bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 5
Acts 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 6 →
1
Mme monna mongwe, go twe Ananiase, a na le Safira mosadi wa gagwe, a rekisa boswa bongwe.
2
Mme a sadisa madi bontlhanngwe, mosadi le ene a itse jalo; mme a tlisa bontlhanngwe a bo baya fa dinaong tsa baaposetole.
3
Mme Petere a re: “Ananiase, ana Satane o tlaleditseng pelo ya gago gore o aketse Mowa o o Boitshepo, le go sadisa bontlhanngwe jwa madi a tshimo?
4
A e rile e sa ntse e le teng, a e ne e ntse e se ya gago? Le e sena go rekisiwa, a e ne e ntse e se mo thateng ya gago? Go ntse jang ka o gakologetswe selo se mo pelong ya gago? Ga o a aketsa batho, o akeditse Modimo.”
5
Ananiase ya re a utlwa mafoko a, a wela fa fatshe, a swa; mme poifo e kgolo ya tlela botlhe ba ba utlwileng.
6
Makau a tloga a mo phutha, a mo rwalela kwa ntle, a mo fitlha.
7
E ka ne e le lobaka lwa dinako di le tharo morago ga moo, mosadi wa gagwe a tsena, a sa itse se se dirafetseng.
8
Petere a mmotsa a re: “Mpolelela fa tshimo lo e rekisitse ka go le kalo.” Mme a re: “Ee, ka go le kalo.”
9
Petere a mo raya a re: “Go ntse jang ka lo dumalanye mmogo go leka Mowa wa Morena? Bona dinao tsa ba ba fitlhileng monna wa gago di fa mojako, mme ba tlaa go rwalela kwa ntle.”
10
Ka bonako fela a wela fa dinaong tsa gagwe, a swa; mme makau a tsena, a mo fitlhela a sule, a mo rwalela kwa ntle, a mo fitlha fa monneng wa gagwe.
11
Mme poifo e kgolo ya tlela phuthego yotlhe, le botlhe ba ba utlwileng dilo tse.
12
Ditshupo le dikgakgamatso di le dintsi tsa dirwa mo bathong ka diatla tsa baaposetole; mme ba nna mmogo botlhe mo mathuding a ga Solomone ka bongwefela jwa pelo.
13
Mme mo go ba bangwe ga bo go se motho ope yo o lekang go ikopanya nabo; le fa go ntse jalo batho bone ba ba tlotla;
14
badumedi ba oketsegela Morena bogolo, bontsi jwa banna le basadi.
15
Ba ba ba tla ba ntshetsa balwetse mo mebileng, ba ba baya mo malaong le mo masekamelong, e tle e re Petere a feta, le fa e ka bo e le moriti wa gagwe, o tshutifalele mongwe wa bone.
16
Le gone ga phuthega bontsi jo bo tswang mo metseng e e mo tikologong ya Jerusalema, ba tlisa balwetsi le ba ba tshwenngwang ke mewa e e maswe; mme ba fodisiwa botlhe.
17
Moperesiti yo mogolo a ema le botlhe ba o nang nabo, ba e leng lekoko la Basadukai, mme ba tlala lefufa,
18
ba tsenya baaposetole diatla, ba ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo ya motse.
19
Mme moengele mongwe wa Morena a bula ntlo ya kgolegelo bosigo, a ba ntshetsa kwa ntle, a re:
20
“Tsamayang, lo ye go ema lo bue le batho mo tempeleng mafoko otlhe a Botshelo jo.”
21
Ya re ba utlwa, ba tsena mo tempeleng bosigo boo sa, mme ba ruta. Moperesiti yo mogolo a tla le ba o nang nabo, ba phutha ba lekgotla le ditlhogo tsa bana ba Iseraele, mme ba roma kwa ntlong ya kgolegelo gore ba ye go tlisiwa.
22
Mme maotlana a a ileng a se ka a ba fitlhela mo ntlong ya kgolegelo; a boa, a bolela a re:
23
“Re fitlhetse ntlo ya kgolegelo e tswetswe ka tlhomamo yotlhe, le badisa ba eme fa mejakong; mme e rile re sena go bula, ra se ka ra fitlhela motho ope mo teng.”
24
Jaana ya re molaodi wa tempele le ditlhogo tsa baperesiti ba utlwa mafoko a, ba akabala thata ka ga bone gore selo se se tlaa felela kae.
25
Ga tla mongwe a ba bolelela a re: “Bonang, banna ba lo ba tsentseng mo ntlong ya kgolegelo, ba eme mo tempeleng ba ruta batho.”
26
Foo molaodi a tsamaya le maotlana, ba ba tlisa, e seng ka kgolo; gonne ba boifa batho, e se re kgotsa ba kgobotlediwa.
27
E rile ba sena go ba tlisa, ba ba baya fa pele ga lekgotla. Moperesiti yo mogolo a ba botsa a re:
28
“Re lo laile thata re re: Lo se ka lwa ruta mo ineng le; bonang, lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona, lo ikaeletse go baya molato wa madi a motho yo mo go rona.”
29
Petere le baaposetole ba fetola ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.
30
Modimo wa borraetsho o tsositse Jesu, yo lona lo mmolaileng, ka go mo pega mo setlhareng.
31
Ene yoo, Modimo o mo goleditse ka seatla sa one se segolo, gore a nne Kgosana le Mmoloki, gore a neye Iseraele boikwatlhao le boitshwarelo jwa dibe.
32
Rona re basupi ba dilo tse; le one Mowa o o Boitshepo o ntse jalo, o Modimo o o neileng bone ba ba o utlwang.”
33
Mme bone, ya re ba utlwa jalo, ba segega mo pelong, mme ba rata go ba bolaya.
34
Mme ga ema Mofarisai mongwe mo lekgotleng, go twe, Gamaliele, moruti wa molao, e le motho yo o tlotlwang ke batho botlhe, mme a laola gore baaposetole ba name ba ntsheditswe kwa ntle.
35
A sala a ba raya a re: “Lona banna ba Iseraele, lo itise ka ga batho ba, mo go se lo reng lo tloga lo se dira.
36
Gonne e rile motlha mongwe ga tsoga Theutase, a ikgantsha, a re ke motho mongwe; mme, batho bangwe e ka ne e le ba ba 400, ba ikopanya nae; mme a bolawa; le botlhe ba ba ineetseng mo go ene ba phatlaladiwa, ba nyelela.
37
Morago ga motho yo, ga tsoga Jutase wa Galilea mo motlheng wa go kwalwa maina, a itatedisa batho bangwe; le ene a swa; le batho ba ba ineetseng mo go ene ba falalediwa koo.
38
Jaana, ke a lo raya ka re: Lo ithibe mo bathong ba, lo ba lese; gonne fa kgakologelo e, kgotsa tiro e, e le ya batho, e tlaa senyega;
39
mme fa e le ya Modimo, go tlaa lo retelela go ba fenya; e ka tla ya re kgotsa lwa fitlhelwa lo bile lo tlhabana le Modimo.”
40
Ba dumalana nae; ya re ba sena go bitsa baaposetole, ba ba betsa, ba ba laya gore ba se ka ba bua mo ineng la ga Jesu, ba ba lesa ba tsamaya.
41
Foo ba tswa fa pele ga lekgotla, ba itumela ka ba kailwe tshwanelo ya go tlotlololwa ka ntlha ya Leina.
42
Ka malatsi otlhe, mo tempeleng le mo magabone, ba se ka ba bakela go ruta le go rera Jesu, fa e le Keresete.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28