bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 17
Acts 17
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 18 →
1
Jaana e rile ba sena go ralala Amfipolise le Apolonia, ba fitlha mo Thesalonika, kwa go nang le ntlo ya thuto ya Bajuta teng.
2
Paulo a tsena mo go bone jaaka tlwaelo ya gagwe, a nna a fetolana nabo ka dikwalo, ka boSabata ba le bararo.
3
A ranola, a ba rulaganyetsa gore, go ne go tshwanetse fa Keresete a tlaa swa, le go ba a tsoga mo losong, a ba a re: “Jesu yo ke mo lo bolelelang, ke ene Keresete.”
4
Bangwe ba bone ba utlwa, mme ba ikopanya le Paulo le Silase; le bontsi jo bogolo jwa Bagerika ba ba rapelang Modimo, le bahumagadi ba le bantsinyana.
5
Mme Bajuta, ka ba tlhotlhelediwa ke lefufa, ba itseela banna bangwe ba difephe, mo go ba e leng babodufadi ba ba senang molemo ope; e rile ba sena go kgobokanya batho, ba feretlha motse, ba tlhasela ntlo ya ga Jasone, ba leka go ba ntshetsha mo bathong.
6
E rile ba sa ba fitlhele, ba swabolela Jasone le bakaulengwe bangwe kwa pele ga bolaodi ba motse, ba goa ka thata ba re: “Batho ba, ba ba tshelepantseng lefatshe, le mono ba tsile.
7
Jasone o ba amogetse; mme batho ba botlhe ba tlola melao ya ga Kaesare, ka ba re go na le kgosi e nngwe ga twe, Jesu.”
8
Ya re batho le balaodi ba motse ba utlwa dilo tse, ba fuduega.
9
Ya re ba sena go lefisa Jasone le ba bangwe, ba ba lesa ba tsamaya.
10
Bakaulengwe ba akofa ba tshabisa Paulo le Silase bosigo, ba ya kwa Berea; ya re ba fitlha teng, ba tsena mo ntlong ya thuto ya Bajuta.
11
Bone ba ne ba tsalegile bogolo go ba ba kwa Thesalonika, ka ba amogetse lefoko ka pelo e e etleetsegileng, ba lotolotsa mo dikwalong ka malatsi otlhe, fa dilo tse di ntse jalo.
12
Ke gone ba le bantsi ba bone ba dumela; le bahumagadi ba ba tlotlegang ba Bagerika, le banna ba le bantsinyana.
13
E rile Bajuta ba Thesalonika ba tlhaloganya fa lefoko la Modimo le bolelwa ke Paulo le mo Berea, le gone ba ya teng, ba feretlha, ba fudua bontsintsi jwa batho.
14
Foo bakaulengwe ba akofa ba tshabisa Paulo, ba re ba mo isa kwa lewatleng; mme Silase le Timotheo ba nama ba sa setse teng.
15
Ba ba tsamaisitseng Paulo ba ya ba mo fitlhisa kwa Athene; ya re ba sena go laelediwa kwa go Silase le Timotheo, gore ba tle kwa go ene ka bonako, ba tsamaya.
16
E rile ka Paulo a sa ntse a ba nnetse mo Athene, mowa wa gagwe wa tlhotlheletsega mo teng ga gagwe, ka a bona motse o tletse medimo ya disetwa.
17
Jalo a nna a fetolana le Bajuta le batho ba ba rapelang Modimo, ba le mo ntlong ya thuto, le mo patlelong ya motse ya borekelo ka malatsi otlhe, a fetolana le ba o rakanang nabo.
18
Batlhale bangwe ba Baepikuria le Basetoike le bone ba ganetsanya nae. Mme bangwe ba re: “O ba a rata go buang mmalabadi yo?” Ba bangwe ba re: “E kete e ka nna mmoledi wa medimo e sele,” ka gobo a bolela Jesu le go tsoga ga baswi.
19
Mme ba mo tshwara, ba mo isa kwa Areopago, ba re: “Tswee, a ga re ka ke ra itse thuto e ntšha e, e o e bolelang, gore ke eng?
20
Gonne o lere dilo dingwe di sele mo ditsebeng tsa rona; mme ra re, re rata go itse dilo tse kwa di kaelang teng.”
21
Jaana Baathene botlhe le baeng ba ba jakileng teng, ba ne ba tle ba fetise lobaka lwa bone ba sa dire sepe sa bobedi, fa e se go bolela le fa e le go utlwa sengwe se seša fela.
22
Paulo a ema fa gare ga Areopago a re: “Lona banna ba Athene, ke a lemoga fa e kete lo na le tshisimogo mo dilong tsotlhe.
23
Gonne e rile ke feta, ke leba dilo tse lo di obamelang, ka fitlhela le sone sebeso sengwe, se na le sekwalo sa go re: SA MODIMO MONGWE O O SA ITSIWENG. Ke gone, se lona le se obamelang ka go tlhoka go itse, ke sone se ke se lo ranolelang.
24
Modimo o o dirileng lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, one, ka o le Morena wa legodimo, le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di agiwang ka diatla;
25
le gone ga o direlwe ke diatla tsa batho, jaaka e kete o tlhoka selo sengwe, e tswa one ka osi o naya botlhe botshelo, le mowa le dilo tsotlhe;
26
o dirile ditšhaba tsotlhe tsa batho, ba tswa mothong a le mongwe fela, go tla ba aga mo lefatsheng lotlhe, ka o tlhomamisitse metlha ya bone e e laotsweng, le melelwane ya maago a bone;
27
gore ba batle Modimo, e tle e re kgotsa ba o apaape, ba o bone, le fa o se kgakala le mongwe le mongwe wa rona;
28
gonne mo go one re a tshela, mo go one re a tshikinyega, re leyo ka one; jaaka le bangwe bantshi ba dipina ba lona ba buile ba re: ‘Gonne le rona re losika lwa one.’
29
Ke gone e re ka re le lotsalo lwa Modimo, ga re a tshwanela go gopola fa o e leng Modimo tota o ka tshwana le gouta, le fa e le selefera, le fa e le lentswe le le setilweng ka botswerere le maano a motho.
30
Ke gone, metlha ya botlhoka kitso, Modimo o ne wa e tlhokomologa; mme gompieno o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaye ka ntlha tsotlhe,
31
ka o tlhomile letsatsi le o tlaa atlholang lefatshe ka lone ka tshiamo, ka monna yo o mo laotseng; mo, o go tlhomamiseditse batho botlhe ka o mo tsositse mo baswing.”
32
Jaana ya re ba utlwa ka ga go tsoga ga baswi, bangwe ba sotla; ba bangwe ba re: “Re tlaa ba re go utlwa gape ka ga moo.”
33
Paulo a tswa mo go bone jalo.
34
Banna bangwe ba mo ngaparela, ba dumela; Dionisio wa Moareopago le ene a le mo go bone, le mosadi mongwe yo o bidiwang Damarise, le ba bangwe nabo.
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28