bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 30
1 Samuel 30
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 31 →
1
Ga dirala e rile Dafite le banna ba gagwe ba sena go fitlha mo Sikelage ka tsatsi la boraro, Baamaleke ba ne ba tlhasetse ntlheng ya borwa le mo Sikelage, ba kgemethile Sikelage, ba o fisitse ka molelo.
2
Ba ne ba tshwere basadi le botlhe ba ba gone, bannye le bagolo; ga ba a ka ba bolaya bape, ba ba tsaya fela ba tsamaya.
3
Jalo e rile Dafite le banna ba gagwe ba tla mo motseng, bonang, wa bo o fisitswe ka molelo; basadi ba bone le bana ba bone ba basimane le ba basetsana, ba bo ba tshwerwe.
4
Foo Dafite le batho ba o nang nabo ba tsholetsa mantswe a bone ba lela, ga tsamaya ba tlhoka thata ya go tlhola ba lela.
5
Basadi ba ga Dafite boo babedi ba ne ba tshwerwe, Ahinoame wa Mojesereele le Abigaile mosadi wa ga Nabale wa Mokaremele.
6
Dafite a nna mo pitlaganong e kgolo; gonne batho ba re ba mo kgobotletsa ka maje, ka mewa ya batho e hutsafetse, mongwe le mongwe ka ga bana ba gagwe ba basimane le ba basetsana; mme Dafite ene a ithatafatsa ka Jehofa Modimo wa gagwe.
7
Dafite a raya Abiathare moperesiti morwa Ahimeleke a re: “Ke a go rapela, a ko o nteretse kwano sekhutlana.” Abiathare a isa sekhutlana gone kwa go Dafite.
8
Dafite a botsa Jehofa a re: “Fa ke latela lesomo le a ke tlaa le tshwara?” Mme a mo fetola a re: “Ba latele, gonne ruri o tlaa ba tshwara, mme o tlaa busa gotlhe go se na pelaelo.”
9
Jalo Dafite a tsamaya, ene le banna ba ba 600 ba o nang nabo, a tla mo molatswaneng wa Besore kwa ba ba tlogetsweng ba setseng gone.
10
Mme Dafite a latela, ene le banna ba le 400; gonne banna ba 200 ba ne ba setse kwa morago, ba lapile thata, ba ba ba retelelwa ke go tshela molatswana wa Besore.
11
Ba fitlhela motho wa Moegepeto mo nageng, ba mo isa kwa go Dafite ba mo naya dijo a ja; ba mo naya metsi a nwa;
12
ba mo ngathela ga papetlana ya mongoloi wa difeige, ba mo naya marose a le mabedi a ditshwabi tsa difine; e rile a sena go ja a tsitsiboga; gonne o ne a ntse a sa je dijo, le fa e le go nwa metsi ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo.
13
Dafite a mo raya a re: “O motho wa ga mang? Mme o tswa kae?” A re: “Ke lekau la Egepeto, ke motlhanka wa Moamaleke mongwe; mong wa me o ntlogetse, ka e rile maloba ka tsogelwa ke botlhoko.
14
Ra tlhasela go pota Bakerethe ntlheng ya borwa, le kwa go leng ga Juta le go pota Kalebe ntlheng ya borwa; mme ra fisa Sikelage ka molelo.”
15
Dafite a mo raya a re: “A o tlaa nkisa kwa lesomong leo?” A re: “Ikanele ka Modimo fa o se ketla o mpolaya, le fa e le go ntsenya mo seatleng sa mong wa me, mme ke tlaa go isa kwa lesomong leo.”
16
E rile a sena go mo isa, bona, ba bo ba aname le lefatshe lotlhe, ba ja, ba nwa, ba tlhapelwa, ka ntlha ya thopo e kgolo e ba ne ba e gapile mo lefatsheng la Bafilisitia, le mo lefatsheng la Juta.
17
Go simolola ka lotlatlana loo ga ya maitseboeng a ka moso Dafite a ba kgemetha; go se ka ga falola motho ope wa bone, fa e se batho ba makau ba le 400 ba ba palameng dikamela, mme ba tshaba.
18
Dafite a tsaya gape gotlhe mo Baamaleke ba ne ba go gapile; Dafite a golola basadi ba gagwe boo babedi.
19
Go ne go sa tlhokafale sepe, se sennye le fa e le se segolo, bana ba basimane le fa e le ba basetsana, le fa e le thopo, le fa e le sepe se ba ne ba se gapile; Dafite a busa gotlhe fela.
20
Dafite a tsaya matlhape le matsomane otlhe, a ba ne ba a kgweetsa fa pele ga dikgomo tse dingwe tseo, a re: “Mo ke thopo ya ga Dafite.”
21
Dafite a tla mo bathong ba ba 200 ba ba neng ba lapile ba retelelwa ke go ya le Dafite, ba ba ba sadisitseng fa molatswaneng wa Besore; mme ba tswa ba ya go kgatlhantsha Dafite, le go kgatlhantsha ba ba nang nae; ya re Dafite a atamela kwa bathong bao, a ba dumedisa.
22
Foo banna ba boikepo botlhe, le ba ba diramatla ba bone, ba ba neng ba tsamaile le Dafite, ba bua ba re: “E re ka ba se ka ba tsamaya le rona, ga re ketla re ba naya sepe sa thopo e re tswang go e busa, fa e se mongwe le mongwe mosadi wa gagwe le bana ba gagwe, gore ba ba goge ba tsamaye.”
23
Mme foo Dafite a re: “Ga lo ketla lo dira jalo bana ba ga rra, ka se Jehofa o se re neileng, ene yo o re bolokileng a ba a tsenya lesomo le le neng le re bololetse mo atleng tsa rona.
24
Mang yo o tlaa lo reetsang mo selong se? Gonne jaaka kabelo ya yo o ileng tlhabanong e ntse, kabelo ya gagwe yo o ne a setse le dithoto e tlaa nna jalo, ba tlaa abelwa ka go tshwana fela.”
25
Go simolola ka tsatsi leo go ya kwa pele ga nna jalo, a go tlhoma go nna molao, le molao o o tlhomameng mo Iseraele, nako e sa le eno.
26
E rile Dafite a tla mo Sikelege, a isa ga thopo kwa bagolwaneng ba Juta, e bong kwa ditsaleng tsa gagwe, a re: “Bonang, ke lo naya thelesetso ke eo ya thopo ya baba ba ga Jehofa.”
27
A naya bone ba ba mo Bethele, le bone ba ba mo Ramothe wa Borwa, le bone ba ba mo Jatire;
28
le bone ba ba mo Aroere, le bone ba ba mo Sifemothe, le bone ba ba mo Ešetemoa;
29
le bone ba ba mo Rakale, le bone ba ba mo metseng ya Bajerameele, le bone ba ba mo metseng ya Bakene;
30
le bone ba ba mo Horema, le bone ba ba mo Borašane, le bone ba ba mo Athake;
31
le bone ba ba mo Heberone, le bone ba mafelo otlhe kwa Dafite le banna ba gagwe ba ne ba tle ba ye gone.
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 31 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31