bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 10
Acts 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 11 →
1
Jaana ga bo go le monna mongwe mo Kaesarea, leina la gagwe go twe Korenelio, e le molaodi wa mophato o go tweng wa Itale.
2
E le motho yo o dumelang, le yo o boifang Modimo, le ka botlhe ba ntlo ya gagwe, yo o bileng a fa batho thata, a rapela Modimo ka metlha yotlhe.
3
E rile ka lobaka lo e ka neng e le lwa nako ya boraro, ya motshegare wa maitseboa, a bona sentle ka ponatshegelo moengele wa Modimo a tsena kwa go ene, a mo raya a re: “Korenelio.”
4
Ene ya re a tsepega matlho mo go ene, ka a boifa a re: “Ke eng, Morena?” A mo raya a re: “Merapelo ya gago, le dikatso tsa gago di tlhatlogile, di ile go nna segopotso fa pele ga Modimo.
5
Jaana, roma batho kwa Jopa, ba ye go lere mongwe yo go tweng Simone, yo o okeleditsweng leina la Petere.
6
O nna mo goo rra Simone, mosugi wa matlalo, yo ntlo ya gagwe e fa lewatleng.”
7
E rile moengele yo o buileng nae a sena go tsamaya, a bitsa batlhanka ba gagwe ba le babedi, ba na le motlhabani yo o dumelang, e le wa ba ba tleng ba mo direle ka gale;
8
ya re a sena go ba bolelela gotlhe, a ba roma kwa Jopa.
9
Jaana ya re ka moso, bone ba mo loetong lwa bone, ba atametse motse, Petere a tlhatlogela kwa godimo ga ntlo a ya go rapela, e ka ne e le ka lobaka lwa nako ya 12 ya motshegare o mogolo.
10
Mme a bolawa ke tlala, a eletsa ga ja; ya re ba sa ntse ba baakanya, ya ne e kete o welwa ke tsitego ya pelo.
11
A bona legodimo le atlhamologa, le setsholo sengwe se fologa e kete letsela le legolo, le lepeleditswe ka dinaka tsoo nne, le fitlha fa fatshe.
12
Mo go lone ga bo go le dingwe tsa ditshedi tsotlhe tse di maoto mane, le dilo tse di gagabang tsa lefatshe, le dinonyane tsa loapi.
13
Mme ga tla lentswe kwa go ene la re: “Tsoga Petere; tlhaba o je.”
14
Mme Petere a re: “A go se nne jalo Morena; gonne ga ise nke ke je gope se e leng selo fela, le fa e le se se sa itshekang.”
15
Mme lentswe la ba la tla kwa go ene lwa bobedi la re: “Se Modimo o se ntlafaditseng, o se ka wa se kaya selo fela.”
16
Mme mo ga dirwa gararo, setsholo seo sa tloga sa tsholelwa kwa legodimong.
17
Ya re Petere a ntse a akabetse thata, gore ponatshegelo e o e bonyeng e ka ne e kayang, bonang banna ba ba romilweng ke Korenelio, ka ba boditse ntlo ya ga Simone, ba bo ba eme fa mojakong.
18
Ba bitsa, ba botsa gore a Simone, yo o okeleditsweng leina la Petere, a o ntse teng?
19
E rile Petere a sa ntse a akanya ponatshegelo, Mowa wa mo raya wa re: “Bona, banna ba le bararo ba a go batla.
20
Nanoga o fologe, o ye nabo o sa belaele sepe; gonne ke ba romile.”
21
Petere a fologela kwa banneng, a re: “Bonang, ke nna yo lo mmatlang; ke eng se lo se tletseng?”
22
Ba re: “Korenelio, molaodi wa mophato, e le motho yo o siameng, yo o boifang Modimo, yo o bolelwang ka molemo ke morafe wa Bajuta, o ne a tlhagisiwa ke Modimo ka moengele yo o boitshepo, gore a rome a go biletse kwa ntlong ya gagwe, gore a utlwe mafoko mo go wena.”
23
Jalo a ba raya a re, ba tsene mo teng, mme a ba latsa teng. Ya re ka moso a tsoga a bolola nabo, le bangwe ba bakaulengwe ba ba mo Jopa ba ya nae.
24
Ya re ka moso o mongwe ba tsena mo Kaesarea. Mme Korenelio a bo a ba lebeletse, a bile a phuthile ba ga gabo le ditsala tsa gagwe tse dikgolo.
25
Ga dirala ya re Petere a tsena, Korenelio a mo kgatlhantsha, a wela fa dinaong tsa gagwe, a mo obamela.
26
Mme Petere a mo kakatlolola, a re: “Ema, le nna ka nosi ke motho.”
27
Ya re a ntse a bua nae, a tsena, mme a fitlhela batho ba le bantsi ba phuthegile.
28
A ba raya a re: “Le lona ka losi lo a itse, jaaka e le mo go sa letlelelwang motho yo e leng Mojuta, fa a ka ikopanya le mongwe wa morafe o sele, le fa e le go tsena kwa go ene; le fa go ntse jalo Modimo o nkaetse gore ke se ka ka raya ope ka re, motho fela, kgotsa ka re, ga a a itsheka.
29
Ke gone e rileng ke ile go bidiwa, ka tla fela ke se na kgang. Ke a botsa ka re, lo mpileditse eng?”
30
Mme Korenelio a re: “E rile maloba ka bo ke dira thapelo ya nako ya boraro maitseboa mo ntlong ya me; mme bonang, motho a ema fa pele ga me, a le diaparo tse di galalelang.
31
A re: ‘Korenelio, thapelo ya gago e utlwilwe, le dikatso tsa gago di a gakologelwa fa pele ga Modimo.
32
Ke gone, roma kwa Jopa, o ye go bitsa Simone, yo o okeleditsweng leina la Petere; o nna mo ntlong ya ga Simone mosugi wa matlalo, fa lewatleng.’
33
Mme ka akofa ka roma kwa go wena; mme o jahile o tle. Ka re, re fano rotlhe fa pele ga Modimo, gore re utlwe dilo tsotlhe tse o di laoletsweng ke Morena.”
34
Petere a tswa molomo a bua a re: “Ammaaruri ke a lemoga fa Modimo e se motlhaodi wa batho;
35
mo merafeng yotlhe, yo o boifang one, a ba a dira tshiamo, o a lebosega mo go one.
36
Lefoko le o le rometseng bana ba Iseraele, o bolela Mafoko a a Molemo a kagiso ka Jesu Keresete – ke ene Morena wa botlhe –
37
ka re lefoko leo, le lona lo a le itse, le le boletsweng mo lefatsheng lotlhe la Jutea, go simolola kwa Galilea, morago ga kolobetso e Johane o e rerileng;
38
ke raya Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, yo o ne a nna a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba patikwang ke diabolo; gonne Modimo o ne a na nae.
39
Re basupi ba dilo tsotlhe tse o di dirileng mo lefatsheng la Bajuta le mo Jerusalema; yo ba bileng ba mmolaile ka go mo pega mo setlhareng.
40
Ene Modimo o mo tsositse ka letsatsi la boraro, mme wa mo naya gore a bonadiwe;
41
e seng mo bathong botlhe, fa e se mo basuping ba ba itshenketsweng gale ke Modimo, e bong mo go rona ba re jeleng, ra nwa nae a sena go tsoga mo baswing.
42
Mme a re laya gore re rerele batho, re supe fa yo e le ene yo o laotsweng ke Modimo, gore a nne moatlhodi wa batshedi le baswi.
43
Ke ene yo baperofeti botlhe ba supang ka ga gagwe, fa mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a tlaa bona boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe.”
44
Ya re Petere a sa ntse a bua mafoko a, Mowa o o Boitshepo wa wela botlhe ba ba utlwang lefoko.
45
Ba bogwera ba ba dumetseng, ba gakgamala thata, e bong ba ba tsileng le Petere, ka gobo neo ya Mowa o o Boitshepo e gorometditswe le mo go Baditšhaba.
46
Gonne ba ba utlwa ba bua ka dipuo di sele, ba baka Modimo.
47
Foo Petere a bua a re: “A mongwe o ka itsa metsi, gore batho ba ba se kolobediwe, ba ba amogetseng Mowa o o Boitshepo jaaka rona?”
48
Mme a laola gore ba kolobediwe mo ineng la ga Jesu Keresete. Ba mo rapela gore a tlhole malatsi mangwe teng.
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28