bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 25
Acts 25
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 24
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 26 →
1
Ke gone, e rileng Feseto a sena go tla mo kgaolong eo ya lefatshe, mme malatsi a le mararo a sena go feta, a tswa Kaesarea a tlhatlogela kwa Jerusalema.
2
Mme ditlhogo tsa baperesiti le ditlhogo tsa Bajuta, ba mmolelela ka ga Paulo;
3
ba mo rapela, ba lopa ka ga Paulo gore a mo romele go mo lere mo Jerusalema; e le gore ba mo lalele ba mmolaye mo tseleng.
4
Mme le fa go ntse jalo Feseto a ba fetola a re: “Paulo o mo tisong kwa Kaesarea;” a ba a ikaya fa le ene a tlaa tloga a ya teng.
5
A re: “Ba e leng ba ba nang le thata mo go lona, a ba fologe le nna; mme fa go na le tshokamo nngwe mo go ene monna yo, a ba mmeye molato.”
6
E rile a sena go tlhola nabo malatsi e ka ne e le a 8, kgotsa a le some, a fologela kwa Kaesarea; ya re ka moso a feta a dula mo tshekelong, a laola gore Paulo a ye go tlisiwa.
7
Ya re a sena go tla, Bajuta, ba ba fologileng kwa Jerusalema, ba ema ba mo dikanyeditse, ba mmaya melato e le mentsi, le e e utlwisang botlhoko, e ba sa ka keng ba e tlhomamisa.
8
Mme Paulo ya re a ikarabela a re: “Go le molao wa Bajuta ga ke a o leofela gope, le fa e le tempele, le fa e le Kaesare.”
9
Feseto ene, e re ka a rata go ithatisa Bajuta, a fetola Paulo a re: “A o rata go tlhatlogela kwa Jerusalema, o ya go atlholwa fa pele ga me teng ka ga dilo tse?”
10
Mme Paulo a re: “Ke eme fa pele ga tshekelo ya ga Kaesare, fa ke tshwanetseng go atlholwa teng; Bajuta ga ke a ba siamololela, jaaka le wena o itse sentle.
11
Ke gone, fa ke le mosiamolodi, mme fa ke dirile sengwe se se tshwanetseng loso, ga ke gane go swa; mme fa go se na sepe se se leng boammaaruri, sa dilo tse batho ba ba mpayang molato ka ga tsone, ga go na motho ope yo o ka ntsenyang mo diatleng tsa bone. Ke ipiletsa Kaesare.”
12
E rile Feseto a sena go gakololana le ba lekgotla, a mo fetola a re: “O ipileditse Kaesare; o tlaa ya kwa go Kaesare.”
13
Jaana e rile malatsi mangwe a sena go feta, Ageripa kgosi a goroga mo Kaesarea, a na le Berenise, mme ba fitlha ba dumedisa Feseto.
14
Ya re ka ba tlhotse teng malatsi a le mantsi, Feseto a bolelela kgosi kgang ya ka ga Paulo a re: “Go na le monna mongwe yo o tlogetsweng ke Felekise a golegilwe;
15
yo e rileng ke le kwa Jerusalema, ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba mpolelela ka ga gagwe, mme ba lopa gore ke mo sekise.
16
Ka ba fetola ka re, ga se mokgwa wa Baroma go neela motho ope petsong, a ise a kopane le ba ba mmayang molato, mme a bona lobaka go ikarabela ka ga molato o o tshwerweng ka ga one.
17
Ke gone, e rile ba sena go phuthega mono, ga ke a ka ka diega; ya re ka moso ka dula mo sennong sa tshekelo, ka laola gore monna yo a ye go tlisiwa.
18
Yo e rileng ba ba mmayang molato ba ema, ba se ka ba supa molato ope wa dilo tse di bosula tse ke ne ke di gopotse;
19
mme ba bo ba mo nyaletsa dikgang dingwe tsa tumelo ya bone, le tsa mongwe yo go tweng Jesu, yo o suleng, yo Paulo o tlhomamisang gore o tshedile.
20
Nna, e rile ka ke akabadiwa ka fa ke ka tsenang mo dilong tse ka gone, ka mmotsa fa a ka ya Jerusalema, a ya go atlholwa gone ka ga dikgang tse.
21
Mme e rile Paulo a sena go rapela gore a letisiwe katlholo ya kgosi e kgolo Aguseto, ka laola gore a disiwe, ke tle ke tsamaye ke mo ise kwa go Kaesare.”
22
Mme Ageripa a raya Feseto a re: “Le nna ke ne nka rata go mo ikutlwela monna yo.” Mme a re: “O tlaa mo utlwa ka moso.”
23
Jalo ya re ka moso, Ageripa a sena go tla, a na le Berenise, ka boitlotlomatso jo bogolo, ba isiwa mo felong ga kutlwelo, ba na le beng ba mephato, le ditlhogo tsa motse. Mme Paulo a tlisiwa ka taolo ya ga Feseto.
24
Mme Feseto a re: “Kgosi Ageripa, le lona batho botlhe ba re nang le lona fa, lo bona monna yo, yo bontsi jotlhe jwa Bajuta ba nthapetseng ka ga gagwe, kwa Jerusalema le mono, ba bua ka thata, ba re, ga a tshwanela go tlhola a tshela.
25
Mme nna ka fitlhela a sa dira sepe se se tshwanetseng loso; mme e re ka ene a na a ipiletsa Aguseto, ka laola gore ke tlaa mo isa kwa go ene.
26
Mme ga ke na sepe sa tlhomamo se ke se kwalelang morena wa me ka ga gagwe. Ke gone ka fa ke mo tlisitseng fa pele ga lona ka gone, mme bogolo fa pele ga gago kgosi Ageripa, gore e tle e re kgotsa, morago ga totolotso, ke bo ke na le sengwe se ke ka se kwalang.
27
Ka gonne e kete ga go a siama, fa e ka re mogolegwi a isiwa, go bo go sa bolelwe le yone melato ya gagwe.”
← Chapter 24
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 26 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28