bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 12
Acts 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 13 →
1
Jaana e rile ka lobaka loo, kgosi Herote a ntshetsa bangwe ba phuthego mabogo a gagwe go ba utlwisa botlhoko.
2
A bolaya Jakobe mogoloa Johane ka tšhaka.
3
Ya re a bona fa go kgatlhile Bajuta, a tswelela pele, a tshwara le ene Petere. Mme malatsi ao ya bo e le a senkgwe se se sa bedisiwang.
4
Ya re a sena go mo tshwara, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, a mo laolela ditlhophana di le nne tsa batlhabani, tse di batho ba le bane gore ba mo dise; a ikaeletse gore e tlaa re Tlolaganyo e sena go feta a mo ntshetse mo bathong.
5
Petere a tswalelwa jalo mo ntlong ya kgolegelo; mme a direlwa thapelo ke phuthego ka tlhaofalo fa pele ga Modimo.
6
E rile fa Herote a tlaa tloga a mo ntsha, Petere a bo a robetse fa gare ga batlhabani ba le babedi sigong joo, a golegilwe ka diketane di le pedi, balebedi le bone ba le fa mojakong, ba disitse ntlo ya kgolegelo.
7
Mme bonang, moengele wa Morena a ema fa go ene, le lesedi la phatsima mo ntlong ya kgolegelo; a batola Petere fa lotlhakoreng, a mo tsosa, a re: “Tsoga ka bonako.” Diketane tsa wa mo mabogong a gagwe.
8
Moengele a mo raya a re: “Itlame, o rwale ditlhako.” Mme a dira jalo. A mo raya a re: “Apara kobo ya gago o ntshale morago.”
9
A tswela kwa ntle, a mo sala morago; mme a bo a sa itse fa e le ammaaruri mo go dirilweng ke moengele, a itlhoma a bona ponatshegelo fela.
10
Ya re ba sena go feta ba tebelo ya ntlha le ya bobedi, ba fitlha fa setswalong sa tshipi sa mojako o o tswelang mo motseng; mme sa ba ipulela fela ka sosi; ba tswela kwa ntle, ba feta ka mmila o mongwe, mme moengele a itse go kgaogana nae.
11
E rile Petere a sena go itharabologelwa, a re: “Jaana ke a itse fa ruri Morena a romile moengele wa gagwe go tla go nkgolola mo seatleng sa ga Herote, le mo tebelelong yotlhe ya batho ba Bajuta.”
12
Ya re a sena go akanya selo se, a ya kwa ntlong ya ga Maria, mma Johane, yo o bidiwang Mareko; mme batho ba le bantsi ba bo ba phuthegetse teng, ba rapela.
13
Ya re a kgwanyakgwanya setswalo sa kgoro, lelata lengwe, yo go tweng Rota a ya go reetsa.
14
Ya re a lemoga lentswe la ga Petere, a se ka a bula ka ntlha ya boitumelo, a tabogela mo teng, a bolela fa Petere a ema fa kgorong.
15
Mme ba mo raya ba re: “O a tsenwa.” Mme ene a tlhomamisa thata fa go ntse fela jalo. Ba re: “E tlaa bo e le moengele wa gagwe.”
16
Mme Petere a nna a kgwanyakgwanya; ya re ba sena go bula, ba mmona, ba gakgamala.
17
Ene, e rile a sena go ba gwetlha ka seatla, gore ba didimale, a ba bolelela ka fa Morena o mo ntshitseng mo ntlong ya kgolegelo ka gone. A ba raya a re: “Lo bolelele Jakobe le bakaulengwe.” Foo a tsamaya, a ya felong go sele.
18
Jaana, ya re bosa boo sa, ga nna kwalanyo e kgolo mo batlhabaning, ya go re Petere o ile kae.
19
E rile Herote a sena go mmatla, mme a sa mmone, a kolotisa balebedi, mme a laola gore ba bolawe. Mme ene a tloga mo Jutea a fologela kwa Kaesarea, a ya a diega teng.
20
Jaana o ne a kgopilwe thata ke ba Ture le Sitone; mme ba tla mo go ene ka bongwe fela jwa pelo; mme e re ka ba ntshitse Belaseto molebalebedi wa kgosi tsala ya bone, ba lopa kagiso, ka lefatshe la bone le otlwa ke lefatshe la kgosi.
21
Ya re ka letsatsi lengwe le le laotsweng, Herote a ikgabisa ka diaparo tsa segosi, mme a dula mo setulong sa bogosi, a laya batho ka puo e kgolo.
22
Batho ba thela lošalaba ba re: “Ke lentswe la modimo mongwe, ga se la motho.”
23
Ka bonako moengele wa Morena a mo itaya, ka a sa neye Modimo tlotlo; mme a jewa ke diboko, a swa.
24
Mme lefoko la Modimo la tota, la ata.
25
Barenabase le Saule ba boa kwa Jerusalema, ba sena go wetsa tirelo ya bone, ba tla le Johane yo o bileng a bidiwa Mareko.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28