bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 3
Acts 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 4 →
1
Jaana Petere le Johane ba tlhatlogela kwa tempeleng, ka lobaka lwa thapelo e e leng nako ya boraro ya maitseboa.
2
Mme monna mongwe yo o sa leng a nnana a sa tswa mo sebopelong sa ga mmaagwe, a bo a rwelwe, yo ba ne ba tle ba mmeye ka malatsi otlhe fa kgorong ya tempele e go tweng Bontle, gore a nne a kope ba ba tsenang mo tempeleng;
3
ya re a bona Petere le Johane, fa ba tlaa tsena mo tempeleng, a ba kopa.
4
Mme Petere a mo tlhoma matlho, a na le Johane, mme a re: “Re lebe.”
5
A ba tsepega matlho, a solofela gore o tlaa bona sengwe mo go bone.
6
Mme Petoro a re: “Selefera le gouta ga ke na natso; mme se ke nang naso sone ke a se go naya. Ka re: Mo ineng la ga Jesu Keresete wa Nasaretha, tsamaya ka dinao.”
7
A mo tshwara ka seatla se segolo a mo emisa; ka bonako dinao tsa gagwe le magwejana a gagwe tsa thatafala.
8
A tsapoga a ema, a simolola go tsamaya; mme a tsena nabo mo tempeleng a tsamaya, a tlolaka, a baka Modimo.
9
Batho botlhe ba mmona a tsamaya ka dinao, a baka Modimo.
10
Ba mo lemoga fa e le ene yo o ne a tle a nnele go kopa fa kgorong ya tempele e go tweng Bontle; mme ba tlala kgakgamalo le tseano ka ga se se mo dirafaletseng.
11
E rile jaaka a ngaparetse Petere le Johane, batho botlhe ba taboga ba ba kgobokanela mo mathuding a go tweng a ga Solomone, ba gakgametse thata.
12
E rile Petere a bona jalo, a raya batho a re: “Lona banna ba Iseraele lo gakgamaletseng ka ga monna yo? Lo tlhometseng matlho mo go rona jaaka e kete re mo tsamaisitse ka thata e e leng ya rona, kgotsa ka boitshepo jwa rona?
13
Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake le wa ga Jakobe, Modimo wa borraetsho, o galaleditse Jesu Motlhanka wa one; yo lona lo mo neetseng batho, lwa mo itatola fa pele ga sefatlhogo sa ga Pilato; jale jaaka a ne a ikaeletse go mo golola.
14
Mme lwa itatola Moitshepi le Mosiami, lwa lopa mmolai wa batho gore lo mo neelwe;
15
lwa bolaya Kgosana ya botshelo, yo Modimo o mo tsositseng mo losong; mo re leng basupi ba gone.
16
Ke ka go dumela mo ineng la gagwe, leina la gagwe le thatafaditse monna yo, yo lo mmonang lo mo itseng; ee, tumelo e e tlang ka ene e mo neile boitekanelo jo bo fedileng jo, fa pele ga lona lotlhe.
17
“Jaana, bakaulengwe, ke a itse fa lo dirile jalo ka go tlhoka go itse, jaaka le bone balaodi ba lona ba dirile.
18
Dilo tse Modimo o di supileng gale ka molomo wa baperofeti botlhe, e bong gore, Keresete wa one o tlaa bolawa, ka re, o di dirafaditse jalo.
19
Ke gone, ikwatlhayeng, lo sokologe, gore dibe tsa lona di phimolwe, gore go tlo go tle metlha ya thudiso jalo, e e tswang fa pele ga Morena;
20
le gore a rome ene Keresete yo o lo laoletsweng e bong Jesu,
21
yo legodimo le nang le go mo tshola go bo go tle go fitlha le metlha ya tsosoloso ya dilo tsotlhe, e Modimo o buileng ka ga yone ka molomo wa baperofeti ba one ba ba boitshepo, ba ba sa leng ba le yo le kwa tshimologong ya lefatshe.
22
Moše le ene o rile: ‘Morena Modimo o tlaa lo tsosetsa moperofeti, a tswa bakaulengweng ba lona, jaaka a tsositse nna; ene lo tlaa mo reetsa mo dilong tsotlhe fela tse o tlaa di buang le lona.
23
Go tlaa nna gore, motho mongwe le mongwe yo o se ketlang a reetsa moperofeti yo, o tlaa senyediwa ruri mo bathong.’
24
Ee, le baperofeti botlhe, go simolola ka Samuele, le ba ba tsileng morago, e bong botlhe ba ba buileng, le bone ba boletse ka ga metlha e.
25
Lona lo bomorwa baperofeti, le ba kgolagano e Modimo o e dirileng le borraeno, wa raya Aberahame wa re: ‘Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tlaa segofala ka losika lwa gago.’
26
E rile Modimo o sena go tsosa Motlhanka wa one, wa mo roma kwa go lona pele go lo segofatsa, ka go sokolola mongwe le mongwe wa lona mo maikepong a gagwe.”
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28