bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Acts 23
Acts 23
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 24 →
1
Paulo a tsepega matlho mo go ba lekgotla a re: “Bagaetsho, ke ntse ka nna ka tshela ka pelo e e molemo fa pele ga Modimo, nako e sa ntse e le eno.”
2
Ananiase moperesiti yo mogolo a laola ba ba emeng fa go ene, gore ba mo iteye fa molomong.
3
Foo Paulo a mo raya a re: “Modimo o tlaa go itaya, wena yo o leng lomota lo lo takilweng! Wena yo o reng o nnetse go nkatlhola ka fa molaong, a o bile o tlola molao ka go laola gore ke itewe?”
4
Ba ba emeng teng ba re: “A o kgala moperesiti yo mogolo wa Modimo?”
5
Paulo a re: “Bagaetsho, ke ne ke sa itse fa e le moperesiti yo mogolo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘O se ka wa bua bosula ka ga molaodi wa batho ba gago.’ ”
6
E rile ka Paulo a lemoga fa bontlhanngwe jwa bone e le Basadukai, mme bontlha e nngwe e le Bafarisai, a buela godimo mo lekgotleng a re: “Bagaetsho, ke Mofarisai, ke ngwana wa Bafarisai, ke sekisiwa ka ga tsholofelo le go tsoga ga baswi.”
7
Ya re a sena go bua jalo, ga tsoga kgang gare ga Bafarisai le Basadukai, mme phuthego ya kgaogana.
8
Gonne Basadukai ba re, ga go na go tsoga ga baswi, ga go na moengele le fa e le mowa, mme Bafarisai ba dumetse fa dilo tse tsotlhe di le teng.
9
Ga tsoga kgang e kgolo, bakwadi ba lekoko la Bafarisai ba ema, ba ganela ba re: “Ga re bone bosula bope mo mothong yo; fa mowa mongwe o buile nae, kgotsa moengele, re tlaa reng?”
10
E rile go tsoga lekabakaba le legolo, mongwe wa mephato a boifa gore Paulo o tlaa gagolwa ke bone, mme a laola gore batlhabani ba fologe, ba ye go mo tlosa ka thata mo go bone, ba mo lere mo kagong ya batlhabani.
11
Ya re mo bosigong jwa letsatsi leo, Morena a ema fa go ene, a re: “Nametsega; gonne jaaka o supile ka ga me mo Jerusalema, o na le go supa jalo le kwa Roma.”
12
E rile bosa bo sele, Bajuta ba ikgolaganya mmogo, ba ba ba ikgolega ka khutsakano gore ga ba ketla ba ja le fa e le go nwa ba ise ba bolaye Paulo pele.
13
Ba ba dirileng morero oo, ba bo ba feta 40.
14
Mme ba ya kwa ditlhogong tsa baperesiti le bagolwane, ba re: “Re ikgolagantse ka khutsakano e kgolo gore ga re ketla re isa sepe mo ganong re ise re bolaye Paulo pele.
15
Jaana, ra re, lona, le ba lekgotla, a ko lo reye mong wa mephato lo re, a mo folosetse kwa go lona, jaaka e kete lo rata go tlhotlhomisa thata bogolo mo tirong ya gagwe; mme rona re iketleeditse go mmolaya a ise a ba a tle fa gaufi.”
16
Mme ngwana wa ga kgaitsadia Paulo a utlwa ka ga talelo ya bone, mme a feta a tsena mo kagong ya batlhabani, a bolelela Paulo.
17
Paulo a bitsa mongwe wa balaodi ba mephato, a re: “Isa lekau le kwa go mong wa mephato; gonne o na le sengwe go se mmolelela.”
18
Jalo a mo tsaya, a mo isa kwa go mong wa mephato a re: “Paulo wa mogolegwi o mpiditse a ntopa gore ke lere lekau le kwano go wena, a re o na le sengwe go se go bolelela.”
19
Mong wa mephato a mo tsaya ka seatla, a ya fa thoko, a mmotsa mo sephiring, a re: “Ke eng se o nang le go se mpolelela?”
20
Mme a re: “Bajuta ba dumalanye go go lopa gore, e tle e re ka moso o folosetse Paulo kwa lekgotleng, jaaka e kete o rata go tlhotlhomisa bogolo ka ga gagwe.
21
Ke gone o se ka wa ba dumela, gonne go na le batho ba bone ba ba fetang 40, ba ba mo laletseng, e le ba ba ikgolagantseng ka khutsakano gore ga ba ketla ba ja le fa e le go nwa ba ise ba mmolaye pele; le gompieno ba iketleeditse, ba lebeletse lefoko la tlhomamiso mo go wena.”
22
Jalo mong wa mephato a lesa lekau la tsamaya, a le laya a re: “O se ka wa bolelela ope fa o ntshebeditse dilo tse.”
23
Mme a bitsa baolaodi ba le babedi ba mephato, a ba raya a re: “Baakanyang batlhabani ba le 200, le bapagami ba dipitse ba le 70, le ba marumo ba le 200, gore ba ye Kaesarea ka nako ya 9 ya bosigo.”
24
A laola gore ba baakanye tse di pagangwang, tse Paulo o tlaa pagamisiwang mo go tsone, gore ba mo ise sentle kwa go molaodi Felekise.
25
A kwala lokwalo lo lo ntseng jaana a re:
26
“Ke nna Kelaodi Lusiase; ke dumedisa Felekise molaodi yo o tlotlegang segolo, ka re:
27
Monna yo, o ne a tshwerwe ke Bajuta, mme a batla go bolawa ke bone; mme ka ya mo go bone ke na le batlhabani, ka mo falodisa, ka ke utlwile fa e le Moroma.
28
E re ka ke ne ke rata go itse ka fa ba mmayang molato ka teng, ka mo folosetsa kwa lekgotleng la bone;
29
mme ka fitlhela a bewa molato ka ga mafoko mangwe a molao wa bone, mme a sa bewe molato wa sepe se se tshwanetseng loso, le fa e le kgolego.
30
E rile ke sena go bolelelwa fa go tlaa nna morero ka ga monna yo, ka akofa ka mo romela koo go wena; ka ba ka laola ba ba mmayang molato, gore ba ye go bua ka ga gagwe fa pele ga gago.”
31
Jalo batlhabani ba dira jaaka ba laotswe, ba tsaya Paulo, ba mo isa kwa Antipateri go le bosigo.
32
Ya re ka moso ba tlogela bapagami ba dipitse gore ba sale ba mo isa, mme ba boela kwa kagong ya batlhabani.
33
Bone, ya re ba sena go fitlha kwa Kaesarea, ba naya molaodi lokwalo, ba baya le ene Paulo fa pele ga gagwe.
34
Ya re a sena go lo bala, a botsa gore ke wa kgaolo efe ya lefatshe; ya re a sena go tlhaloganya fa e le wa Kilikia,
35
a re: “Ke tlaa utlwa mafoko a gago, ba ba go bayang molato le bone ba sena go tla.” Mme a laola gore a disiwe a le mo ntlong ya bogosi, ya ga Herote.
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 24 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28