bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 7
1 Samuel 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 8 →
1
Banna ba Kiriathe-jearime ba tla, ba tsaya letlole la ga Jehofa, ba le isa kwa ntlong ya ga Abinatabe mo thoteng, ba itshepisa Eleasare morwawe, gore a nne a boloke letlole la ga Jehofa.
2
Ya re go tswa letsatsing le letlole le ileng go nna mo Kiriathe-jearime ka lone, lobaka lwa nna loleele; gonne e ne e le dinyaga di le 20; mme ba ntlo ya Iseraele botlhe ba hutsafalela Jehofa.
3
Samuele a bua le ba ntlo ya Iseraele botlhe a re: “Fa lo boela mo go Jehofa ka pelo yotlhe ya lona, foo a medimo e sele ya seeng e tlosediwe koo mo go lona, le boAšetarothe, mme lo baakanyetse Jehofa dipelo tsa lona, lo direle ene esi; mme o tlaa lo golola mo seatleng sa Bafilisitia.”
4
Foo bana ba Iseraele ba tlosetsa koo boBaale le boAšetarothe, mme ba direla Jehofa a le esi.
5
Samuele a re: “Phuthelang Baiseraele botlhe kwa Misepa, mme ke tlaa lo rapelela mo go Jehofa.”
6
Ba phuthegela kwa Misepa ba ga metsi, ba a thela fa pele ga Jehofa, ba ikitsa go ja ka tsatsi leo ba re: “Re leofetse Jehofa.” Samuele a atlhola Iseraele mo Misepa.
7
E rile Bafilisitia ba utlwa fa bana ba Iseraele ba phuthegetse kwa Misepa, barena ba Bafilisitia ba bololela Iseraele. E rile bana ba Iseraele ba utlwa, ba boifa Bafilisitia.
8
Bana ba Iseraele ba raya Samuele ba re: “O se ka wa khutla go re goelela kwa go Jehofa Modimo wa rona, gore a re golole mo seatleng sa Bafilisitia.”
9
Samuele a tsaya kwanyana e e anyang, a e isetsa Jehofa, e le tshupelo e e fisiwang e le boleka; Samuele a goela kwa go Jehofa ka ga Iseraele; mme Jehofa a mo araba.
10
Ya re Samuele a sa ntse a isitse tshupelo e e fisiwang, Bafilisitia ba atamela, ba tla go tlhabana le Iseraele; Jehofa a dumisa tumo e kgolo ya maru ka tsatsi leo mo godimo ga Bafilisitia, a ba tlhapeisa; ba kgemethega fa pele ga Iseraele.
11
Banna ba Iseraele ba tswa mo Misepa, ba konatelela Bafilisitia, ba ba kgemetha ba ba ba tla ba fitlha fa tlase ga Bethekare.
12
Foo Samuele a tsaya lentswe, a le tlhoma fa gare ga Misepa le Shene, a le raya leina a re, Ebenesere, a re: “Jehofa o ntse a re thusa nako e sa le eno.”
13
Jalo Bafilisitia ba fenngwa, mme ba se ka ba tlhola ba tsena mo melelwaneng ya Iseraele; letsogo la ga Jehofa la tlhabana le Bafilisitia ka malatsi otlhe a ga Samuele.
14
Le metse e Bafilisitia ba ne ba e gapetse Iseraele ya rebolelwa Iseraele, go tswa Ekerone go ya fela kwa Gathe; le lefatshe tikologong ya gone Iseraele a le golola mo seatleng sa Bafilisitia. Go ne go le kagiso gare ga Iseraele le Baamore.
15
Samuele a atlhola Iseraele ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.
16
E ne e re ka ngwaga le ngwaga a nne a dikologe a ye Bethele, le Gilegale, le Misepa, a atlhole Iseraele mo mafelong otlhe ao.
17
A boele Rama; gonne ntlo ya gagwe e ne e le gone; a atlhola Iseraele gone, a ba a agela Jehofa sebeso gone.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31