bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 8
Acts 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 9 →
1
Mme Saule a bo a dumelela polao ya gagwe. Ya re ka letsatsi leo fela, phuthego e e mo Jerusalema ya tsogelwa ke pogiso e kgolo, botlhe ba falalela mo mafatsheng a Jutea le Samaria, fa e se baaposetole ba le bosi fela.
2
Mme banna bangwe ba badumedi ba fitlha Setefane, mme ba mo direla selelo se segolo.
3
Saule a nna a senya phuthego, a tsena mo matlong otlhe, a swatola banna le basadi, a ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo.
4
Ya re ka mo ba ba faletseng ba tsamayatsamaya, ba eta ba rera lefoko.
5
Filipo a fologela kwa motseng wa Samaria, a ba bolelela Keresete.
6
Mme matshutitshuti a batho a ela dilo tse di bolelwang ke Filipo tlhoko ka bongwe fela jwa pelo, ba sena go utlwa le go bona ditshupo tse o di dirang.
7
Gonne mewa e e maswe ya tswa mo bathong ba le bantsi ba ba nang nayo, e goa ka mantswe a magolo; le ba bantsi ba ba teteselang le ba ba golafetseng, ba fodisiwa.
8
Ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo.
9
Ga bo go le monna mongwe go twe Simone, yo e rileng gale a bo a dira boloi mo motseng, a tseanya batho ba Samaria, a ikgantsha, a re ene ke mongwe yo mogolo.
10
Botlhe ba mo ela tlhoko, bannye le bagolo, ba re: “Monna yo ke ene nonofo ya Modimo e go tweng Kgolo.”
11
Ba mo ela tlhoko ka gobo o sa le a ba tseanya ka ditoo tsa gagwe ka lobaka lo loleele.
12
Mme e rile ba dumela Filipo, jaaka a ba rerela Mafoko a a Molemo, ka ga bogosi jwa Modimo, le ka ga leina la ga Jesu Keresete, ba kolobediwa, banna le basadi.
13
Simone le ene a dumela, mme e rile a sena go kolobediwa, a nna kwa go Filipo. O rile ka a bona ditshupo le dikgakgamatso di dirwa, a tseana thata.
14
Jaana e rile baaposetole ba ba kwa Jerusalema ba utlwa fa ba Samaria ba amogetse lefoko la Modimo, ba roma Petere le Johane kwa go bone;
15
ba e rileng ba fitlha ba ba rapelela gore ba amogele Mowa o o Boitshepo;
16
gonne o ne o ise o wele mo go ope wa bone, ba ne ba kolobeditswe mo ineng la Morena Jesu fela.
17
Foo ba ba baya diatla, mme ba amogela Mowa o o Boitshepo.
18
Jaana ya re Simone a bona fa Mowa o o Boitshepo o newa ka peo ya diatla tsa baaposetole, a ntsha madi,
19
a re: “Le nna lo nneye nonofo e, e tle e re yo ke mmayang diatla, a amogele Mowa o o Boitshepo.”
20
Mme Petere a mo raya a re: “A selefera sa gago se nyelele nao, ka gobo o gopotse fa o tlaa bona neo ya Modimo ka madi.
21
Ga o na kabelo le fa e le boswa mo tirong e, gonne pelo ya gago ga e a siama fa pele ga Modimo.
22
Ke gone, o ikwatlhaele boikepo jo, o rapele Morena, e tle e re kgotsa kgakologelo ya pelo ya gago o e itshwarelwe.
23
Gonne ke a bona fa o sa ntse o le mo santlhokweng sa botlhoko, le mo kgoleng ya boikepo.”
24
Simone a fetola a re: “Nthapelelang Morena, gore ke se ka ka tlelwa ke sepe sa dilo tse lo di buileng.”
25
Ke gone e rileng ba sena go supa le go bolela lefoko la Morena, ba boela Jerusalema, ba rera Mafoko a a Molemo mo metsaneng e le mentsi ya Basamaria.
26
Moengele wa Morena a bua le Filipo a re: “Tloga o ye kwa ntlheng ya borwa, kwa tseleng e e tswang Jerusalema e ya Gasa;” foo ke naga fela.
27
Mme a tloga a tsamaya. Mme bonang, monna mongwe wa Ethiopia, moopafadiwa, yo o taolo kgolo mo go Kantase mohumagadi kgosi ya Baethiopia, e le yo o laolang mahumo otlhe a gagwe; mme a bo a ne a ile Jerusalema go obamela Modimo teng;
28
a bile a boa, a dutse mo kareng ya gagwe, a bala mo go Isaia moperofeti.
29
Mme Mowa wa raya Filipo wa re: “Atamela o ye o kopane le kara ele.”
30
Filipo a tabogela kwa go ene, a mo utlwa a bala mo go Isaia moperofeti, mme a re: “A o tlhaloganya se o se balang?”
31
A re: “Nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkgoge?” A rapela Filipo gore a pagame a nne nae.
32
Jaana fa o ne a bala teng mo lokwalong, ke fa go reng: “O ne a gogelwa jaaka nku tlhabong; le jaaka kwanyana e didimetse fela fa pele ga mmeodi wa yone, le ene ga a tswe molomo jalo:
33
Tshiamiso ya gagwe o e tloseditswe mo go kgobaladiweng ga gagwe. Losika lwa gagwe e mang yo o tlaa lo bolelang? Gonne botshelo jwa gagwe bo tlosiwa mo lefatsheng.”
34
Moopafidiwa a raya Filipo a re: “Tswe, moperofeti o bua mo ka ga mang? A ka ga gagwe, kgotsa ka ga mongwe o sele?”
35
Filipo a tswa molomo, a simolola ka lokwalo lo, a mo rerela Jesu.
36
Ya re ba sa tswelela pele mo tseleng, ba fitlha fa metsing mangwe; mme moopafadiwa a re: “Bona, metsi ke a; ke kgorelediwa ke eng gore ke se kolobediwe?”
37
(Filipo a re: “Fa o dumela ka pelo yotlhe ya gago go ka nna jalo.” A mo fetola a re: “Ke a dumela fa Jesu Keresete e le Morwa Modimo.”)
38
Mme a laola gore kara e eme, mme ba fologela mo metsing boo babedi, ene Filipo le moopafadiwa; mme a mo kolobetsa.
39
Ya re ba tlhatloga mo metsing, Mowa wa Morena wa tlosa Filipo; mme moopafadiwa a se ka a tlhola a mmona, gonne a tswelela mo tseleng ya gagwe a itumetse.
40
Mme Filipo a fitlhelwa kwa Ašetote, ya re a ntse a ralala, a eta a rera Mafoko a a Molemo mo metseng yotlhe, a tsamaya a ya go fitlha kwa Kaesarea.
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28