bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 22
Acts 22
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 23 →
1
“Bagaetsho le borara, utlwang phetolo ya me, e ke e lo direlang jaana.”
2
E rile ba utlwa fa a bua nabo ka puo ya Sehebere, ga nna tuulalo e kgolo. Mme a re:
3
“Ke Mojuta, ke tsaletswe mo Tareso wa Kilikia, ka godisiwa mo motseng ono, fa dinaong tsa ga Gamaliele, ka rutwa ka fa mokgweng o o gagametseng wa borraetsho, ke le tlhoafalo ka ga Modimo, fela jaaka lona lotlhe gompieno.
4
Ka bogisetsa Tsela e, le kwa losong, ke golega banna le basadi, ke ba isa mo matlong a kgolegelo,
5
jaaka le ene moperesiti yo mogolo a ka supa ka ga me, le lesomo lotlhe la bagolwane, ba ke bileng ka tshola mo go bone dikwalo tse ke yang ka tsone kwa bakaulengweng; ka etela kwa Damaseko, ke ya go lere ba ba teng, ke ba tlisa Jerusalema ba golegilwe, gore ba sekisiwe.
6
“Ya re ke etile, mme ke atamela Damaseko, go le motshegare, ka tshoga ka lesedi le legolo, le le tswang legodimong, le phatsima mo tikologong ya me.
7
Ka wela fa fatshe, ka utlwa lentswe le nthaya le re: ‘Saule, Saule, ana o mpogisetsang?’
8
Mme ka fetola ka re: ‘O mang Morena?’ Mme a nthaya a re: ‘Ke Jesu wa Nasaretha, yo o mmogisang.’
9
Le gale ba ke ne ke na nabo ba bona lesedi, mme ba se ka ba utlwa lentswe la yo o mpuisang.
10
Mme ka re: ‘Ke tlaa dirang, Morena?’ Mme Morena a nthaya a re: ‘Nanoga, o ye o tsene mo Damaseko; o tlaa bolelelwa teng ka ga dilo tsotlhe tse o di laoletsweng go di dira.’
11
E rile ke retelelwa ke go bona, ka ntlha ya kgalalelo ya lesedi leo, ka gogwa ka seatla ke ba ke nang nabo, mme ka fitlha mo Damaseko.
12
“Mongwe go twe Ananiase, e le motho yo o rapelang Modimo ka fa molaong, a bolelwa ka molemo ke Bajuta botlhe ba ba agileng teng,
13
a tla kwa go nna; mme ya re a eme fa go nna, a nthaya a re: ‘Mokaulengwe Saule, foufologa.’ Mme ka mo leba fela ka matlho ka lone lobaka loo.
14
Mme a re: ‘Modimo wa borraetsho o go laotse gore o itse go rata ga one, le gore o bone Mosiami, le go utlwa lentswe le le tswang mo molomong wa gagwe.
15
Gonne o tlaa nna mosupi wa gagwe mo bathong botlhe, wa se o se bonyeng, le se o se utlwileng.
16
Jaana o diegelang? Nanoga, o kolobediwe, o itlhapise dibe, ka go bitsa leina la gagwe.’
17
“Ga dirala, e rile ke boetse Jerusalema, ke sa ntse ke rapela mo tempeleng, ya ne e kete ke wela mo tsitegong ya pelo;
18
mme ka mmona a nthaya a re: ‘Itlhaganele, o tswe mo Jerusalema ka bonako, gonne ga ba ketla ba tshola tshupo ka ga me mo go wena.’
19
Ka re: ‘Morena, le bone ka bosi ba a itse fa ke ba tsentse mo kgolegelong, ka ba ka ba betsa mo matlong a thuto otlhe fela; e bong bone ba ba dumetseng mo go wena.
20
E rile madi a ga Setefane, mosupi wa gago, a tshololwa, le nna ka bo ke eme teng ke dumalanye nabo, ke bile ke tshotse dikobo tsa bone ba ba mmolaileng.’
21
A nthaya a re: ‘Tloga o tsamaye; gonne ke tlaa go romela kgakala kwa go Baditšhaba.’ ”
22
Mme ba nna ba mo reetsa go tla go fitlha mo lefokong le; foo ba tlhatlosa mantswe ba re: “A motho yo o ntseng jaana a tlosiwe mo lefatsheng, gonne ga go a tshwanela fa a ka tshela!”
23
Ya re ba thela lošalaba, ba apola dikobo, ba kubuela lorole.
24
Mong wa mephato a laola gore a isiwe mo kagong ya batlhabani, a re a lotolodiwe ka titeo, gore a tle a itse ka fa ba mo thomeleletsang jalo ka teng.
25
E rile ba sena go mo golega ka dikgole, Paulo a raya molaodi wa mophato yo o emeng fa go ene a re: “A go letleletswe go seola motho yo e leng Moroma, a bile a ise a bone tsheko?”
26
E rile molaodi wa mophato a utlwa jalo, a ya kwa go mong wa mephato, a mmolelela a re: “O a bo o re o dirang? Gonne motho yo ke Moroma.”
27
Mong wa mephato a tla, mme a mo raya a re: “Mpolelela, a o Moroma?” Mme a re: “Ee.”
28
Mong wa mephato a mo fetola a re: “Boemo joo jwa bongwana jwa motse, ke bo rekile ka madi a magolo.” Paulo a re: “Nna, ke tsetswe ke le Moroma.”
29
Foo ba ba reng ba mo lotolotsa, ba akofa ba kgaogana nae; le ene mong wa mephato a boifa, a sena go itse fa e le Moroma, le ka go bo a ne a mo golegile.
30
E rile ka moso, ka a rata go itse tlhomamo ya ka fa o bewang molato ke Bajuta ka teng, a mo golola, a laola gore ditlhogo tsa baperesiti le ba lekgotla botlhe ba phuthege, mme a folosa Paulo, a mmaya fa pele ga bone.
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 23 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28