bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 16
Acts 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 17 →
1
A ya go fitlha le kwa Derebe le Lusetera; mme bonang, ga bo go le morutwa mongwe teng, yo o bidiwang Timotheo, morwa mosadi wa Sejuta wa modumedi; rraagwe e le Mogerika.
2
Ene yoo a bo a bolelwa ka molemo ke bakaulengwe ba ba mo Lusetera le mo Ikonio.
3
Paulo a rata a ka bo a tsamaya nae; mme a mo tsaya a mo rupisa, ka ntlha ya Bajuta ba ba mo mafatsheng ao, gonne ba itse botlhe fa rraagwe e le Mogerika.
4
Ya re ba ntse ba eta ba tsena ka metse, ba ba neela melao go e tshegetsa, e bong e e tlhomilweng ke baaposetole le bagolwane ba ba kwa Jerusalema.
5
Diphuthego tsa kgothala mo tumelong, tsa ntsifala mo palong ka malatsi otlhe.
6
Ba ya ba ralala lefatshe la Ferugia le la Galatia, ka ba iditswe ke Mowa o o Boitshepo go bolela lefoko mo Asia;
7
e rile ba sena go fitlha bolebana le Musia, ba leka go ya go tsena kwa Bithunia; mme Mowa wa ga Jesu wa se ka wa ba leseletsa;
8
ba feta Musia, ba fologela kwa Teroase.
9
Mme Paulo a bona ponatshegelo bosigo; ga bo go eme monna wa Maketonia a mo rapela, a re: “Kgabaganyetsa kwano Maketonia, o tle go re thusa.”
10
Ya re a sena go bona ponatshegelo e, ra akofa ra senka go tswela kwa Maketonia, re ithaya, re re Modimo o re biditse, gore re ye go ba rerela Mafoko a a Molemo.
11
Ke gone ra tswa mo Teroase ka sekepe, ra siamela kwa Samotherake, mme ya re ka moso ra fitlha kwa Neapolise.
12
Ra tswa gone ra ya kwa Filipi, o e leng motse wa Maketonia, e bile e le one o mogolo wa kgaolo eo ya lefatshe, e bile e le kolone ya Seroma; mme ra tlhola malatsi mangwe mo motseng oo.
13
Ya re ka letsatsi la Sabata re tswela kwa ntle ga kgoro ya motse, fa nokeng nngwe, kwa re rileng go na le felo ga thapelelo teng, mme ra dula, ra bua le basadi ba ba phuthegetseng teng.
14
Mosadi mongwe, yo go tweng Lidia, morekisi wa dikhai tse di bohibidu jo bo mokgona, wa motse wa Thiatira, e le yo o obamelang Modimo, ene a re utlwa, mme Morena a bula pelo ya gagwe, gore a tlhokomele dilo tse di buiwang ke Paulo.
15
E rile a sena go kolobediwa, le ba ntlo ya gagwe, a re rapela a re: “Fa lo nkaile ke le boikanngo mo Moreneng, lo tle mo ntlong ya me, mme lo nne teng.” Mme a re patelela.
16
Ga dirala e rile re ya kwa felong ga thapelelo, morweetsana mongwe yo o tsenyweng ke mowa wa too, a re kgatlhantsha, e le yo o bapalelang beng ba gagwe ka go bolela dilo tsa boitseanape.
17
A sala Paulo le rona morago, a tlhomeletsa, a re: “Banna ba ke batlhanka ba Modimo wa Mogodimodimo, ba ba lo bolelelang tsela ya poloko.”
18
A nna a dira jalo ka malatsi a le mantsi. Mme Paulo ka a tshwenyega thata, a retologa, a raya mowa a re: “Ke a go laola ka leina la ga Jesu Keresete, tswa mo go ene.” Mme wa tswa fela ka lobaka loo.
19
E rile beng ba gagwe ba bona fa tsholofelo ya bone ya papadi e ile, ba tshwara Paulo le Silase, ba ba gogela kwa patlelong ya motse ya borekelo, fa pele ga balaodi.
20
Ya re ba sena go ba fitlhisa fa baatlhoding, ba re: “Banna ba e re e le Bajuta, ba tshwenya motse wa rona thata.
21
Ba simolola mekgwa e re sa letlelelwang go e amogela, le fa e le go e dira, ka re le Baroma.”
22
Bontsi jwa batho jwa ba kgwelogela mmogo; mme baatlhodi ba ba rutla dikobo, ba laola gore ba itewe ka dithupa.
23
Ya re ba sena go ba baya dithupa di le dintsi, ba ba latlhela mo ntlong ya kgolegelo, ba laya modisa wa ntlo gore a ba tshware thata.
24
Mme ene o rile a sena go laiwa jalo, a ba latlhela mo kgolegelong e e kwa teng, mme a somela dinao tsa bone mo disaneng.
25
Mme ya re bosigogare, Paulo le Silase ba bo ba rapela, ba opelela Modimo difela, mme bagolegwi ba bangwe ba ntse ba reeditse;
26
ba tshogana ka go nna thoromo e kgolo ya lefatshe, metheo ya ntlo ya kgolegelo ya ba ya tla ya reketla, le mejako yotlhe ya bulega ka bonako, le dikgole tsa botlhe tsa hunologa.
27
Modisa wa ntlo ya kgolegelo, ya re a tsosiwa mo borokong a fitlhela mejako ya ntlo ya kgolegelo e bulegile, a somola tšhaka, a re o a ipolaya, a itlhoma bagolegwi ba thobile.
28
Mme Paulo a goa ka lentswe le legolo a re: “Se ipolaye; gonne re fano rotlhe!”
29
Foo modisa wa ntlo ya kgolegelo a re dipone di tle, mme a tlolela mo teng, a wela fa pele ga Paulo le Silase, a roroma ka poifo,
30
a ba ntshetsa kwa ntle, a re: “Barena, ke tlaa dirang gore ke bolokwe?”
31
Ba re: “Dumela mo go Morena Jesu, mme o tlaa bolokwa, wena le ba ntlo ya gago.”
32
Ba bua lefoko la Morena nae le botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe.
33
A ba tsaya ka lobaka loo lwa bosigo, a tlhatswa dintho tsa bone; mme a akofa a kolobediwa, ene le ba gagwe botlhe fela.
34
A ba ise mo ntlong ya gagwe, a ba fa dijo, a itumela thata, le botlhe ba ntlo ya gagwe, ka ba dumetse mo Modimong.
35
E rile bosa bo sele, baatlhodi ba roma maotlana ba re: “Yang lo golole batho bao.”
36
Modisa wa ntlo ya kgolegelo a bolelela Paulo mafoko a bone a re: “Baatlhodi ba romile gore lo gololwe; mme ke gone, tswang lo tsamaye ka kagiso.”
37
Mme Paulo a ba raya a re: “Ba re iteetse mo ponatshegelong, re sa bone tsheko, re le banna ba re leng Baroma, ba bile ba re latlhetse mo ntlong ya kgolegelo; mme gompieno a ba re naya naga fela ka go sa itsiweng? Le bogologolo! A go tle bone ka bosi, ba re ntshetse kwa ntle.”
38
Maotlana a ya a bolelela baatlhodi mafoko a; mme ya re ba utlwa fa e le Baroma ba boifa;
39
mme ba tla ba ba rapela; e rile ba sena go ba ntshetsa kwa ntle, ba ba lopa gore ba tswe mo motseng, ba tsamaye.
40
Mme ba tswa mo ntlong ya kgolegelo, ba ya ba tsena mo ntlong ya ga Lidia; ya re ba sena go bona bakaulengwe, ba ba gomotsa, ba itse go tsamaya.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28