bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 14
Acts 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 15 →
1
Ga dirala ya re mo Ikonio, ba tsena mmogo mo ntlong ya thuto ya Bajuta, mme ba bua thata, ga ba ga tla ga dumela bontsi jo bogolo jwa Bajuta le jwa Bagerika.
2
Bajuta ba ba ganang go utlwa ba hudua dipelo tsa Baditšhaba, ba ba tlhoisa bakaulengwe.
3
Mme ba diega ka lobaka lo loleele teng, ba bua ka pelokgale mo Moreneng, Morena a supa ka ga lefoko la tshegofatso ya gagwe, a ba naya gore ditshupo le dikgakgamatso di dirwe ka diatla tsa bone.
4
Batho ba bantsi ba motse ba ne ba kgaoganye; bangwe ba tshaba le Bajuta, ba bangwe le baaposetole.
5
Ya re ba tsogelwa ke ntwa ya Baditšhaba le Bajuta, ba na le balaodi ba bone, ba re ba ya go ba gagautla mo go tlhabisang ditlhong, le go ba kgobotletsa ka maje,
6
ba ba tlhalefa, ba tshabela kwa metseng ya Lukaonia, e bong kwa Lusetera le Derebe, le kwa lefatsheng mo tikologong ya metse eo;
7
ba rera Mafoko a a Molemo teng.
8
Mo Lusetera ga bo go dutse monna mongwe yo o palelwang ke dinao, o sa le a nnana a sa tswa sebopelong sa ga maagwe, yo o iseng a ke a tsamaye gope ka dinao.
9
Ene yo, a utlwa Paulo a bua; yo e rile a tsepega matlho mo go ene, a fitlhela a na le tumelo ya go fodisiwa.
10
A bua ka lentswe le le godileng a re: “Ema ka dinao, o thokgame!” Mme a tsapoga a tsamaya ka dinao.
11
E rile matshutitshuti a batho a bona se Paulo o se dirileng, ba tlhatlosa mantswe, ba bua ka puo ya Selukaonia, ba re: “Medimo e fologetse mo go rona ka setshwano sa batho.”
12
Ba raya Barenabase leina ba re, Jupitere, Paulo ba re, Merekurio, ka e le ene mmui yo mogolo.
13
Moperesiti wa ga Jupitere, yo tempele ya gagwe e leng fa pele ga motse, a lere dikgomo le mekgabo ya ditšheše fa dikgorong tsa motse, mme a rata go isa setlhabelo le matshutitshuti a batho.
14
E rile baaposetole, Barenabase le Paulo, ba utlwa jalo, ba ikgagola diaparo, ba tlolela mo bontsing ba goa,
15
ba re: “Banna, lo direlang dilo tse? Le rona re batho ba re nang le maikutlo a a etsang a lona, re lo leretse Mafoko a a Molemo a go re, lo tlogele dilo tse tsa boithamako, lo sokologele mo Modimong o o tshedileng, o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone;
16
o e rileng mo metlheng ya ditshika tse di fetileng wa lesa ditšhaba tsa sepela mo ditseleng tse e leng tsa tsone fela.
17
Le fa go ntse jalo wa se ka wa nna fela o se na sesupo, ka o ne o ntse o dira molemo, wa lo nesetsa dipula tse di tswang mo legodimong, wa lo naya metlha ya maungo, wa tlatsa pelo tsa lona ka dijo le boitumelo.”
18
Mme le fa ba bua mafoko a a ntseng jaana, go batlile go retela go thiba batho ba bantsi, gore ba se ba isetse setlhabelo.
19
Ga goroga Bajuta ba ba tswang Antioke le Ikonio; e rile ba sena go kgona matshutitshuti a batho, ba kgobotletsa Paulo ka maje, ba mo gogela kwa ntle ga motse, ba ithaya ba re o sule.
20
Ya re barutwa ba sa ntse ba mo dikanyeditse a tsoga, a tsena mo motseng; ya re ka moso a tswa a ya le Barenabase kwa Derebe.
21
Ya re ba sena go rera Mafoko a a Molemo mo motseng oo, mme ba dirile barutwa ba le bantsi, ba boela kwa Lusetera, le kwa Ikonio le kwa Antioke.
22
Ba nitimisa mewa ya barutwa, ba ba laya, gore ba nnele ruri mo tumelong, ba re: “Re na le go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.”
23
E rile ba sena go ba laolela bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe, le go rapela, ba ithibile mo dijong, ba ba neela Morena yo ba dumetseng mo go ene.
24
Ba ralala Pisidia, ba tla ba fitlha mo Pamfilia.
25
Ya re ba sena go bolela lefoko mo Perega, ba fologela kwa Atalia;
26
mme ba tswa teng ka sekepe ba ya kwa Antioke, kwa ba kileng ba neelwa mo tshegofatsong ya Modimo teng, gore ba ye tirong e jaana ba e weditseng.
27
E rile ba sena go fitlha, ba phuthile phuthego, ba bolela dilo tsotlhe tse Modimo o di dirileng nabo, le ka fa o phunyeditseng Baditšhaba kgoro ya tumelo ka teng.
28
Mme ba diega ka lobaka lo loleele le barutwa.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28