bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 26
1 Samuel 26
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 27 →
1
Basife ba tla mo go Saule kwa Gibea, ba re: “A Dafite ga a a iphitlha mo thabeng ya Hakila, e e lebaganyeng le naga?”
2
Foo Saule a nanoga a fologela kwa nageng ya Sife a na le banna ba ba tlhophegileng ba Iseraele ba le 3 000, a ya go senka Dafite mo nageng ya Sife.
3
Saule a thibelela mo thabaneng ya Hakila e e lebaganyeng le naga fa tseleng. Dafite a bo a ntse mo nageng, mme a bona fa Saule a mo latelela kwa nageng.
4
Ka ntlha ya moo Dafite a ntsha ditlhola, a lemoga fa Saule a tsile ka mmaanete.
5
Dafite a nanoga, a tla mo felong fa Saule o thibeletseng gone; Dafite a bona fa Saule o robalang gone le Abenere morwa Nere, molaodi wa ntwa ya gagwe; Saule a robala ka fa teng ga maemo a makoloi, batho ba thibelela tikologong ya gagwe.
6
Foo Dafite a bua, a raya Ahimeleke wa Mohite, le Abišai morwa Seruja monnaa Joabe a re: “E mang yo o tlaa yang le nna kwa go Saule kwa bothibelelong?” Abišai a re: “Ke tlaa ya nao.”
7
Dafite le Abišai ba tla mo bathong bosigo; mme Saule a bo a robetse ka fa teng ga maemo a makoloi, lerumo la gagwe a le tlhomile mo mmung fa tlhogong ya gagwe; Abenere le batho ba bo ba robetse tikologong ya gagwe.
8
Foo Abišai a raya Dafite a re: “Modimo o tsentse mmaba wa gago mo seatleng sa gago gompieno; jaana ka re, ke a go rapela, o mme ke mo tlhabe ka lerumo ke mo tlhabele fa fatshe gangwe fela, ga nketla ke mo tlhaba gabedi.”
9
Mme Dafite a raya Abišai a re: “O se ka wa mo senya; gonne mang yo o ka ntshetsang motlodiwa wa ga Jehofa letsogo, mme a tlhoka go nna molato?”
10
Dafite a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, Jehofa o tlaa mo itaya; gongwe letsatsi la gagwe la go swa le tlaa tla; gongwe o tlaa ya mo tlhabanong, mme a swe.
11
A go se nne jalo fa nka ntshetsa motlodiwa wa ga Jehofa letsogo; jaana ke a go rapela, a ko o tseye lerumo le le fa tlhogong ya gagwe, le kurwana ya metsi, mme re tsamaye.”
12
Dafite a tsaya lerumo le kurwana ya metsi fa tlhogong ya ga Saule; ba tsamaya, mme ope a se ka a kubuga, ka ba ne ba robetse botlhe; ka gobo boroko jo bogolo jo bo tswang mo go Jehofa bo no bo ba wetse.
13
Foo Dafite a kgabaganyetsa ntlheng e nngwe, a ema mo godimo ga thaba kwa kgakala; go le sebaka se setona fa gare ga bone.
14
Dafite a tlhaeletsa kwa bathong, le Abenere morwa Nere a re: “A ga o arabe wena Abenere?” Foo Abenere a araba a re: “O mang wena yo o tlhaeleletsang kwa kgosing?”
15
Dafite a raya Abenere a re: “A ga o monna yo o pelokgale? Go na le mang yo o tshwanang nao mo Iseraele? Ke ka ntlha yang o se ka wa lebela kgosi morena wa gago? Gonne go ile ga tsena motho mongwe a ya go senya kgosi morena wa gago.
16
Selo se o se dirileng ga se molemo. Jaaka Jehofa a tshedile, lo tshwanetse go swa, ka lo se ka lwa lebela morena wa lona, motlodiwa wa Jehofa. Jaana batla lerumo la kgosi kwa le gone, le kurwana ya metsi e e neng e le fa tlhogong ya yone.”
17
Saule a itse lentswe la ga Dafite, mme a re: “A ke lone lentswe la gago, morwaaka Dafite?” Dafite a re: “Ke lentswe la me, kgosi morena wa me.”
18
A ba a re: “Ke ka ntlha yang fa morena wa me a konatelela motlhanka wa gagwe? Gonne ke dirileng? Kgotsa go na le bosula bofe mo seatleng sa me?
19
Ke gone, ke a go rapela, a kgosi morena wa me a utlwe mafoko a motlhanka wa gagwe. Fa e le Jehofa yo o go ntlhotlheleleditseng, a a ke a amogele tshupelo; mme fa e le bana ba batho, a ba hutsege fa pele ga Jehofa; gonne ba ntelekile gompieno, gore ke se ka ka ngaparela boswa jwa ga Jehofa, ba re: ‘Ke tsamaye, ke ye go direla medimo e sele.’
20
Jaana ka re, a madi a me a se wele fa fatshe ke le go sele ke se fa pele ga Jehofa; gonne kgosi ya Iseraele e bolotse e tsile go senka letsetse fela, go tshwana jaaka fa mongwe a tsoma lesogo mo dithabeng.”
21
Foo Saule a re: “Ke leofile; boa morwaaka Dafite; gonne ga nketla ke tlhola ke go utlwisa botlhoko, ka botshelo jwa me bo ile jwa ratega mo matlhong a gago gompieno; bona, ke itirile seeleele, ke bile ke timetse thata.”
22
Dafite a mo fetola a re: “Bona lerumo ke le kgosi! A lekau lengwe le kgabaganye le tle go le tsaya.
23
Jehofa o tlaa lefela mongwe le mongwe tshiamo ya gagwe le boikanngo jwa gagwe; gonne Jehofa o ne a go tsentse mo seatleng sa me gompieno, mme ka gana go ntshetsa motlodiwa wa ga Jehofa letsogo la me.
24
Jaaka botshelo jwa gago bo ne bo kaiwa segolo mo matlhong a me gompieno, a botshelo jwa me bo kaiwe segolo jalo mo matlhong a ga Jehofa, a nkgolole mo bohutsaneng jotlhe.”
25
Foo Saule a raya Dafite a re: “O nne sego morwaaka, Dafite; o tlaa dira ka bonatla, ruri o tlaa fenya.” Mme Dafite a tsamaya, Saule le ene a boela felong ga gagwe.
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 27 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31