bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 18
Acts 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 19 →
1
Morago ga dilo tse Paulo a tswa mo Athene, a ya a fitlha kwa Korinthe.
2
A fitlhela Mojuta mongwe, yo go tweng Akwila, e le motho wa kwa Ponto ka fa losikeng, yo e leng gone o tswang kwa Itale, a na le Perisila mosadi wa gagwe, ka gobo Kelaudio a ne a laotse gore Bajuta botlhe ba tswe mo Roma; mme Paulo a ya kwa go bone;
3
ya re ka a le tiro nngwe fela nabo, a nna nabo, mme ba dira, gonne e ne e le badiri ba megope ya dikhai.
4
Ka Sabata mongwe le mongwe, a fetolana le batho mo ntlong ya thuto, a leka go kgona Bajuta le Bagerika.
5
E rile Silase le Timotheo ba tswa kwa Maketonia, Paulo a patelelwa ke lefoko, a supetsa Bajuta fa Jesu e le ene Keresete.
6
Mme ya re ba ikganetsa, ba kgala, a ikudubatsa kobo, a ba raya a re: “A madi a lona a nne mo ditlhogong tsa lona! Nna ke tlhapile, jaanong ke tloga ke ya kwa go Baditšhaba.”
7
A tswa teng, a ya mo ntlong ya monna mongwe go twe Tito Juseto, e le motho yo o obamelang Modimo, yo ntlo ya gagwe e tshwaraganyeng le ntlo ya thuto.
8
Mme Kerisepo, molaodi wa ntlo ya thuto, a dumela mo Moreneng, le botlhe ba ntlo ya gagwe; le Bakorinthe ba le bantsi, ya re ba utlwa, ba dumela, mme ba kolobediwa.
9
Morena a bua le Paulo bosigo ka ponatshegelo a re: “O se ka wa boifa, bua fela, o se ka wa didimala;
10
gonne ke na nao, ga go ope yo o tlaa go tlhaselang go go utlwisa botlhoko; gonne ke na le batho ba le bantsi mo motseng o.”
11
A nna teng ngwaga le dikgwedi di le thataro, a ba ruta lefoko la Modimo.
12
E rile Galio a le molaodisiwa wa Akaia, Bajuta ba tsogologela Paulo gongwe, ba mo isa kwa sennong sa tshekelo,
13
ba re: “Monna yo, o khukhela batho gore ba obamele Modimo ka fa mokgweng o o tlhabanang le molao.”
14
Mme ya re Paulo a itlhoma gore o a bua, Galio a raya Bajuta a re: “Bajuta ke lona, le gale fa e ka bo e le sengwe sa molato, le fa e le sa bolotsana, ke ne ke ka fitlhela ke tshwanetse go iphapaanya le lona;
15
mme fa e le dikgang tsa mafoko le maina le molao o e leng wa lona ka losi, a go iponele lona koo; nna ga ke na go nna moatlhodi wa dilo tseo.”
16
Mme a ba leleka mo tshekelong.
17
Botlhe ba tshwara Sosethenese, molaodi wa ntlo ya thuto, ba mmeletsa fa pele ga senno sa tshekelo. Mme Galio a se ka a re sepe ka dilo tse.
18
Paulo, o rile a sena go tlhola malatsi a le mantsi morago ga dilo tse, a sadisa bakaulengwe sentle, a tswa teng ka sekepe, a ya kwa Siria, a na le Perisila le Akwila; a bile a ipeotse tlhogo mo Kenkerea; gonne o ne a na le ikano.
19
Ba fitlha kwa Efeso, mme a ba tlogela teng; ene a tsena mo ntlong ya thuto, a nna a fetolana le Bajuta.
20
Ya re ba mo lopa gore a name a sa ntse nabo, a se ka a dumela;
21
mme ya re a sena go ba sadisa sentle, a tswa mo Efeso ka sekepe, a ba reile a re: “Fa e le go rata ga Modimo, ke tlaa ba ke boela kwano go lona.”
22
O rile kwa Kaesarea a tswa mo sekepeng a tlhatloga a ya go dumedisa phuthego, mme a itse go fologela kwa Antioke.
23
E rile a sena go fetisa lobaka teng, a tloga a tsamaya, a ya a ralala lefatshe la Galatia le la Ferugia ka thulaganyo, a kgothatsa barutwa botlhe.
24
Jaana Mojuta mongwe a tla mo Efeso, yo go tweng Apolose, e le Moalekesanteria ka fa botsalong, e le motho yo o seleta mo puong; a bile a nonofile mo dikwalong.
25
Monna yo, o kile a nna a rutwa mo tseleng ya Morena; mme ka a ne a le motho yo o mowa o tlhoafetseng, a bua a ba a ruta batho dilo tse e leng ka ga Jesu ka kelelelo, a itse kolobetso ya ga Johane e le yosi fela.
26
A simolola go bua ka pelokgale mo ntlong ya thuto. Ya re Perisila le Akwila ba mo utlwa, ba mo itseela kwa ga bone, ba mo phuthololela tsela ya Modimo ka kelelelo bogolo.
27
O rile a na le keletso ya go tlolaganyetsa kwa Akaia, bakaulengwe ba mo nametsa pelo, ba ba ba kwalela barutwa, gore ba mo tshole sentle; ya re a fitlha a thusa thata ba ba dumetseng ka tshegofatso;
28
gonne a ganetsa Bajuta, a ba sita thata, e bile e le mo ponatshegong, a supa ka dikwalo fa Jesu e le ene Keresete.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28