bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 2
Acts 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 3 →
1
E rile letsatsi la Pentekoste le setse le fitlhile, ba bo ba le mmogo botlhe fela mo felong go le gongwe fela.
2
Ka tshoganetso ga tswa mosumo kwa legodimong, e kete wa sefefo se segolo se se tsubutlang, wa tlala ka ntlo e ba dutseng mo go yone.
3
Ga bonala mo go bone diteme tse di patologanang, e kete tsa molelo; mme wa nna mo go mongwe le mongwe wa bone.
4
Mme botlhe ba tladiwa Mowa o o Boitshepo, ba simolola go bua ka dipuo di sele, ka fa Mowa o ba neelang molomo ka teng.
5
Jaana ga bo go agile Bajuta mo Jerusalema, e le banna ba ba rapelang Modimo, ba tswa mo merafeng yotlhe fa tlase ga legodimo.
6
E rile mosumo o o utlwala, ga phuthega bontsi jwa batho, mme ba dimokana ditlhogo, ka mongwe le mongwe a utlwa ba bua ka puo ya ga gabo.
7
Ba tseana botlhe, ba gakgamala ba re: “Bonang, ba ba buang ba, a ga se Bagalilea botlhe?
8
Re utlwa jang mongwe le mongwe a bua ka puo ya ga rona e re tsaletsweng mo go yone?
9
Baparetia le Bamete le Baelame, le ba ba agileng mo Mesopotamia le mo Jutea, le mo Kapatokia, le mo Ponto, le mo Asia.
10
Le mo Ferugia, le mo Pamfilia, le mo Egepeto, le kwa dintlheng tsa Libia mo tikologong ya Kurene, le baeng ba ba tswang kwa Roma, e le Bajuta le baditšhaba ba ba ineetseng mo Sejuteng,
11
Bakerete, le Baarabia, re ba utlwa ba bua ditiro tse dikgolo tsa Modimo ka dipuo tsa garona.”
12
Ba tseana botlhe ba akabala, ba raana ba re: “Kana mo go kayang?”
13
Ba bangwe ba sotla ba re: “Ba kgotshe bojalwa jo bo serobo.”
14
Mme Petere a ema le ba ba 11, a tlhatlosa lentswe la gagwe a bua nabo a re: “Lona banna ba Jutea, le lona lotlhe ba lo agileng mo Jerusalema, a selo se se itsiwe ke lona, lo tlhwaele mafoko a me tsebe.
15
Gonne batho ba, ga ba a tagwa jaaka lo gopotse; ka e sa ntse e le nako ya 9 mo mosong;
16
selo se, ke sone se se builweng ke moperofeti Joele, a re:
17
“ ‘Go tlaa dirala mo metlheng ya bofelo, go bua Modimo, wa re: Ke tlaa gorometsa Mowa wa me mo nameng yotlhe, bomorwaa lona le bomorwadia lona ba tlaa perofesa, le makau a lona a tlaa bona diponatshegelo, le bannabagolo ba lona ba tlaa lora ditoro;
18
ee, le mo batlhankeng ba me, le mo malateng a me, ke tlaa gorometsa Mowa wa me mo metlheng eo; mme ba tlaa perofesa.
19
Ke tlaa baya dikgakgamatso kwa legodimong kwa godimo, le ditshupo mo lefatsheng kwa tlase; madi le molelo le looto lwa mosi:
20
Letsatsi le tlaa fetolwa lefifi, le kgwedi madi, letsatsi la Morena le ise le tle, e bong lone letsatsi le legolo, le le itsegeng.
21
Go tlaa dirala gore le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.’
22
“Lona banna ba Iseraele, utlwang mafoko a: Jesu wa Nasaretha, e le monna yo Modimo o lo supeditseng go itumela ga one mo go ene, ka ditiro tsa nonofo le dikgakgamatso, le ditshupo tse Modimo o di dirileng ka ene mo gare ga lona, jaaka le lona lo itse;
23
ene yoo, ka a ne a ntshitswe gale ka boikaelelo le kitsetsopele ya Modimo, lona lo mmapotse, lwa mmolaya ka diatla tsa batho ba ba ipheferileng mo molaong.
24
Yo Modimo o mo tsositseng, o sena go hunolola dithapo tsa loso, gonne go ne go retetse fa a ka tshegediwa ke lone.
25
Gonne Dafite o bua ka ga gagwe a re: “ ‘Ke ntse ka bona Morena fa pele ga sefatlhogo sa me ka metlha yotlhe; gonne o ka fa tsogong la me le legolo, gore ke se ka ka tshikinyega:
26
Ke gone pelo ya me e ne ya itumela, le loleme lwa me lwa ipela; le gone nama ya me le yone e tlaa nna mo tsholofelong.
27
Gonne ga o ketla o tlogela mowa wa me mo Bobipong le gone ga o ketla o neela Moitshepi wa gago a bona go bola.
28
O nkitsisitse ditsela tsa botshelo; o tlaa ntlatsa boitumelo ka sefatlhogo sa gago.’
29
“Bakaulengwe, nka bua le lona ke se na kotlomano ka ga Dafite, tlhogo ya lotso, gore o ne a swa a ba a fitlhwa, le sefikantswe sa gagwe re na naso le gompieno.
30
Ke gone e rileng ka e le moperofeti, a itse fa Modimo o kile wa mo ikanela gore o tlaa baya mongwe yo e leng wa loungo lwa mankopa a gagwe mo setulong sa gagwe sa bogosi;
31
ene o rile ka selo se a se bonela pele, a bua ka ga go tsoga ga Keresete a re, ga a a tlogelwa mo Bobipong, le nama ya gagwe ga e a bona go bola.
32
Jesu yo, Modimo o mo tsositse, mme rotlhe re basupi ba gone.
33
E re ka a goleditswe ke Modimo go nna ka fa tsogong le legolo la one, mme a amogetse mo go Rara lefoko la tsholofetso ka ga Mowa o o Boitshepo, o goromeditse selo se, se lo se bonang lo se utlwang.
34
Gonne Dafite ga a ka a tlhatlogela magodimong; mme ene ka esi a re: “ ‘Morena o reile Morena wa me a re: Dula ka fa tsogong la me le legolo,
35
ke tle ke tsamaye ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’
36
“Ke gone a botlhe ba ntlo ya Iseraele ba itsetse ruri, fa Modimo o mo dirile Morena le Keresete, e bong ene Jesu yo lo mmapotseng.”
37
Jaana e rile ba utlwa ba tlhabega mo pelong, ba raya Petere le baaposetole ba bangwe ba re: “Bakaulengwe, re tlaa dirang?”
38
Petere a ba raya a re: “Ikwatlhaeng, mongwe le mongwe wa lona a kolobelediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mo ineng la ga Jesu Keresete; mme lo tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo.
39
Gonne lefoko la tsholofetso le raya lona le bana ba lona, le botlhe ba ba kwa kgakala, e bong botlhe ba Morena Modimo wa rona o tlaa ba ipiletsang.”
40
A supa a ba a ba laya ka mafoko a mangwe a le mantsi a re: “Ipolokeng mo losikeng lo, lo lo sokameng.”
41
Foo ba ba amogetseng lefoko la gagwe ba kolobediwa, ba okediwa ka tsatsi leo, e ka ne e le ka batho ba le 3 000.
42
Ba nnela ruri mo thutong le mo bongwefeleng le baaposetole, le mo go ngathoganyeng senkgwe, le mo merapelong.
43
Mme poifo ya wela mewa yotlhe; dikgakgamatso le ditshupo di le dintsi tsa dirwa ke baaposetole.
44
Botlhe ba ba dumetseng ba nna mmogo, ba tlhakanela dilo tsotlhe;
45
ba rekisa dithuo tsa bone le dilwana, ba abela botlhe ka fa mongwe le mongwe o tlhokang ka teng.
46
Ba tlhomaganya malatsi ba nnetse ruri ka bongwefela jwa pelo mo tempeleng, le mo go ngathoganyeng senkgwe, mo magabone, ba ja dijo tsa bone ka boitumelo le ka pelo e e tlhophegileng.
47
Ba baka Modimo, ba bona botsalano mo bathong botlhe. Morena a ba oketsa ka go tlhomagana ga malatsi ka ba ba bolokwang.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28