bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 11
Acts 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 12 →
1
Jaana baaposetole le bakaulengwe ba ba mo Jutea, ba utlwa fa Baditšhaba le bone ba amogetse lefoko la Modimo.
2
Mme e rile Petere a sena go tlhatlogela kwa Jerusalema, ba e leng ba bogwera ba ganela nae, ba re:
3
“O ile wa tsena mo banneng ba ba sa rupang, wa ja nabo.”
4
Mme Petere a simolola a ba phuthololela tiro e ka thulaganyo:
5
A re: “Ke ne ke le mo motseng wa Jopa ke rapela; mme ya re ke le mo tsitegong ya pelo ka bona ponatshegelo; setsholo sengwe sa fologa e kete letsela le legolo, le lepeleditswe mo legodimong ka dinaka tsoo nne; la tla fela fa go nna.
6
Le re rileng ke sena go le tsepega matlho, ka akanya, ka bona ditshedi tse di maoto mane tsa lefatshe, le ditshedi tsa naga, le tse di gagabang, le dinonyane tsa loapi.
7
Le gone ka utlwa lentswe le nthaya le re: ‘Tsoga Petere; tlhaba o je.’
8
Ka re: ‘A go se nne jalo, Morena; gonne ga go ise go ke go tsene sepe se e leng selo fela, le se se sa itshekang mo ganong la me gope.’
9
Mme lentswe la mphetola lwa bobedi le tswa legodimong, la re: ‘Se Modimo o se ntlafaditseng, o se ka wa se kaya selo fela.’
10
Golo mo, ga dirwa gararo; mme gotlhe ga ba ga gogelwa kwa legodimong.
11
Bonang, ka bonako ga ema banna ba le bararo fa pele ga ntlo e re mo go yone, ba romilwe kwa go nna ba tswa kwa Kaesarea.
12
Mowa wa nthaya wa re, ke ye nabo, ke sa tlhaole ope. Le bakaulengwe ba barataro ba, ba mpata, mme ra ya ra tsena mo ntlong ya monna yo.
13
Mme a re bolelela ka fa o bonyeng moengele a eme mo ntlong ya gagwe ka teng, a mo raya a re: ‘Roma kwa Jopa, o ye go lere Simone, yo o bidiwang Petere;
14
yo o tlaa buang nao mafoko a o tlaa bolokwang ka one, wena le botlhe ba ntlo ya gago.’
15
E rile ke simolola go bua fela, Mowa o o Boitshepo wa ba wela fela jaaka rona mo tshimologong.
16
Mme ka gakologelwa lefoko la Morena, jaaka a rile: ‘Le gale Johane o kolobeditse ka metsi; mme lona lo tlaa kolobediwa ka Mowa o o Boitshepo.’
17
Ke gone e re fa Modimo o ba neile neo e e etsang e o e re neileng le rona, jale ka re dumela mo go Morena Jesu Keresete, ka bo ke le mang, fa nka ganela le Modimo?”
18
Ya re ba utlwa dilo tse, ba didimala fela, mme ba baka Modimo, ba re: “Jalo Baditšhaba le bone Modimo o ba neile boikwatlhao jwa go bona botshelo.”
19
Ba ba faladitsweng jale ka pitlagano e e tsogileng ka ga Setefane, ba ya ba fitlha kwa Fenikia, kwa Kupero, le kwa Antioke, ba sa bue le ope lefoko fa e se Bajuta ba le bosi fela.
20
Mme ga bo go le bangwe ba bone, e le banna ba Kupero le Kurene, ba e rileng ba tsile mo Antioke, ba bua le Bagerika le bone, ba ba rerela Morena Jesu.
21
Mme seatla sa Morena sa nna nabo, mme batho ba le bantsi thata ba ba dumetseng ba sokologela mo Moreneng.
22
Tumedi ya bone ya fitlha ya utlwala mo phuthegong e e kwa Jerusalema, mme ba ntsha Barenabase ba mo roma kwa Antioke,
23
yo e rileng a fitlha, mme a bona tshegofatso ya Modimo, a itumela; mme a ba gakolola botlhe, gore ba ngaparele Morena ka tlhomamo ya pelo;
24
gonne e ne e le monna yo o molemo, a tletse Mowa o o Boitshepo le tumelo. Mme batho ba le bantsi ba oketsegela Morena.
25
Mme a tswelela kwa Tareso, a ya go batla Saule;
26
ya re a sena go mmona, a tla nae mo Antioke. Ga dirala gore ga feta ngwaga o o tletseng ba ntse ba phuthegile le phuthego; mme ba ruta batho ba le bantsi; le gone barutwa ba simologile ba bidiwa Bakeresete lwa ntlha mo Antioke.
27
Ya re mo metlheng eo ga tswa baperofeti kwa Jerusalema ba tla mo Antioke.
28
Ga ema mongwe wa bone, go twe Agabuse, mme a kaya ka Mowa fa go tlaa nna leuba le legolo mo lefatsheng lotlhe; le le bileng la dirafala mo motlheng wa ga Kelaudio.
29
Barutwa, mongwe le mongwe ka fa nonofong ya gagwe, ba ikaelela gore go isiwe thuso kwa bakaulengweng ba ba agileng kwa Jutea;
30
mo ba bileng ba go dira, ba e isa kwa bagolwaneng ka diatla tsa ga Barenabase le Saule.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28