bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 9
Acts 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 10 →
1
Saulo ka a ntse a ubugela barutwa ba Morena popo le polao, a ya kwa moperesiting yo mogolo,
2
a mo lopa dikwalo tse o tlaa yang ka tsone kwa matlong a thuto a a kwa Damaseko, gore e tle e re fa a ka fitlhela bangwe ba e leng ba yone Tsela, e le banna, kgotsa basadi, a ba golege, a ba tlise Jerusalema.
3
Ya re a etile, ga dirala a atamela Damaseko, mme a tshogana ka lesedi le le tswang legodimong le phatsima mo tikologong ya gagwe.
4
A wela fa fatshe, a ba a utlwa lentswe le mo raya le re: “Saule, Saule, o mpogisetsang?”
5
Mme a re: “O mang Morena?” Mme a re: “Ke nna Jesu yo o mmogisang;
6
mme nanoga o ye o tsene mo motseng, mme o tlaa bolelelwa se o nang le go se dira.”
7
Banna ba o etileng nabo, ba ema ba tuuletse fela, ba utlwa lentswe, mme ba sa bone motho ope.
8
Saule a tsoga fa fatshe; mme ya re a buduloga matlho a bo a sa bone; ba mo goga ka letsogo, ba mo isa mo Damaseko.
9
A tlhola malatsi a le mararo a sa bone, a bile a sa je, le fa e le go nwa.
10
Jaana ga bo go le morutwa mongwe mo Damaseko, yo go tweng Ananiase. Morena a bua nae ka ponatshegelo a re: “Ananiase.” Mme a re: “Bona, ke fano Morena.”
11
Morena a mo raya a re: “Tloga o ye kwa mmileng o go tweng Tolamo, kwa ntlong ya ga Jutase. O botse go re a mongwe o teng yo o bidiwang Saule, monna wa Tareso; gonne bona, o a rapela.
12
O bonye monna yo go tweng Ananiase a tsena, a mmaya diatla gore a foufologe.”
13
Mme Ananiase a fetola a re: “Morena, ke utlwile ka ga monna yo, ka batho ba le bantsi, bosula jo bo kanakana jo o bo diretseng baitshepi ba gago kwa Jerusalema.
14
Le mono o na le taolo e e tswang ditlhogong tsa baperesiti, gore a golege botlhe ba ba bitsang leina la gago.”
15
Mme Morena a mo raya a re: “Tsamaya, gonne ene ke sejana sa me se se tlhaotsweng, gore a rwalele leina la me fa pele ga Baditšhaba, le dikgosi, le bana ba Iseraele;
16
gonne ke tlaa mo supetsa bontsi jwa dilo tse o tlaa di bogelang leina la me.”
17
Ananiase a tsamaya, a ya a tsena mo ntlong; ya re a sena go mmaya diatla a re: “Mokaulengwe Saule, Morena, e bong Jesu, yo o bonetseng go wena mo tseleng e o tsileng ka yone, o nthomile, gore o tle o foufologe, le gore o tladiwe Mowa o o Boitshepo.”
18
Ka bonako ga wa dilo e kete makape mo matlhong a gagwe, mme a foufologa; a nanoga a kolobediwa;
19
a ya a thatafala. A tlhola malatsi mangwe le barutwa ba ba mo Damaseko.
20
A akofa a bolela Jesu mo matlong a thuto a re: “Ke ene Morwa Modimo.”
21
Botlhe ba ba mo utlwang ba gakgamala ba re: “Yo, a ga se ene yo o rileng kwa Jerusalema a senyaka ba ba bitsang leina le? O ne a bile a tsile mono ka gone moo, gore a ba golege a ba ise fa pele ga ditlhogo tsa baperesiti.”
22
Saule a tota bogolo mo nonofong, a silofatsa Bajuta ba ba agileng mo Damaseko, a tlhomamisa fa yo e le Keresete.
23
E rile malatsi a sena go feta a le mantsi, Bajuta ba gakololana gore ba mmolaye.
24
Morero wa bone wa tla wa itsiwe ke Saule. Le gone ba disa dikgoro tsa motse motshegare le bosigo gore ba mmolaye;
25
mme barutwa ba gagwe ba mo tsaya bosigo, ba mo folosa ka fa lorakong, ba mo lepeletsa ka seroto.
26
O rile a fitlha kwa Jerusalema, a leka go ikopanya le barutwa; mme ba mmoifa botlhe, ba sa dumele fa e le morutwa.
27
Barenabase a mo tsaya a mo isa kwa baaposetoleng, a ba bolelela ka fa o bonyeng Morena mo tseleng ka teng, a ba a bua nae, le ka fa o rerileng ka pelokgale ka teng mo ineng la ga Jesu kwa Damaseko.
28
Mme a nna a tsamayatsamaya nabo mo Jerusalema, a rera ka pelokgale mo ineng la Morena,
29
a bua, a ba a ganela le Bajuta ba Segerika. Bone ba tsamayatsamaya ba senka go mmolaya.
30
E rile bakaulengwe ba lemoga, ba mo falosetsa kwa Kaesarea, mme ba mo isa kwa Tareso.
31
Jalo phuthego yotlhe e e mo lefatsheng lotlhe la Jutea, le Galilea, le Samaria, ya bona kagiso, ka go tshosolosiwa; mme e re ka e sepela mo poifong ya Morena, le mo kgomotsong ya Mowa o o Boitshepo, ya kokotlegela.
32
Ga dirala ya re Petere a ntse a ralala ntlheng tsotlhe, a fologela le kwa baitsheping ba ba agileng kwa Lita.
33
Foo a fitlhela monna mongwe yo go tweng, Enease, yo o sa leng a nna mo bolaong ka dinyaga tse di 8; gonne a tshwerwe ke teteselo.
34
Petere a mo raya a re: “Enease, Jesu Keresete o a go fodisa; tsoga o baakanye bolao jwa gago.” Ka bonako a tsoga.
35
Botlhe ba ba agileng mo Lita le mo Sharone ba mmona, mme ba sokologela mo Moreneng.
36
Jaana ga bo go le morutwa mongwe kwa Jopa go twe, Tabitha; ke go re fa go phuthololwa, Dorekase; mosadi yo, o ne a tletse ditiro tse di molemo, le dikatso tse o di dirang.
37
Ga dirala ya re ka malatsi ao, a tsogelwa ke bolwetsi, mme a swa; ba re ba sena go mo tlhapisa, ba mmaya mo ntlonyaneng e e kwa godimo.
38
Mme e re ka Lita o le gaufi le Jopa, ba utlwa fa Petere a leng teng, barutwa ba roma banna ba le babedi, ba ya go mo rapela go re: “O se ka wa re nyafalela go tla.”
39
Petere a nanoga a ya nabo. E rile a fitlhile, ba mo isa mo ntlonyaneng e e kwa godimo. Basadi ba batlholagadi botlhe ba bo ba eme fa go ene, ba lela, ba supa dikobo le diaparo tse Dorekase o di dirileng a sa ntse a na nabo.
40
Petere a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a sala, a khubama, a rapela; mme a retologela kwa setotong, a re: “Tabitha, tsoga.” Mme a budulola matlho; ya re a bona Petere a rapamologa.
41
A mo neela seatla, a mo kakatlolola; ya re a sena go bitsa baitshepi le batlholagadi, a ba mo neela a tshedile.
42
Mme ga itsiwe mo motseng otlhe wa Jopa; mme batho ba le bantsi ba dumela mo Moreneng.
43
Ga dirala a tlhola malatsi a le mantsi mo Jopa, mo go mongwe go twe Simone, mosugi wa matlalo.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28