bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 6
1 Samuel 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 7 →
1
Letlole la ga Jehofa la nna mo lefatsheng la Bafilisitia dikgwedi di supa.
2
Bafilisitia ba bitsa baperesiti le baitseanape ba re: “Re tlaa dirang ka letlole la ga Jehofa? Re kaeleng ka fa re ka le isang kwa ga lone ka gone.”
3
Ba re: “Fa lo tsamaisa letlole la Modimo wa Iseraele, lo se ka lwa le tsamaisa fela le se na sepe; kwa ntle ga dilo tsotlhe, lo bo lo mo isetse tshupelelo ya tlolo, foo lo tlaa fodisiwa, mme go tlaa itsiwe ke lona ka fa letsogo la one le sa tlosiweng mo go lona ka gone.”
4
Foo ba re: “Setlhabelo sa tlolo se re tlaa se isang kwa go ene, e ka nna eng?” Ba re: “Ditlhagala tsa gouta di le tlhano, le dipeba tsa gouta di le tlhano, ka fa palong ya barena ba Bafilisitia; gonne sebetso se le sengwe fela sa nna mo go lona lotlhe, le mo bareneng ba lona.
5
Ke gone, dirang ditshwantsho tsa ditlhagala tsa lona, le ditshwantsho tsa dipeba tsa lona tse di senyang lefatshe; lo galaletse Modimo wa Iseraele; e tlaa re gongwe letsogo la one o le tlhofofatse mo go lona, le mo medimong ya lona, le mo lefatsheng la lona.
6
Lo a bo lo thatafaletsang dipelo tsa lona, jaaka Baegepeto le Faro ba ne ba thatafatsa dipelo tsa bone? A e rile a sena go dira dikgakgamatso mo go bone, a ga ba a lesa batho ba tsamaya?
7
Ke gone jaana lo baakanyeng kara e ntšha, le dikgomo di le pedi tse di gangwang, tse go iseng go bewe jokwe mo go tsone, lo golege dikgomo mo kareng, lo talhaole dinamane tsa tsone di ye gae.
8
Lo tseye letlole la ga Jehofa lo le beye mo kareng; dilo tsa gouta tse lo di isang kwa go ene e le tshupelelo ya tlolo, lo di beye mo letloleng fa go lone; lo le bolotse gore le tsamaye.
9
Lo bone, e tlaa re fa lo tlhatloga le tsela ya molelwane wa kwa ga lona kwa Bethešemeše, foo e tlaa bo e le ene yo o re diretseng bosula jo bogolo jo; fa go sa nna jalo, foo re tlaa bo re itse fa e ne e se seatla sa gagwe se se re iteileng; mme e le sedimogo fela se se re wetseng.”
10
Batho ba dira jalo; ba tsaya dikgomo di le pedi tse di gangwang, ba di golega mo kareng, ba tswalela dinamane tsa tsone mo gae.
11
Ba baya letlole la ga Jehofa mo kareng, le letlole le le nang le dipeba tsa gouta le ditshwantsho tsa ditlhagala.
12
Dikgomo tsa tlhamalala fela le tsela e e yang Bethešemeše; tsa tsaya tsela ya mheru, di etla di lela, di se ka tsa fapogela ka fa go le legolo le fa e le go la molema; barena ba Bafilisitia ba di sala morago go ya go fitlha molelwaneng wa Bethešemeše.
13
Batho ba Bethešemeše ba bo ba ne ba roba mabele a bone a masesane mo molapong; mme ya re ba tsholetsa matlho, ba bona letlole, ba itumela go le bona.
14
Kara ya fitlha mo leoteng la ga Jošua wa Bethešemeše, ya ema gone, fa go nang le lentswe le legolo gone; ba fatola dikgong tsa kara gone, ba isa dikgomo tshupelo e e fisediwang Jehofa gone.
15
Balefi ba pagolola letlole la ga Jehofa, le letlole le le nang nalo, le dilo tsa gouta tse di mo go lone, ba di baya mo lentsweng le legolo leo; mme banna ba Bethešemeše ba isetsa Jehofa ditshupelo tse di fisiwang, ba isa ditlhabelo ka tsatsi leo.
16
E rile barena ba batlhano bale ba Bafilisitia ba sena go go bona, ba boela kwa Ekerone ka tsatsi leo fela.
17
Tse ke tsone ditlhagala tsa gouta tse Bafilisitia ba di isitseng kwa go Jehofa e le tshupelelo ya tlolo; nngwe ya Ašetote, nngwe ya Gasa, nngwe ya Ašekelone, nngwe ya Gathe, nngwe ya Ekerone.
18
Le dipeba tsa gouta, ka fa palong ya metse yotlhe ya Bafilisitia e e neng e le ya barena ba batlhano, ya metse e e thekeleditsweng, le ya e e leng metsana fela e e mo nageng; ga ya fela kwa lentsweng le legolo, le ba pagololetseng letlole la ga Jehofa mo go lone; lentswe leo le sa le gone mo leoteng la ga Jošua wa Bethešemese le gompieno.
19
A itaya banna ba Bethešemeše, ka ba okometse mo letloleng la Jehofa a itaya banna ba le 70 ba bone batho, le banna ba le 50 000; batho ba lela gonne Jehofa a kgemetha batho ka polao e kgolo.
20
Banna ba Bethešemeše ba re: “E mang yo o nonofileng go ema fa pele ga Jehofa, Modimo o o boitshepo o? O tlaa tlhatlogela kwa go mang, o tswa mo go rona?”
21
Ba roma batho kwa banning ba Kiriathe-jearime, ba re: “Bafilisitia ba bositse letlole la ga Jehofa; tlang kwano, lo le tseye, le ye koo go lona.”
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31