bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 24
Acts 24
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 25 →
1
E rile malatsi a le matlhano a sena go feta, Ananiase moperesiti yo mogolo a tla, a na le bagolwane bangwe, a bile a na le mmueledi mongwe, yo go tweng Teretulo; mme ba bolelela molaodi ka ga Paulo.
2
Ya re a sena go bidiwa, Teretulo a simolola go mmaya molato, a re: “E re ka re bona kagiso e kgolo ka wena kgosi, le dilo tse di bosula di tlosediwa morafe ono ka tlamelo ya gago,
3
re a go amogela ka mekgwa yotlhe le mo mafelong otlhe ka tebogo e kgolo, Felekise Motlotlegi yo mogolo.
4
Mme gore ke se ka ka tlhola ke go lapisa, ka re, ke a go rapela gore o utlwe mafokonyana mangwe a rona, ka bopelonomi jwa gago.
5
Gonne re fitlhetse monna yo e le letshwenyo, le serukhutlhi mo Bajuteng botlhe mo lefatsheng lotlhe, e bile e le tlhogo ya lekoko la Banasaretha;
6
yo o bileng a leka go itshepolola tempele; yo re bileng ra mo tshwara; (mme ra rata re ka bo re mo sekisitse ka fa molaong wa rona.
7
Mme mong wa mephato, e bong Lusiase a tla, a mo phamola ka thata mo diatleng tsa rona.
8
A laola balatofatsi ba gagwe gore ba tle fa pele ga gago;) yo e tlaa reng fa o mo lotolotsa ka wesi, o bo o tlaa tlhaloganya dilo tse tsotlhe tse re mmayang molato ka ga tsone.”
9
Bajuta le bone ba dumalana nae mo mafokong ao, ba tlhomamisa gore dilo tseo di ntse jalo.
10
E rile molaodi a sena go mo gwetlha gore a bue, Paulo a fetola a re: “E re ka ke itse fa o ntse o le moatlhodi wa morafe o ka dinyaga di le dintsi, ke a ikarabela ka boitumelo.
11
Ka kgosi e ka tlhaloganya ka ga lobaka lo ke simolotseng go ya go obama kwa Jerusalema ka lone, fa letsatsi la gompieno e le la 12 fela.
12
Ga ba ise ba bo ba fitlhele ke ganela le ope mo tempeleng, le fa e le go tlhotlheletsa batho mo matlong a dithuto, le fa e le mo motseng.
13
Ga ba ka ke ba go tlhomamisetsa dilo tse ba mpayang molato ka ga tsone gompieno.
14
Se, ke a se go ipolela, gore, Modimo wa borraetsho, ke o direla ka fa Tseleng e bone ba e bitsang lekoko, ke ntse ke dumela dilo tsotlhe tse di ka fa molaong, le tse di kwadilweng mo baperofeting.
15
Ke na le tsholofelo mo Modimong, e le bone ba e lebeletseng, ya gore go tlaa nna tsogo ya basiami le ya basiamolodi.
16
Ke bile ke a itlwaetsa, gore ke tle ke nne le pelo e e se nang sekgopi mo Modimong le mo bathong, ka metlha yotlhe.
17
“Jaana e rile dinyaga di sena go feta di le dintsi, ka tla ke tsholetse morafe wa gaetsho dikatso le dineo.
18
Ya re mo gare ga dilo tse, ba mphitlhela mo tempeleng ke iitshekisitse, ke se mo bontsing, ke bile ke sa tsose modumo, mme ga bo go le Bajuta bangwe ba ba tswang kwa Asia teng,
19
ba ba neng ba tshwanetse ya bo ne ne ba le fa pele ga gago fa, gore ba supe molato, fa ba na le sengwe se ba nnyatsang ka sone.
20
Le fa e le banna ba, a ba bolele tshiamololo e ba e bonyeng jale, jaaka ke ne ke eme fa pele ga lekgotla,
21
fa e se lentswe le le lengwe fela, le ke le buetseng godimo ke eme mo go bone, ka re: ‘Ke sekisiwa fa pele ga lona gompieno ka ga go tsoga ba baswi.’ ”
22
Mme Felekise ka a na le kitso e e tletseng, bogolo ka ga Tsela, a ba beisa pelo, a re: “E tlaa re fa Lusiase mong wa mephato a tsile, ke tlaa atlhola kgang ya lona.”
23
Mme a laola molaodi wa mophato gore a disiwe, le gore a direlwe ka pelonomi; le gore a se ka a itsa ditsala tsa gagwe go tla go mo direla.
24
E rile malatsi mangwe a sena go feta, Felekise a tla a na le Durusila mogatse, yo e leng mosadi wa Sejuta, mme a bitsa Paulo, a mo utlwa ka ga tumelo mo go Keresete Jesu.
25
Ya re a ntse a mo ranolela ka ga tshiamo, le boikgapo, le tsheko e e tlang, Felekise a boifa thata, mme a mo fetola a re: “Gompieno o ka tsamaya, mme ke tlaa re fa ke bonye lobaka lo lo siameng ke go bitse.”
26
Le gone a solofetse gore o tlaa newa madi ke Paulo; mme a nna a mmitsa gantsi ka ntlha ya gone moo, mme a bua nae.
27
E rile dinyaga di le pedi di sena go feta, Porekio Feseto a tsena mo boemong jwa ga Felekise; mme e re ka a ne a rata go kgatlha Bajuta, Felekise a tlogela Paulo a golegilwe.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28