bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 20
Acts 20
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 21 →
1
E rile magawegawe a sena go khutla, Paulo a bitsa barutwa, a ba laya, a ba sadisa sentle, mme a bolola a ya kwa Maketonia.
2
Ya re a sena go ralala mafatshe ao, le go ba laya thata, a ya a fitlha kwa lefatsheng la Gerika.
3
Ya re a sena go nna dikgwedi di le tharo teng, mme e re ka Bajuta ba mo rera ka ditogamaano, jaaka a tlaa tloga a ya Siria ka sekepe, foo a bona mogopolo o sele wa go boa ka tsela ya Maketonia.
4
Go ya go fitlha kwa Asia, a patwa ke Sopatere wa Berea, morwa Pureho; le Arisetareko le Sekunto e le Bathesalonika; le Gaio wa Derebe, le Timotheo; le Tukiko le Terofimo e le ba Asia.
5
Ba, ba ne ba fetetse kwa pele, mme ba bo ba re letile kwa Teroase,
6
mme ra tswa mo Filipi ka sekepe morago ga malatsi a senkgwe se se sa bedisiwang, ra ya go fitlha kwa go bone kwa Teroase ka go tsamaya malatsi a le matlhano; mme ra tlhola teng malatsi a supa.
7
Ya re ka letsatsi la ntlha la beke, ka re phuthegetse go ngathoganya senkgwe, Paulo a nna a bua nabo, a ikaeletse go tsoga a tsamaya ka moso; a gololela puo ya gagwe go ya bosigogare.
8
Ga bo go le dipone di le dintsi mo ntlong e e fa godimo, e re phuthegetseng mo go yone.
9
Ga bo go dutse mo seiponeng lekau lengwe go twe Eutiko, a fentswe ke boroko jo bogolo; mme ya re ka Paulo a sa ntse a buele pele, ka a fentswe ke boroko, a wela fa fatshe a tswa kwa ntlong ya boraro e e kwa godimo, mme a tsholediwa a sule.
10
Mme Paulo a fologa, a mo wela godimo, a mo tlamparela, a re: “Lo se ka lwa tsosa modumo; gonne mowa wa gagwe o mo go ene.”
11
Ya re a sena go tlhatloga, mme a ngatlhogantse senkgwe, e bile a jele, a bile a buile nabo ka boleele, bosigo jwa ba jwa tla jwa sa, jalo a tloga a tsamaya.
12
Mme ba tlisa mosimane a tshedile, mme ba gomotsega thata.
13
Rona, e re ka re ne re fetetse pele kwa sekepeng, ra ya kwa Asoso ka sekepe, re ikaeletse gore re tlaa tsaya Paulo teng; gonne o ne a laotse jalo, ka ene a ikaeletse go tla a potologa le tsela ya lefatshe.
14
E rile re rakana nae kwa Asoso, ra mo tsholela mo sekepeng, mme ra ya go fitlha kwa Mitulene.
15
Ra tswa foo ka sekepe, mme ka moso ra fitlha bolebana le Kiose; ka moso o mongwe ra ama Samose, ka moso o mongwe gape ra fitlha kwa Mileto.
16
Gonne Paulo a ne a laotse gore re fete Efeso ka sekepe, gore a tle a se ka a bona tiego mo lefatsheng la Asia; ka a itlhaganela, e tle e re kgotsa a bone go nna kwa Jerusalema ka tsatsi la Pentekoste, fa go ka nna jalo.
17
A le kwa Mileto a roma kwa Efeso, a ya go bitsa bagolwane ba phuthego.
18
E rile ba sena go fitlha kwa go ene, a ba raya a re: “Lona ka losi lo a itse ka fa ke ntseng ka nna mo go lona ka teng ka metlha yotlhe, go simolola ka letsatsi la ntlha le ke gorogileng ka lone mo lefatsheng la Asia.
19
Ke direla Morena ka boikokobetso jotlhe jwa pelo, le ka dikeledi, le ka diteko tse di nkwetseng ka ditogamaano tsa Bajuta;
20
ka fa ke se kang ka boifa ka teng go lo bolelela sengwe le sengwe se se molemo, ke ruta mo ponong, le ka go nna ke tsamaya le matlo.
21
Ke supetsa Bajuta le Bagerika tlhabologelo Modimong, le tumelo mo go Morena wa rona Jesu Keresete.
22
Jaana bonang, ke etela kwa Jerusalema, ke pitlaganye mo moweng, ke sa itse dilo tse di tlaa nkwelang teng;
23
fa e se gore, Mowa o o Boitshepo o nkaela mo motseng mongwe le mongwe gore dikgole le dipitlagano di ntuletse.
24
Mme botshelo jwa me ga ke bo kaye sepe, gore e kete ke bo rata thata, e le gore ke tle ke wetse sebaka sa me sa tshiamelo, le tirelo e ke e amogetseng mo go Morena Jesu, ya go supa Mafoko a a Molemo a tshegofatsho ya Modimo.
25
“Jaana bonang, ke a itse gore lona lotlhe ba ke ntseng ka nna ka tsamaya mo go lona ke rera bogosi, ga lo ketla lo tlhola lo bona sefatlhogo sa me gope.
26
Ke gone, ke supa mo go lona gompieno ka ga batho botlhe, fa ke se na molato mo mading a bone.
27
Gonne ga ke a ka ka boifa go lo bolelela kgakololo yotlhe ya Modimo.
28
Lo itise, lo bo lo dise letsomane lotlhe, le Mowa o o Boitshepo o lo dirileng baokami ba lone, gore lo otle phuthego ya Modimo e o e rekileng ka madi a one.
29
Ke a itse fa e tlaa re ke sena go tsamaya, go tlaa tsena mo go lona diphiri tse di setlhogo, tse di sa rekegeleng letsomane;
30
le mo go lona ka losi, go tlaa tsoga banna ba ba buang dilo tse di sokameng, go tla ba itshadisa barutwa morago.
31
Ke gone disang, lo ntse lo gakologelwa fa e kile ya re ka lobaka lwa dinyaga di le tharo, ka nna ka lo gakolola lotlhe ka dikeledi, bosigo le motshegare.
32
“Jaana ke lo neela Modimo, ke lo neela lefoko la tshegofatso ya one, le le nonofileng go lo agelela, le go lo naya boswa mo go botlhe ba ba itshepisitsweng.
33
Ga ke a ka ka eletsa selefera sa ope, le fa e le gouta, le fa e le diaparo.
34
Lona ka losi lo a itse fa diatla tse di diretse go tlhoka ga me, le go tlhoka ga ba ke ne ke na nabo.
35
Ka lo beela sekao mo dilong tsotlhe, sa ka fa lo tshwanetseng go thusa ba ba bokoa ka teng, ka go dira mo go ntseng jalo, le go gakologelwa mafoko a Morena Jesu, ka fa ene ka esi o buileng ka teng a re: ‘Ga aba go lesego bogolo go go amogela.’ ”
36
E rile a sena go bua jalo, a khubama, a rapela nabo botlhe.
37
Mme ba lela botlhe mo go botlhoko, ba wela mo thamong ya ga Paulo, ba mo atla.
38
Ba hutsafadiwa bogolo ke lefoko le o le buileng a re, ga ba ketla ba tlhola ba mmona sefatlhogo gope. Mme ba mmuledisa ba mo fitlhisa kwa sekepeng.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28