bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 27
Acts 27
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 28 →
1
E rile go sena go laolwa fa re tlaa ya kwa Itale ka sekepe, ba tsenya Paulo le bagolegwi bangwe ba sele mo seatleng sa mongwe go twe Julio, e le molaodi wa mophato o go tweng wa ga Aguseto.
2
Ra tsena mo sekepeng sengwe sa Ateramutiume, se se tlaa tlogang se leba kwa metseng ya Asia e e ikamileng lewatle; ra ineela mo lewatleng, re na le Arisetareko, e le Momaketonia wa Thesalonika.
3
Ya re ka moso ra tsena kwa Sitone; mme Julio a direla Paulo ka pelonomi, a mo lesa a ya kwa ditsaleng tsa gagwe, gore di mmabalele.
4
E rile re tloga teng, ra tsamaya re ikamile Kupero, ka ntlha ya gobo diphefo di tlhabaganye le rona.
5
E rile re sena go ralala lewatle le le lebaganyeng le Kilikia le Pamfilia, ra fitlha kwa Mira, motse wa Lukia.
6
Foo molaodi wa mophato a fitlhela sekepe sa Alekesantere se se yang kwa Itale; mme a re tsenya mo go sone.
7
E rile re sena go nna re tsamaya ka bonya ka malatsi a le mantsi, ra fitlha ka bothata bolebana le Kinito; mme e re ka phefo e sa tlhole e re leseletsa go tswelela pele, ra tsamaya re ikamile Kerete, bolebana le Salamone;
8
ya re re ntse re tsamaya re tshwere bothata re o ikamile, ra fitlha golo go twe, Dinwane Dintlhe; motse wa Lasea wa bo o le gaufi nago.
9
E rile go fetile lobaka lo lo loleele, le go eta ka sekepe go setse go boitshega; mme e re ka lobaka lwa go ithiba mo dijong lo fetile, Paulo a ba gakolola, a ba raya,
10
a re: “Banna, ke a bona fa loeto lo lwa sekepe lo tlaa dirana le molato le tshenyego, e seng mo dilwaneng le mo sekepeng go le gosi, mme le e leng mo matshelong a rona.”
11
Mme molaodi wa mophato a reetsa molaodi le mong wa sekepe bogolo go dilo tse di builweng ke Paulo.
12
E re ka senwane seo se sa lekana, gore ba ka fetisa mariga mo go sone, bontsi jwa gakolola gore ba tswele teng kwa lewatleng, e tle e re kgotsa ba leke go ya go tshwara Fenikese, mme ba fetise mariga teng, kwa go leng senwane sa Kerete, se se lebileng kwa botsheka botlhabatsatsi le kwa borwa botlhabatsatsi.
13
E rile ka phefo ya borwa e foka ka bonya, mme ba solofela gore ke gone ba bonyeng boikaelelo jwa bone, ba tloga ba tsamaya ba bapile le Kerete ba ikamile dintshi tsa lewatle.
14
Mme e re kgantele ga bo go tswa teng ledimo la phefo, le le bidiwang Eurakwilo,
15
ya re sekepe se tshwarwa, mme se retelelwa ke go tlhabagana le phefo, ra ineela fela, ra kgokgoediwa.
16
Ya re re feta fa tlase ga setlhakenyana sengwe go twe, Kauta, ra bona go phamola mokoro, mme e le ka bothata.
17
Ya re ba sena go o tsholetsa, ba leka go thusa sekepe ka go se fapa kwa tlase; mme e re ka ba boifa gore ba tlaa ya go digelwa mo Suretise, ba folosa bosaile, mme ba kgokgoediwa jalo.
18
Ya re ka re lwa thata le phefo, ya re ka moso ba simolola go ntsha dilo tse di oletsweng mo sekepeng, ba di latlhela mo lewatleng;
19
ka letsatsi la boraro ba latlhela dilwana tsa sekepe kwa ntle ka diatla tsa bone.
20
Mme ya re malatsi a feta a le mantsi re ntse re sa bone letsatsi le fa e le dinaledi, ledimo le re pitlagantse ka le le legolo, tsholofelo yotlhe ya go phela ya bo e setse e tlogile.
21
E rile ba tlhotse gantsi ba sa je, foo Paulo a ema mo gare ga bone, a re: “Banna, lo ne lo tshwanetse lwa bo lo ne lo ntheeditse lwa se ka lwa tlogela Kerete, lo tla go bona molato o, le tshenyegelo e.
22
Jaana ke a lo laya ka re, lo nametsege; gonne ga go ketla go swa ope mo go lona, fa e se sekepe se le sosi fela.
23
Gonne go letse go eme fa go nna moengele wa Modimo o ke leng wa one, le o ke o direlang,
24
a re: ‘Paulo o se ka wa boifa, o na le go ya go ema fa pele ga Kaesare; mme bona, Modimo o go neetse botlhe ba o etileng nabo mo sekepeng.’
25
Ke gone banna, nametsegang, gonne ke dumela Modimo fa go tlaa nna fela jaaka ke boleletswe.
26
“Le fa go ntse jalo re na le go latlhelwa mo setlhakeng sengwe.”
27
E rile go le bosigo jwa 14, e ka ne e le bosigogare, ka re kgarakgatshiwa mo lewatleng la Ateria, batsamaisi ba sekepe ba swaba gore, ba atametse lefatshe lengwe.
28
Mme ba lekeletsa boteng, mme ba fitlhela go le boteng jwa dikgato di le 40, mme ya re kgantele ba lekeletsa gape, ba fitlhela boteng jwa dikgato di le 30.
29
E re ka ba boifa gore kgotsa re ka tla ra latlhegela fa go mafika, ba digela ditsetsepetso di le nne ka kwa maragong ga sekepe, mme ba sala ba rapelela bosa.
30
Ya re batsamaisi ba sekepe ba rata go falola mo sekepeng, ba setse ba foloseditse mokoro mo lewatleng, ba ipata ka go re ba ya go tlhoma ditsetsepetso dingwe ka kwa pele ga sekepe.
31
Paulo a raya molaodi wa mophato le batlhabani a re: “Fa batho ba ba sa sale mo sekepeng, ga lo ka ke lwa phela.”
32
Foo batlhabani ba kgaola megala ya mokoro, ba o lesa wa wa.
33
Ya re bosa bo sa ntse boo sa, Paulo a ba rapela botlhe gore ba je, a re: “Gompieno ke letsatsi la 14 lo ntse lo lebeletse fela, lo itshokile lo le mo tlaleng, lo sa je sepe.
34
Ka re, ke a lo rapela gore lo je, gonne go tlaa lo thusa; ka ga go ketla go nyelela le fa e le thiri ya tlhogo ya mongwe wa lona.”
35
Ya re a sena go bua jalo, a tshotse senkgwe, a leboga Modimo fa pele ga bone botlhe, mme a se ngatha, a simolola go ja.
36
Foo ba nametsega botlhe; le bone ba ja.
37
Fa re le mmogo mo sekepeng, ra bo re le batho ba le 276.
38
E rile ba sena go kgora, ba fokotsa bokete jwa sekepe ka go tshololela mabele mo lewatleng.
39
E rile bosa bo sele, ba se ka ba tlhaloganya lefatshe gore ke lefe, mme ba bona senwane sengwe se se lomota lo lo papametseng, mme ba gakololana gore a ba ka kgweetsa sekepe sa ya go lo pagama.
40
Ba latlha ditsetsepetso, ba di tlogela mo lewatleng, ba hunolola megala ya dikgong tse di sokololang sekepe; mme e rile ba sena go tsharololela saile wa kwa pele kwa phefong, ba lekela kwa lomoteng.
41
Ya re ka ba wetse fa dikgatlhong tsa mawatle a le mabedi, ba isa sekepe kwa lefatsheng, mme sehuba sa sekepe sa khutlwa, sa tlhomama, marago a sone a simolola go thujwa ke bothata jwa makhubu a metsi.
42
Kgakololo ya batlhabani ya bo e le gore, a bagolegwi ba bolawe, e se re kgotsa bangwe ba bone ba tswa ka go sapa, mme ba ngwega.
43
Mme ka molaodi wa mophato a rata go boloka Paulo, a ba kganela mo boikaelelong jwa bone; a laola gore ba ba itseng go sapa ba ithabuetse mo lewatleng, ba ye go fitlha pele kwa lefatsheng,
44
le ba ba setseng, gore ba leke go falola, bangwe ka dimati, ba bangwe ka dilo tse dingwe tsa sekepe. Ga dirala gore botlhe ba falolela sentle kwa lefatsheng.
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 28 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28