bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 15
1 Samuel 15
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 16 →
1
Samuele a raya Saule a re: “Jehofa o ne a nthoma gore ke go tlotse, gore o nne kgosi ya tšhaba ya gagwe, ya Baiseraele; ke gone jaana, reetsa lentswe le mafoko a ga Jehofa.
2
Jehofa wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Ke tlhokometse se Baamaleke ba kileng ba se direla Baiseraele, jaaka e rile ba tswa kwa Egepeto ba ba kganela mo tseleng.
3
Jaana ya o bolaye Baamaleke, o bo o senyetse ruri tsotlhe tse ba nang natso, o se ka wa ba rekegela; o bolaye monna le mosadi, ngwanyana le yo o anyang, kgomo le nku, kamela le esela.’ ”
4
Saule a phutha batho, a ba bala mo Telaime, ba dinao ba le 200 000, le banna ba Juta ba le 10 000.
5
Saule a tla kwa motseng wa Baamaleke, a o lalela mo molapong.
6
Saule a raya Bakene a re: “Tsamayang, lo tloge mo gare ga Baamaleke, nka tla ka lo senya nabo; ka e rile bana ba Iseraele ba tswa Egepeto lwa ba direla ka pelonomi.” Bakene ba tsamaya ba tswa mo go Baameleke.
7
Saule a kgemetha Baamaleke, go tswa kwa Hafila jaaka fa motho a ya Shure, o o lebaganyeng le Egepeto.
8
Agage kgosi ya Baamaleke a mo tshwara fela a tshedile, batho botlhe a ba senyetsa ruri ka bogale jwa tšhaka.
9
Mme Saule le batho ba rekegela Agage, le dinku tse di tlhophegileng, le ga dikgomo, le ga tse di mahura, le dikwanyana, le tsotlhe tse di molemo, ba gana go di senyetsa ruri; dilo tsotlhe tse di maswe le tse di malolo, tseo ba di senyetsa ruri.
10
Foo ga tla lefoko la Jehofa kwa go Samuele la re:
11
“Ke a ikwatlhaya ka ke beile Saule kgosi; gonne o boile mo go ntshaleng morago, ga a a dira ditaolo tsa me.” Mme Samuele a nna bogale; a lala a goela kwa go Jehofa bosigo jotlhe.
12
Samuele a phakela a ya go kgatlhantsha Saule; ga bolelelwa Samuele ga twe: “Saule o ne a tsile mo Karemele, mme bona, o itlhometse sefikantswe sa segopodiso, mme a dikologa, a feta, o fologetse kwa Gilegale.”
13
Samuele a tla kwa go Saule, mme Saule a mo raya a re: “O segofadiwe ke Jehofa; ke dirile taolo ya ga Jehofa.”
14
Samuele a re: “Ana go lela ga dinku mo tsebeng tsa me, le go lela ga dikgomo mo ke go utlwang go kayang?”
15
Saule a re: “Ba tswa go di tsaya mo go Baamaleke; gonne batho ba rekegetse dinku tse di tlhophegileng le ga dikgomo, go tla ba isetsa Jehofa Modimo wa gago tlhabelo; tse dingwe re di senyeditse ruri.”
16
Foo Samuele a raya Saule a re: “Baya pelo, ke tlaa go bolelela se Jehofa o letseng a se bua le nna bosigo jono.” A mo raya a re: “Bua.”
17
Samuele a re: “Le fa o ne o le mmotlana mo matlhong a gago, a ga o a bewa tlhogo ya ditso tsa Iseraele? Jehofa a ba a go tlotsa, gore o nne kgosi ya Iseraele.
18
Jehofa a go roma go ya loetong a re: ‘Ya o senyetse ruri baleofi bao, e bong Baamaleke, o bo o tlhabane nabo go tle go tsamaye ba nyelele.’
19
Ke ka ntlha yang o se ka wa akela lentswe la ga Jehofa, mme wa phomegela thopo, wa dira bosula mo matlhong a ga Jehofa?”
20
Saule a raya Samuele a re: “Ee, ke aketse lentswe la ga Jehofa, ke ile tseleng e Jehofa o e nthomileng, ke bile ke lerile Agage kgosi ya Baamaleke, mme Baamaleke ke ba senyeditse ruri.
21
Mme batho ba tsaya thopo, dinku le dikgomo tse di tlhophegileng mo dilong tse di ne di laoletswe tshenyego, go tla ba isetsa Jehofa Modimo wa gago tlhabelo mo Gilegale.”
22
Samuele a re: “A Jehofa o ka itumelela ditshupelo tse di fisiwang le ditlhabelo, jaaka a itumelela go akela lentswe la ga Jehofa? Bona, go utlwa go molemo bogolo go go isa tshupelo, le go reetsa bogolo go mahura a diphelefu.
23
Gonne go tsuolola go tshwana le boleo jwa boloi, le logwadi lo tshwana le tirelo ya medimo ya disetwa le ya mereo. E re ka o ganne lefoko la ga Jehofa, le ene o go ganne go tlhola o nna kgosi.”
24
Saule a raya Samuele a re: “Ke leofile; gonne ke tlodile taolo ya ga Jehofa, le mafoko a gago; gonne ke tshabile batho ka akela lentswe la bone.
25
Jaana ka re, ke a go rapela, o intshwarele boleo jwa me, o bo o bowe le nna, gore ke ye go obamela Jehofa.”
26
Mme Samuele a raya Saule a re: “Ga nketla ke boa nao; gonne o ganne lefoko la ga Jehofa, mme Jehofa o go ganne go tlhola o nna kgosi ya Iseraele.”
27
Samuele a retologa, a re o a tsamaya, mme Saule a tshwara ditsetla tsa kobo ya gagwe, mme ya gagoga.
28
Samuele a mo raya a re: “Jehofa o gagotse bogosi jwa Iseraele, o bo tlositse mo go wena gompieno, o bo neile mongwe wa gaeno, yo o molemo bogolo go wena.
29
Gape, Mothati wa Iseraele ga a ketla a aka, le fa e le go ikwatlhaya; gonne ga se motho yo o ka ikwatlhayang.”
30
Foo a re: “Ke leofile; le fa go ntse jalo, ke a go rapela, o ntlotle fa pele ga bagolwane ba batho ba me, le fa pele ga Baiseraele, mme o boe le nna, gore ke ye go obamela Jehofa Modimo wa gago.”
31
Jalo Samuele a retologa a sala Saule morago; mme Saule a ya a obamela Jehofa.
32
Foo Samuele a re: “Nteretseng kwano Agage kgosi ya Baamaleke.” Agage a tla kwa go ene jaaka ekete o a itumela. Agage a re: “A bo botlhoko jwa loso bo tlaa bo bo fetile.”
33
Samuele a re: “Jaaka tšhaka ya gago e tlhokisitse basadi bana, le ene mmaago o tlaa nna a se na ngwana mo basading.” Samuele a remaganya Agage fa pele ga Jehofa mo Gilegale.
34
Foo Samuele a ya kwa Rama; mme Saule a ya kwa ga gagwe kwa Gibea wa ga Saule.
35
Samuele a se ka a tlhola a ya go bona Saule go ya go fitlha mo tsatsing la loso lwa gagwe; mme Samuele a lelela Saule; Jehofa a ikwatlhaya ka a ne a beile Saule kgosi ya Iseraele.
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31