bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 1
Acts 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 2 →
1
Motlotlegi Theofilo: Lokwalo lwa pele ke lo kwadile ka ga tsotlhe tse Jesu o simolotseng go di dira le go ruta ka tsone,
2
go tla go fitlha mo tsatsing le o tlhatlositsweng ka lone, a sena go naya baaposetole ba o neng a ba itshenketse taolo, ka Mowa o o Boitshepo;
3
ba o bileng a ba ipontsha a tshedile, morago ga loso lwa gagwe, ka ditshupo di le dintsi, a bonala mo go bone ka lobaka lwa malatsi a a 40, a bua dilo tse e leng tsa bogosi jwa Modimo;
4
e rile ba phuthegile nae a ba laya a re, ba se ka ba tloga mo Jerusalema, mme ba lebelele polelo ya tsholofetso ya Rara, e o reng lo e utlwile mo go nna:
5
Gonne le gale Johane o ne a kolobetsa ka metsi; mme e tlaa re malatsi a ise a nne mantsi, lona lo tlaa kolobediwa ka Mowa o o Boitshepo.
6
Ke gone e rileng ba phuthegile, ba mmotsa ba re: “Morena, a o busetsa Iseraele bogosi ka baka lono?”
7
Mme a ba raya a re: “Ga se ga lona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseng mo thateng ya gagwe.
8
Mme e tlaa re Mowa o o Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa bona nonofo; lo tlaa nna basupi ba me mo Jerusalema, le mo lefatsheng lotlhe la Jutea le la Samaria, go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.”
9
E rile a sena go bua dilo tse, ba ntse ba lebile, a tlhatlosiwa; leru la mo tshola mo ponong ya bone.
10
Ya re ba sa ntse ba lebile thata kwa loaping jaaka a tsamaya, bonang, banna ba le babedi ba ema fa go bone, ba apere diaparo tse ditshweu;
11
ba ba bileng ba bua ba re: “Lona banna ba Galilea, lo emetseng lo lebile kwa loaping? Jesu yo, yo o tsholeleditsweng kwa legodimong a tswa mo go lona, o tlaa tla jalo fela jaaka lo mmonye a ya kwa legodimong.”
12
Foo ba boela Jerusalema ba tswa mo thoteng e go tweng Lotlhware, e e leng gaufi le Jerusalema, e bong mo go kanang ka loeto lwa letsatsi la Sabata.
13
E rile ba sena go goroga, ba tlhatlogela kwa ntlong e e kwa godimo, kwa ba ne ba nna teng; e bong Petere, Johane, Jakobe, Anterea, Filipo, Thomase, Baretholomea, Mathaio, Jakobe morwa Alefaio, Simone wa Moselote le Jutase morwa Jakobe.
14
Botlhe ba, ba nnela ruri ka bongwe fela jwa pelo mo thapelong, ba na le basadi, le Maria mma Jesu, le bomonnawe Jesu.
15
Ya re mo malatsing ao, Petere a ema fa gare ga bakaulengwe, mme ga bo go phuthegile bontsi jwa batho, e ka ne e le 120, mme a re:
16
“Bakaulengwe, go ne go tshwanetse gore lokwalo lo dirafale, lo Mowa o o Boitshepo o buileng ka lone gale ka molomo wa ga Dafite, wa bua ka ga Jutase, yo e neng e le mogogi wa ba ba tshwereng Jesu.
17
Gonne o ne a baletswe le rona, a ba a amogela kabelo ya gagwe mo tirelong e.”
18
Jaana motho yoo a bapala sebata sa naga ka tuelo ya boikepo jwa gagwe; mme o rile a thubanyetsega, a phanyega ka bogare, mala a gagwe a gorometsega otlhe.
19
Mo ga tla ga itsiwe ke botlhe ba ba agileng mo Jerusalema; le sebata seo sa bidiwa mo puong ya bone, ga twe, Akeledama, ke go re: “Naga ya madi a motho”.
20
“Gonne go kwadilwe mo lokwalong lwa Dipesalema ga twe: “ ‘A boago jwa gagwe bo swafadiwe, a go se nne motho ope yo o agang teng; a motho o sele a tseye tiro ya gagwe ya tebelo.’
21
“Ke gone mo bathong ba re ntseng ra nna nabo ka lobaka lotlhe, lo Morena Jesu o ntseng a nna a tsamaya mo go rona ka lone,
22
go simolola ka kolobetso ya ga Johane, go tla go fitlha mo tsatsing le o tlhatlositsweng mo go rona ka lone, ka re, mo bathong bao, a go dire le mongwe yo o tlaa nnang mosupi le rona wa go tsoga ga gagwe.”
23
Mme ba emisa ba le babedi, e bong Josefe yo o bidiwang Baresabase, yo o ne a okelediwa leina la Juseto, a na le Matiase.
24
Ba rapela ba re: “Morena yo o itseng dipelo tsa batho botlhe, supa yo o mo itshenketseng mo go ba babedi ba.
25
Gore a tle a tseye boemo jwa boaposetole mo tirelong e, jo Jutase o oleng mo go jone gore a ye kwa bonnong jwa gagwe.”
26
Ba ba laola ka bola; mme bola jwa supa Matiase; mme a balelwa mo baaposetoleng ba ba 11.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28