bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 11
1 Samuel 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 12 →
1
Foo Nahaše wa Moamone a bolola, a thibelela go tlhabana le Jabeše-gileate; mme banna botlhe ba Jabeše ba raya Nahaše ba re: “Dira kgolagano le rona, mme re tlaa go direla.”
2
Foo Nahaše wa Moamone a ba raya a re: “Ke tlaa dira kgolagano le lona ka mokgwa wa go re: A matlho otlhe a lona a ka fa tsogong le legolo a gonngwe; mme ke tlaa go baya kgobo mo Baiseraeleng botlhe.”
3
Bagolwane ba Jabeše ba mo raya ba re: “Re neye lobaka lwa malatsi a supa, gore re rome batho mo ntlheng tsotlhe mo Iseraele; foo e tlaa re fa go se na ope yo o re gololang, re tlaa tswela kwa go wena.”
4
Foo borongwa ba tla mo Gibea wa ga Saule, ba bolela mafoko a mo ditsebeng tsa batho; mme batho botlhe ba tsholetsa mantswe a bone ba lela.
5
Mme bonang, Saule a tla a setse dikgomo morago a tswa kwa leoteng; Saule a re: “Ana batho ba bolawa eng fa ba lela jaana?” Mme ba mmolelela mafoko a batho ba Jabeše.
6
Ya re Saule a utlwa mafoko ao, mowa wa Modimo wa tlaa ka thata mo go ene, le bogale jwa gagwe jwa tuka thata.
7
A tshwara dikgomo tsa jokwe mongwe, a di kgabetlela, a di isa mo ntlheng tsotlhe tsa Iseraele ka barongwa, a re: “Le fa e le mang yo o sa bololeng a sala Saule le Samuele morago, dikgomo tsa gagwe di tlaa dirwa fela jalo.” Therego ya ga Jehofa ya wela batho, ba bolola jaaka motho a le mongwe fela.
8
A bala batho mo Beseke: bana ba Iseraele ba bo ba le 300 000, banna ba Juta ba le 30 000.
9
Ba raya barongwa ba ba tsileng ba re: “Lo reye banna ba Jabeše-gileate jaana lo re: ‘E tlaa re ka moso ka lobaka lwa fa letsatsi le gotela lo tlaa bona kgololo.’ ” Barongwa ba fitlha ba bolelela banna ba Jabeše-gileate; mme ba itumela.
10
Ke gone ka moo banna ba Jabeše ba re: “Ka moso re tlaa tswela kwa go lona, lo tlaa re direla ka fa lo bonang go le molemo ka gone.”
11
Ka moso ga nna jalo, Saule a aba batho masomo a le mararo; mme ba tsena mo gare ga bothibelelo ka lobaka lwa tiso ya makuku, ba kgemetha Baamone ga ba ga tla ga nna mogote motshegare; ga ba ga dirala go re, ba ba setseng ba faladiwa, mme ga se ka ga tlogelwa bape ba le babedi mmogo.
12
Batho ba raya Samuele ba re: “Yo o rileng: ‘A Saule o tlaa re busa, ke mang?’ Lere banna bao gore re ba bolaye.”
13
Saule a re: “Ga go na motho ope yo o tlaa bolawang gompieno, gonne gompieno Jehofa o dirile kgololo mo go Iseraele.”
14
Foo Samuele a raya batho a re: “Ntlong re yeng Gileate, re šafatse bogosi gone.”
15
Mme batho botlhe ba ya Gilegale; ba dira Saule kgosi gone fa pele ga Jehofa mo Gilegale; ba tlhabela gone ditlhabelo tsa ditshupelo tsa kagiso, fa pele ga Jehofa; mme Saule le Baiseraele ba itumela thata gone.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
Recommended Reading
Commentary
1 Samuel Commentaries
→
Devotional
1 Samuel Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→