bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 14
1 Samuel 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 15 →
1
Jaana ga dirala ya re ka tsatsi lengwe Jonathane, morwa Saule, a raya lekau le le mo tsholelang dibolao tsa gagwe a re: “Ntlo, a re kgabaganyetse kwa setlhopheng sa masole a Bafilisitia se se kwa moseja.” Mme a se ka a bolelela rraagwe.
2
Saule a nna kwa sekhutlong sa Gibea fa tlase ga setlhare sa mogaranata se se mo Migerone; batho ba o ne a na nabo ya bo e ka ne e le ba ba 600;
3
le Ahija, morwa Ahitube, mogoloa Ikabote, morwa Finease morwa Eli, moperesiti wa ga Jehofa mo Shilo, a apere sekhutlana. Batho ba bo ba sa itse fa Jonathane a tsamaile.
4
Fa gare ga diphata tse Jonathane o batlang go kgabaganyetsa kwa setlhopheng sa masole a Bafilisitia ka tsone, ga bo go le lefika le le dikgaga ka fa ntlheng nngwe, le lefika le le dikgaga ka fa ntlheng e nngwe; leina la lengwe e ne e le Bosese, le leina la le lengwe Sene.
5
Lefika le lengwe la bo le eme ka fa ntlheng ya botsheka fa pele ga Mikemaša, le lengwe ntlheng ya borwa fa pele ga Geba.
6
Jonathane a raya lekau le le mo tsholelang dibolao tsa gagwe, a re: “Ntlo, a re kgabaganyetse kwa setlhopheng sa ba ba sa rupang bale; e ka tla ya re gongwe Jehofa a re direla, gonne Jehofa ga a kgorelediwe go boloka ka bontsi le fa e le ka bobotlana.”
7
Motshola dibolao tsa gagwe a mo raya a re: “Dira gotlhe mo go mo pelong ya gago; fapoga fela, bona, ke na nao ka fa pelong ya gago.”
8
Foo Jonathane a re: “Bona, re tlaa kgabaganyetsa kwa banneng bale, mme re tlaa ba itshenolela.
9
E tlaa re fa ba re raya ba re re eme gore ba tle kwa go rona, foo re tlaa ema felong ga rona, re sa ye kwa go bone.
10
Mme fa ba re raya ba re: ‘Tlhatlogelang kwano go rona’; foo re tlaa tlhatloga; gonne Jehofa o tlaa bo a ba tsentse mo seatleng sa rona; se e tlaa nna sesupo go rona.”
11
Mme ba itshenolela setlhopha sa masole a Bifilisitia ka bobedi jwa bone; Bafilisitia ba re: “Bonang, Bahebere ba tswa mo mesimeng kwa ba ne ba iphitlhule gone.”
12
Banna ba setlhopha sa masole ba fetola Jonathane le motshola dibolao tsa gagwe ba re: “Tlhatlogelang kwano go rona, re tlaa lo supetsa sengwe.” Jonathane a raya motshola dibolao tsa gagwe a re: “Tlhatloga morago ga me, gonne Jehofa o ba tsentse mo seatleng sa Iseraele.”
13
Jonathane a palama ka diatla le dinao, le motshola dibolao tsa gagwe morago ga gagwe. Mme ba wa fa pele ga Jonathane; motshola dibolao tsa gagwe a ba fofotsa fa morago ga gagwe.
14
Polao eo ya ntlha e Jonathane le motshola dibolao tsa gagwe ba ne ba e dira, e ne e le ya batho e ka ne e le 20, mo sebakeng se se kanang ka ntlhanngwe ya tema ya dikgomo.
15
Ga bo go le thoromo mo bothibelelong, mo nageng, le mo bathong botlhe; ba setlhopha sa masole, le ba bonokwane le bone ba roroma; lefatshe la reketla; ga nna thoromo e kgolo thata.
16
Balebedi ba ga Saule mo Gibea wa Benjamine ba leba; mme bonang, bontsi jwa bo bo swalala, ba falalela kwa le kwa.
17
Foo Saule a raya batho ba o ne a na nabo a re: “Balang jaana, lo bone yo o duleng mo go rona.” E rile ba sena go bala, bonang, Jonathane le motshola dibolao tsa gagwe ba bo ba seyo.
18
Saule a raya Ahija a re: “Lere kwano letlole la Modimo.” Gonne letlole la Modimo le ne le le gone ka baka loo le na le bana ba Iseraele.
19
Ga dirala ya re Saule a sa ntse a bua le moperesiti, pheretlho e e mo bothibelelong jwa Bafilisitia ya tswelela ya gola; Saule a raya moperesiti a re: “Gona letsogo la gago.”
20
Saule le batho botlhe ba o nang nabo ba phuthega mmogo, ba tla tlhabanong, mme bonang, tšhaka ya motho mongwe le mongwe ya ekelwa mongwe ka ene, ga nna pheretlhego e kgolo thata.
21
Jaana Bahebere ba ba ntseng le Bafilisitia gale, ba ba ileng nabo mo bothibelelong ba tswa mo lefatsheng mo tikologong; le bone ba retologa ba ya go pata Baiseraele, ba ba nang le Saule le Jonathane.
22
Le bone batho botlhe ba Iseraele ba ba iphitlhileng mo lefatsheng la Eferaime la makgabana, e rile ba utlwa fa Bafilisitia ba tshabile, le bone ba bakonatelela ka thata mo tlhabanong.
23
Jalo Jehofa a golola Iseraele ka tsatsi leo; mme tlhabano ya kgabaganya ka fa Bethafene.
24
Batho ba Iseraele ba ne ba pitlagana ka tsatsi leo, gonne Saule a ne a ikanisa batho a re: “Go hutsege motho yo o tlaa jang dijo go ya maitseboeng, go tsamaya ke itefetsa mo babeng ba me.” Jalo go se ka ga nna le ope mo bathong botlhe yo o utlwang dijo.
25
Batho botlhe ba tla mo sekgweng, mme ga bo go le dinotshe fa fatshe.
26
E rile batho ba tla mo sekgweng, bonang, dinotshe tsa bo di rotha, ope a se ka a isa letsogo mo ganong; gonne batho ba boifa ikano.
27
Jonathane ga a ka a utlwa rraagwe a laya batho ka ikano eo; ka ntlha ya gone moo a ntsha thupa e e mo seatleng sa gagwe, a e tsenya mo lomepeng lwa dinotshe, a isa letsogo mo ganong; mme matlho a gagwe a bonesega.
28
Foo mongwe wa batho a bua a re: “Rraago o ne a laya ka thata ka ikano a re: ‘Go hutsege motho yo o tlaa jang dijo gompieno.’ Mme batho ba ne ba lapile.”
29
Foo Jonathane a re: “Rre o tshwentse lefatshe; a ko lo bone jaaka matlho a me a bonesitswe, ka ke utlwile go le gonnyennyane ga dinotshe tse.
30
Go ne go tlaa nna molemo bogolo jang fa batho ba ka bo ba jele thopo ya baba ba bone gompieno e ba e fitlhetseng, ka e le fa polao mo Bafilisiteng e ka bo e nnile kgolo thata.”
31
Ba bolaya Bafilisitia ka tsatsi leo go tswa Mikemaša go ya Aijalone. Batho ba ne ba lapile thata.
32
Batho ba phomegela thopo, ba gapa dinku, dikgomo, le dinamane, ba di bolaela fela fa fatshe; mme batho ba di jela le madi a tsone.
33
Foo ba bolelela Saule ba re: “Bona, batho ba leofela Jehofa ka ba jela le madi.” Mme a re: “Lo dirile ka bonongwane; hidikololelang lentswe le legolo kwano go nna gompieno.”
34
Saule a re: “Phatlalalelang mo bathong lo ba reye lo re: ‘A mongwe le mongwe a nteretse kgomo ya gagwe, le mongwe le mongwe nku ya gagwe, lo di bolaele fa, lo je; lo se ka lwa leofela Jehofa ka go jela le madi.’ ” Batho botlhe, mongwe le mongwe a tla le kgomo ya gagwe bosigo joo, ba di bolaela gone.
35
Saule a agela Jehofa sebeso; ya bo e le sone sebeso sa ntlha se o se agetseng Jehofa.
36
Saule a re: “A re fologeng re lateleng Bafilisitia bosigo, re ba thopeng go ya boseng, mme re se ka ra tlogela motho ope wa bone.” Ba re: “Dira se o se bonang se le molemo, le fa e ka bo e le eng.” Foo moperesiti a re: “A re atameleng kwano Modimong.”
37
Saule a lopa kgakololo mo Modimong a re: “A ke ke fologe ke latele Bafilisitia? A o tlaa ba tsenya mo seatleng sa Baiseraele?” Mme ga o a ka wa mo fetola ka tsatsi leo.
38
Saule a re: “Atamelang kwano lona bagolwane lotlhe ba batho, lo itse, lo bo lo bone kwa boleo jo bo ne bo le gone gompieno.
39
Gonne jaaka Jehofa a tshedile, yo o gololang Iseraele, le fa bo ka ne bo le mo go Jonathane morwaake, ruri o tlaa swa.” Mme go ne go se motho ope mo bathong botlhe yo o mo fetolang.
40
Foo a raya Baiseraele botlhe a re: “Lona lo nneng ntlheng nngwe, nna le Jonathane morwaake re tlaa nna ntlheng e nngwe.” Batho ba raya Saule ba re: “Dira se o se bonang se le molemo.”
41
Ke gone Saule a raya Jehofa Modimo wa Iseraele a re: “Supa tshiamo.” Mme Jonathane le Saule ba tlhaolwa ke bola, mme batho bone ba falola.
42
Saule a re: “Thelang bola gare ga me le Jonathane morwaake.” Mme Jonathane a tlhaolwa.
43
Foo Saule a raya Jonathane a re: “Mpolelela se o se dirileng,” Jonathane a mmolelela a re: “Ruri ka utlwa dinotshenyana ka ntlha ya thupa e e neng e le mo seatleng sa me; mme bona, ke na le go swa fela.”
44
Saule a re: “A Modimo o dire jalo le go feta foo; gonne ruri o tlaa swa, Jonathane.”
45
Mme batho ba raya Saule ba re: “A Jonathane o tlaa swa, yo o dirileng kgololo e kgolo e mo Iseraele? A go se nne jalo; jaaka Jehofa a tshedile, ga go ketla go wela moriri le fa e le o le mongwe fela wa tlhogo ya gagwe fa fatshe; gonne o dirile le Modimo gompieno.” Mme batho ba rekolola Jonathane gore a se swe.
46
Foo Saule a tlhatloga a lesa go latela Bafilisitia; mme Bafilisitia ba ya magabone.
47
Jaana e rile Saule a sena go tsaya bogosi jwa Iseraele, a tlhabana le baba ba gagwe botlhe mo ntlheng tsotlhe, e bong le Moabe, le bana ba Amone, le Etome, le dikgosi tsa Soba, le Bafilisitia; mme gongwe le gongwe kwa o retologelang gone, a ba tshwenye.
48
A dira ka bopelokgale, a kgemetha Baamaleke, a golola Iseraele mo seatleng sa bone ba ba ba thopang.
49
Jaana bomorwa Saule e ne e le Jonathane, le Išifi, le Melekišue; maina a bomorwadie ba babedi e ne e le a: Leina la wa ntlha e le Merabe, leina la yo mmotlana Mikale.
50
Leina la mosadi wa ga Saule e ne e le Ahinoame morwadia Ahimaase. Leina la molaodi wa ntwa ya gagwe, e le Abenere morwa Nere, rrangwanaagwe Saule.
51
Kiše e ne e le rraagwe Saule; mme Nere rra Abenere e le morwa Abiele.
52
Go ne go le ntwa e e botlhoko le Bafilisitia ka metlha yotlhe ya ga Saule; mme e ne e tle e re Saule a bona motho yo o senatla, kgotsa motho yo o pelokgale, a mo itseele a ye kwa go ene.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
Recommended Reading
Commentary
1 Samuel Commentaries
→
Devotional
1 Samuel Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→