bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Samuel 24
1 Samuel 24
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 25 →
1
Ga dirala e rile Saule a sena go bowa kwa go latelang Bafilisitia, a bolelelwa ga twe: “Bona, Dafite o mo nageng ya Enegedi.”
2
Foo Saule a tsaya banna ba ba tlhophegileng ba Iseraele ba le 3 000, a ya go senka Dafite le banna ba gagwe mo mafikeng a a nnwang ke dipodi tsa naga.
3
A fitlha fa marakeng a dinku mo tseleng, kwa go nang le logaga gone; mme Saule a tsena gone a ya go ithoma. Jaana Dafite le banna ba gagwe ba bo ba ntse kwa tengteng ga logaga.
4
Banna ba ga Dafite ba mo raya ba re: “Bona, letsatsi le Jehofa o ne a bua nao ka ga lone ke le, a re: ‘Bona, ke tlaa tsenya mmaba wa gago mo seatleng sa gago, mme o tlaa mo direla ka fa go tlaa nnang molemo mo matlhong a gago ka gone.’ ” Foo Dafite a nanoga a kgaola lokoja lwa kobo ya ga Saule, Saule a sa itse.
5
Ga dirala ya re morago ga moo, pelo ya ga Dafite ya ikwatlhaya, ka a kgaotse lokoja lwa ga Saule.
6
Mme a raya banna ba gagwe a re: “A go se tualo fa nka direla morena wa me selo se, e le motlodiwa wa ga Jehofa, ke ka mo ntshetsa letsogo la me, ka a le motlodiwa wa ga Jehofa.”
7
Dafite a kganela banna ba gagwe ka mafoko a, a se ka a ba leseletsa go tsogela Saule. Saule a nanoga mo logageng, a tsamaya.
8
Dafite le ene a nanoga morago ga moo, a tswa mo logageng, a tlhaeletsa kwa go Saule, a re: “Morena wa me, kgosi.” E rile Saule a gadima, Dafite a inamela fa fatshe ka sefatlhogo, a ikoba.
9
Dafite a raya Saule a re: “Ana o reeletsang mafoko a batho, fa ba re: ‘Bona, Dafite o senka go go utlwisa botlhoko’?
10
Bona, gompieno matlho a gago a bonye jaaka Jehofa a ne a go tsentse mo seatleng sa me mo logageng; bangwe ba ne ba re ke go bolaye, mme leitlho la me la go rekegela; ka re: ‘Ga nketla ke ntshetsa morena wa me letsogo; gonne ke ene motlodiwa wa ga Jehofa.’
11
Gape rra, bona, ee, o bone lokoja lwa kobo ya gago mo seatleng sa me; gonne e re ka ke kgaotse lokoja lwa kobo ya gago, mme ke se ka ka go bolaya, o itse o bo o bone, fa go se na bosula le fa e le tlolo mo seatleng sa me; ga ke a go leofela, le fa o tsoma mowa wa me go tla o o tshwara.
12
A Jehofa a atlhole gare ga me le wena, a Jehofa a mpusolosetse mo go wena; seatla sa me ga se ketla se nna mo go wena.
13
Go ntse jaaka seane sa ba bogologolo se bua se re: ‘Boikepo bo tswa mo baikeping;’ mme seatla sa me ga se ketla se nna mo go wena.
14
Ana kgosi ya Iseraele e bololetse mang? O tsoma mang? A ke ntša e e suleng, a ke letsetse?
15
Ke gone a Jehofa a nne moatlhodi, a atlhole gare ga me le wena, mme a a bone, a ntshekele, a nkgolole mo seatleng sa gago.”
16
Ga dirala e rile Dafite a sena go khutla go bua mafoko ao le Saule, Saule a re: “A ke lone lentswe la gago morwaaka Dafite?” Saule a tsholetsa lentswe la gagwe, a lela.
17
A raya Dafite a re: “O siame bogolo go nna; gonne o ntiretse molemo, mme nna ke go diretse bosula.
18
O boletse gompieno jaaka o ntiretse molemo, gonne e rile ka Jehofa a ne a ntsentse mo seatleng sa gago wa se ka wa mpolaya.
19
Gonne fa monna a fitlhela mmaba wa gagwe, a o a tle a mo lese a tsamaya sentle? Ke gone Jehofa a go duele ka molemo ka ntlha ya se o se ntiretseng gompieno.
20
Jaana, ke a itse fa ka mmaanete o tlaa nna kgosi, le gore bogosi jwa Iseraele bo tlaa nitamisiwa mo seatleng sa gago.
21
Ke gone ka re, inkanele ka Jehofa, fa o se ketla o tlosa losika lwa me morago ga me, le go re ga o ketla o nyeletsa leina la me mo ntlong ya ga rre.”
22
Mme Dafite a ikanela Saule. Saule a ya gae; Dafite le banna ba gagwe ba tlhatlogela kwa felong fa go thata.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
Recommended Reading
Commentary
1 Samuel Commentaries
→
Devotional
1 Samuel Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) Study Bible
→