bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 4
Acts 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 5 →
1
Ya re ba sa ntse ba bua le batho, baperesiti le molaodi wa tempele le Basadukai ba ba kgomogela,
2
ba betilwe ke pelo, ka gobo ba ruta batho, ba bolela go tsoga ga baswi ka Jesu.
3
Ba ba tsenya diatla, ba ba latsa mo kgolegong; gonne go ne go setse go le maitseboa.
4
Mme ba bantsi ba bone ba ba utlwileng lefoko ba dumela; palo ya banna ya tloga ya nna e ka ne e le 5 000.
5
Ga dirala ya re ka moso, balaodi ba bone le bagolwane, le bakwadi ba phuthega mo Jerusalema;
6
le Anase moperesiti yo mogolo a le teng, le Kaiafase, le Johane le Alekesantere, le botlhe ba losika lwa moperesiti yo mogolo.
7
Ya re ba sena go ba emisa fa gare, ba ba botsa ba re: “Golo mo, lo go dirile ka thata efe, kgotsa ka leina lefe?”
8
Petere ka a tletse Mowa o o Boitshepo, a ba raya a re: “Lona balaodi ba batho, le bagolwane,
9
fa re bodiwa gompieno ka ga tiro e e molemo e e diretsweng monnani, ke go re, monna yo, o fodisitswe ka mokgwa o o ntseng jang;
10
a go itsiwe ke lona lotlhe le batho botlhe ba Iseraele, fa e le ka leina la ga Jesu Keresete wa Nasaretha, yo lo mmapotseng, yo Modimo o mo tsositseng mo losong; ka re, monna yo, o eme fa, fa pele ga lona a fodile, e le ka ene.
11
Ke ene lentswe le le nyaditsweng ke lona baagi, le le bileng le dirilwe la tlhogo ya kgokgotsho.
12
Ga go na poloka mo go ope o sele; le gone ga go na leina lepe le sele fa tlase ga legodimo, le batho ba le neilweng, le re nang le go bolokwa mo go lone.”
13
Jaana ya re ba bona bopelokgale jwa ga Petere le Johane, mme ba lemogile fa ba sa rutega, e le batho fela, ba gakgamala; ba ba lemoga fa ba kile ba ne ba nna le Jesu.
14
Mme e re ka ba bona motho yo o fodisitsweng a eme nabo, ba tlhoka se ba ka se buang ka ga gone.
15
Ya re ba sena go ba laola gore ba tswele kwa thoko ga phuthego, ba sala ba gakololana.
16
Ba re: “Banna ba, re tlaa ba dirang? Gonne le gale go a bonala mo bathong botlhe ba ba agileng mo Jerusalema, fa tiro e e gakgamatsang e e tumo kgolo e dirilwe ke bone; ga re ka ke ra go latola.
17
A re ba kgalemeleng gore ba se tlhole ba bua le motho ope mo ineng le, gore selo se, se se anamele mo bathong.”
18
Ba ba bitsa, ba ba laya gore ba se ka ba bua gope, le fa e le go ruta mo ineng la ga Jesu.
19
Petere le Johane ba ba fetola ba re: “E re fa go siame mo matlhong a Modimo go reetsa lona bogolo go go reetsa Modimo, a go atlhole lona;
20
gonne rona ga re na sepe fa e se go bua fela dilo tse re di bonyeng le tse re di utlwileng.”
21
Bone ya re ba sena go ba ba ba kgala, ba ba lesa, ka ba sa bone sepe sa ka fa ba ka ba betsang ka gone ka ntlha ya batho; gonne batho botlhe ba galaletsa Modimo ka ga se se dirilweng.
22
Gonne motho yo tiro e e gakgamatsang ya phodiso e dirilweng mo go ene, dinyaga tsa gagwe di ne di fetile 40.
23
Ya re ba sena go lesiwa ba tla kwa lesomong la bone, ba bolela tsotlhe tse ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba di buileng nabo.
24
Bone ya re ba utlwa, ba tlhatloseletsa mantswe a bone gongwe kwa Modimong, ba re: “Morena, wena yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle, le tsotlhe tse di mo go one;
25
yo o kileng wa bua ka Mowa o o Boitshepo, ka molomo wa ga rraetsho Dafite motlhanka wa gago, wa re: “ ‘Ana Baditšhaba ba ne ba šakgalelang, le merafe e ne e tlhatlhanyetsang dilo tsa boithamako?
26
Dikgosi tsa lefatshe tsa ipaakanya, le balaodi ba phuthega, e le go tlhabana le Morena le Motlodiwa wa gagwe.’
27
“Gonne ammaaruri, Herote le Ponto Pilato, ba na le Baditšhaba le batho ba Iseraele, ba le mo motseng o, ba ne ba phuthegetse Jesu Motlhanka wa gago yo o boitshepo, yo o ne o mo tloditse,
28
go tla ba dira sengwe le sengwe se seatla sa gago le go rata ga gago go se laotseng gale gore se dirafale.
29
Jaana Morena, bona dipopo tsa bone; mme o neye batlhanka ba gago go bua lefoko la gago ka pelokgale yotlhe fela;
30
le wena o ntse o otlolola letsogo la gago go fodisa; o mme ditshupo le dikgakgamatso di dirwe ka leina la ga Jesu Motlhanka wa gago yo o boitshepo.”
31
E rile ba sena go rapela, felo fa ba phuthegetseng teng ga reketla; mme botlhe ba tlala Mowa o o Boitshepo, mme ba nna ba bua lefoko la Modimo ka pelokgale.
32
Bontsi jwa ba ba dumetseng ba bo ba le pelo nngwe fela le mowa mongwe fela; ga bo go se ope wa bone yo o reng sepe sa dilo tse o nang natso ke sa gagwe; mme dilo tsotlhe ba ne ba di tlhakanetse.
33
Baaposetole ba supa ka ga go tsoga ga Morena Jesu, ka nonofo e kgolo; mme tshegofatso e kgolo ya nna mo go bone botlhe.
34
Le gone ga bo go se ope mo go bone yo o tlhokang, gonne botlhe ba ba nang le masimo kgotsa matlo, ba a rekisa, mme ba tlisa madi a dilo tse di rekisitsweng.
35
Ba a baya fa dinaong tsa baaposetole; mme ga abelwa mongwe le mongwe ka fa o tlhokang ka gone.
36
Mme Josefe, yo o retilweng ke baaposetole ba re Barenabase, ke go re, Morwa kgomotso, fa go phuthololwa, e le Molefi, e le motho wa lefatshe la Kupero ka go tsalwa,
37
a bo a na le tshimo, mme a e rekisa, a tlisa madi, a a baya fa dinaong tsa baaposetole.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28