bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 20
1 Samuel 20
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 21 →
1
Dafite a tshaba a tswa Naiothe kwa Rama, a tla a bua fa pele ga Jonathane a re: “Ke dirileng? Boikepo jwa me ke eng? Le boleo jwa me ke eng fa pele ga rraago, fa e bo ne ne a senka go mpolaya jaana?”
2
A mo raya, a re: “A go se tualo; ga o ketla o swa; bona, rre ga a dire sepe se segolo le fa e le se sennye, a sa se ntshenolele. Rre o tlaa bo a ntobetse selo se ka ntlha yang? Ga go a nna jalo.”
3
Gape Dafite a ikana a re: “Rraago o itse sentle fa ke bonye botsalano mo matlhong a gago; mme a re: ‘A Jonathane a se itse selo se, o ka tla a hutsafala.’ Ruri jaaka Jehofa a tshedile, le jaaka mowa wa gago o tshedile, gare ga me le loso go na le kgato e le nngwe fela.”
4
Foo Jonathane a raya Dafite a re: “Le fa e ka ne e le eng se mowa wa gago o se eletsang, ke tlaa se go direla fela.”
5
Dafite a raya Jonathane a re: “Bona, ka moso go rogwa kgwedi, ga ke a tshwanela go tlhokafala mo go duleng le kgosi fa go jewa; a ko o ntese ke tsamaye, ke ye go iphitlha mo nageng go ya letsatsing la boraro go le maitsebowa.
6
Fa rraago a ntlhoka gongwe, o tle o re: ‘Dafite o ne a ntopa thata, gore a ke a sianele kwa Bethelehema motse wa ga gabo; gonne go na le tlhabelo ya ngwaga gone, ya losika lwa gagwe lotlhe fela.’
7
E tlaa re fa a bua jaana, a re: ‘Go molemo;’ foo motlhanka wa gago o tlaa bona kagiso; mme fa a nna bogale, foo o bo o itse fa bosula bo laotswe ke ene.
8
Ke gone o direle motlhanka wa gago ka bopelonomi; gonne o tsentse motlhanka wa gago mo kgolaganong ya ga Jehofa nao. Fa go na le boikepo mo go nna, o tle o mpolaye ka wesi; gonne o tlaa bo o nkisetsang kwa go rraago?”
9
Jonathane a re: “A go nne kgakala nao, gonne fa nka bo ke itse fa gongwe bosula bo laotswe ke rre gore bo tle mo go wena, a ke ne ke ka bo ke sa go bolelele?”
10
Foo Dafite a raya Jonathane a re: “E mang yo o tlaa mpolelelang fa e tlaa re gongwe rraago a go fetole ka mafoko a a thata?”
11
Jonathane a raya Dafite a re: “A re ye kwa nageng.” Ba tswela kwa nageng boo babedi.
12
Jonathane a raya Dafite a re: “A Jehofa Modimo wa Iseraele a nne mosupi; e tlaa re ka moso ka baka lono kgotsa ka moso o mongwe, ke sena go reetsa re, bona, fa go le molemo ka ga Dafite, foo a ga ke tlaa roma kwa go wena, ke go senolele?
13
A Jehofa a direle Jonathane jalo, a ba a oketse, fa e tlaa re go kgatlhile rre go go direla bosula, mme ke sa go go senolele, ke go tshabise gore o tsamaye ka kagiso; a Jehofa a nne nao, jaaka a ne a ntse le rre.
14
O tlaa ntirela bopelonomi jwa ga Jehofa, gore ke se ka ka swa, e seng mo lobakeng lwa fa ke sa ntse ke tshedile lo le losi;
15
le gone o se ka wa khutlisetsa ntlo ya me bopelonomi jwa gago ka bosakhutleng; nnyaa, le e seng fa Jehofa a tlositse baba ba ga Dafite botlhe mo lefatsheng.”
16
Jalo Jonathane a dira kgolagano le ntlo ya ga Dafite, a re: “Jehofa o tlaa go lopa mo seatleng sa baba ba ga Dafite.”
17
Jonathane a ikanisa Dafite gape, ka ntlha ya lorato lo o mo ratang ka lone; gonne a mo rata jaaka a ithata.
18
Foo Jonathane a mo raya a re: “E tlaa re ka moso go bo go rogwa kgwedi; o tlaa tlhokwa, ka setulo sa gago se tlaa bo se se na ope.
19
E tlaa re o sena go tlhola malatsi a le mararo, o fologe ka bonako, o tle mo felong fa o ne wa iphitlha gone fa go dirwa tiro ele, mme o nne fa lefikeng la Esele.
20
Ke tlaa hulela metswi e le meraro ka fa lotlhakoreng lwa lone, jaaka ekete ke hula sengwe se se beilweng sekao.
21
Bona, ke tlaa roma mosimane, ke re a ye go senka metswi. Fa ke raya mosimane ke re: ‘Metswi e go potile ka kwano, e tseye!’ o tle, gonne go tlaa bo go le kagiso ka ga gago, e seng sepe se se botlhoko, jaaka Jehofa a tshedile.
22
Mme fa ke raya mosimane jaana ke re: ‘Bona, metswi e go potile ka kwa pele,’ wena o tsamaye, gonne Jehofa o tlaa bo a go neile tsela.
23
Ka ga selo se wena le nna re buileng ka ga sone, bona, Jehofa o fa gare ga gago le nna ka bosakhutleng.”
24
Jalo Dafite a iphitlha mo nageng; e rile go rogwa ga kgwedi go dirala, kgosi ya dulela go ja.
25
Kgosi ya dula mo setulong sa yone, jaaka ka metlha e mengwe, e bong mo setulong se se fa lomoteng; Jonathane a ema ka dinao, Abenere a bo a dutse a bapile le Saule; mme bonno jwa ga Dafite bo ne bo se na ope.
26
Le fa go ntse jalo Saule a se ka a bua sepe ka tsatsi leo; gonne a ithaya a re: “Sengwe se mo diraletse, ga a a itsheka; kooteng ga a a itsheka.”
27
Mme ka moso kgwedi e sena go rogwa, e le letsatsi la babedi, bonno jwa ga Dafite jwa bo bo se na ope; Saule a raya Jonathane morwawe a re: “Morwa Jese ga a tleleng go ja, le fa e le maabane, le fa e le gompieno?”
28
Jonathane a fetola Saule a re: “Dafite o ne a ntopa thata gore a lesiwe a ye Bethelehema;
29
a re: ‘Ke a go rapela, o ntese ke tsamaye; gonne ba losika lwa rona ba na le tlhabelo mo motseng; mogolole o ntaotse gore ke nne gone; jaana, fa ke bonye botsalano mo matlhong a gago, ke a go rapela, o mme ke tsamaye, ke ye go bona bomogolole;’ ke gone ka fa o sa tlang lomating lwa kgosi lwa bojelo ka gone.”
30
Foo bogale jwa ga Saule jwa tukela Jonathane, a mo raya a re: “Wena morwa mosadi yo o tshokamo yo o serukhutli, a ga ke a nna ke itse fa o itshenketse morwa Jese go tla a go tlhabisa ditlhong, le go tlhabisa bosaikatega jwa ga mmaago ditlhong?
31
Gonne fa morwa Jese a sa ntse a tshela mo lefatsheng, ga go ketla go tlhomamisiwa wena le fa e le bogosi jwa gago. Ke gone roma jaana, o ye go mo nteretse, gonne ruri o tlaa swa.”
32
Jonathane a fetola Saule rraagwe a mo raya a re: “O tlaa bo a bolaelwang? O dirileng?”
33
Saule a mo konopa ka lerumo la gagwe, a re o a mmolaya; Jonathane a itse fa go laotswe ke rraagwe go bolaya Dafite ka gone moo.
34
Jonathane a nanoga fa lomating a le bogale thata, a se ka a ja dijo ka letsatsi la bobedi la kgwedi, gonne a hutsafalela Dafite, ka rraagwe a mo tlhabisitse ditlhong.
35
Ga dirala ya re ka moso Jonathane a tswela kwa nageng ka lobaka lo ba lo golaganeletseng le Dafite, a na le mosimanyana.
36
A raya mosimane wa gagwe a re: “Siana, o ye go senka metswi e ke e hulang.” Ya re mosimane a siana, a hula motswi, a o mo fetisa.
37
E rile mosimane a fitlha felong fa motswi o Jonathane o o hudileng, Jonathane a tlhaeletsa mosimane a re: “A motswi ga o a go pota ka kwa pele?”
38
Jonathane a tlhaeletsa mosimane a re: “Tsamaya thata, o itlhaganele, o se ka wa diega.” Mosimane wa ga Jonathane a phutha metswi, a tla kwa go mong wa gagwe.
39
Mosimane a bo a sa itse sepe; Jonathane le Dafite ke bone bosi ba ba itseng tiro eo.
40
Jonathane a neela mosimane wa gagwe dibolao tsa gagwe a mo raya a re: “Tsamaya, o di ise kwa motseng.”
41
E rile mosimane a sena go tsamaya, Dafite a nanoga a tswa felong gongwe ntlheng ya borwa, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a ikoba gararo; mme ba atlana, ba lela mmogo, ga tsamaya Dafite a sita.
42
Jonathane a raya Dafite a re: “Tsamaya ka kagiso, ka re ikanne roo babedi mo ineng la ga Jehofa, ra re: ‘Jehofa o tlaa nna gare ga me nao, le gare ga losika lwa me le losika lwa gago ka bosakhutleng.’ ” Mme a nanoga a tsamaya; Jonathane ene a boela motseng.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
Recommended Reading
Commentary
1 Samuel Commentaries
→
Devotional
1 Samuel Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→