompieno? Ke tlaa biletsa kwa go Jehofa, gore a lere tumo ya maru le pula; mme lo tlaa itse, lo bo lo bona fa boikepo jwa lona bo le bogolo, jo lo bo dirileng mo ponong ya ga Jehofa ka go lopa kgosi.”
18
Jalo Samuele a biletsa kwa go Jehofa; mme Jehofa a tlisa tumo ya maru le pula ka tsatsi leo; mme batho botlhe ba boifa Jehofa le Samuele thata.
19
Batho botlhe ba raya Samuele ba re: “Rapelela batlhanka ba gago mo go Jehofa Modimo wa gago, gore re se swe; gonne re okeditse maleo otlhe a rona ka bosula jo, jwa go lopa kgosi.”
20
Samuele a raya batho a re: “Se boifeng; ruri lo dirile bosula jotlhe jo; le fa go ntse jalo, lo se ka lwa fapoga mo go saleng Jehofa morago; lo direleng Jehofa ka pelo yotlhe ya lona.
21
Le gone lo se ka lwa fapoga, gonne foo lo ne lo tlaa ba lo latela dilo tsa lefela fela, tse di sa ka keng tsa thusa le fa e le go golola, gonne di lefela fela.
22
Gone Jehofa ga a ketla a latlha batho ba gagwe ka ntlha ya leina la gagwe le legolo, ka gobo go kgatlhile Jehofa go lo itirela tšhaba ya gagwe ka esi.
23
Gape ka ga me, a go nne kgakala le nna go leofela Jehofa ka go bakela go lo rapelela; ke tlaa lo ruta tsela e e molemo, le e e siameng.
24
Boifang Jehofa fela, lo mo direle ka boammaaruri, ka pelo yotlhe ya lona; lo gopole go re, dilo dikgolo jang tse o di lo diretseng.
25
Mme e tlaa re fa lo ntse lo ikepa lo tlaa nyelediwa, lona le kgosi ya lona.”
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
Recommended Reading
Commentary
1 Samuel Commentaries
→
Devotional
1 Samuel Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→